LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w12 10/1 ts. 4-5
  • Ke Eng fa Bonweenwee bo Tswelela bo le Teng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Eng fa Bonweenwee bo Tswelela bo le Teng?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bonweenwee bo Tla Fela!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Tsholofetso ya Lefatshe le le Senang Tsietso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ke Ka Ntlha Yang Fa Re Tsofala Re bo Re Swa?
    Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
  • Ke Eng Fa go Na le Tlolomolao e e Kanakana?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
w12 10/1 ts. 4-5

Ke Eng fa Bonweenwee bo Tswelela bo le Teng?

‘Motho o laotse motho yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.’—MORERI 8:9.

MAFOKO ao a tlhalosa sentle hisitori ya puso ya batho. Puso eo e ne ya bakela batho pogo le matshwenyego a mantsi. Mo hisitoring yotlhe ya batho, batho ba ba nang le maitlhomo a a siameng ba ba neng ba leka go tlhoma mokgatlho o o nang le tshiamiso, gantsi maiteko a bone a ne a itaya sefololetse ka go bo ba ne ba tlhotlhelediwa ke bogagaru le bonweenwee. Seo se bakwa ke eng? Ke ka ntlha yang fa bonweenwee bo tswelela? Re ka re ke ka ntlha ya tlhotlheletso e e sa siamang ya dilo tse tharo tse di latelang.

1. Tlhotlheletso ya boleo.

Baebele e tlhalosa sentle gore “botlhe ba ka fa tlase ga boleo.” (Baroma 3:9) Fela jaaka bolwetse jo bo sa foleng jo bo ruilweng, boleo bo ‘agile’ kgotsa bo ‘nna’ mo teng ga rona. Ka dikete tsa dingwaga, boleo bo nnile jwa “busa” batho jaaka kgosi. “Molao” wa jone o tswelela o dira mo go rona. Tshekamelo ya boleo e dira gore batho ba dire gore dilo tse ba di batlang di tle pele kgotsa ba dira gore matshelo a bone a ikaege ka go bona dikhumo kgotsa taolo ka go utlwisa batho ba bangwe botlhoko.—Baroma 5:21; 7:17, 20, 23, 25.

2. Tlhotlheletso ya lefatshe le le bosula le re tshelang mo go lone.

Lefatshe la rona le tletse bogagaru le bopelotshetlha. Mo maemong a a ntseng jalo, batho ba bangwe ba fitlhela go le thata go dira se se farologaneng le se batho ba bangwe ba se dirang. E re ka ba laolwa ke keletso ya bopelotshetlha ba batla go nna le taolo. Gape ba na le keletso e e maatla ya go nna le madi le dithoto tse di oketsegileng—tse tota ba sa di tlhokeng. Se se utlwisang botlhoko ke gore ba iketleeleditse go bona dilo tseo ka boferefere. Go na le gore batho bao ba lwantshe tlhotlheletso e e sa siamang, ba “sala mmudubudu morago ka boikaelelo jwa go dira bosula.”—Ekesodo 23:2.

3. Tlhotlheletso ya ga Satane Diabolo.

Satane, sebopiwa sa moya sa setsuolodi, se ‘tsietsa lefatshe lotlhe le le nang le banni.’ (Tshenolo 12:9) O itumelela go laola batho. Ka boferefere a ka dirisa keletso ya tlholego ya gore motho a batle botshelo jo bo botoka le go nna le dilo tse a di tlhokang gore motho a felele a dira dilo ka boferefere.

A seo se raya gore re ntse jaaka bompopi ba ba laolwang ka megala mo diatleng tsa ga Satane—re patelesega go dira se a batlang gore re se dire? Re tla bona lebaka la seo mo setlhogong se se latelang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela