LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w13 2/1 ts. 3
  • Moshe E ne E le Mang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Moshe E ne E le Mang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Moshe—Kafa Botshelo Jwa Gagwe bo go Amang ka Teng
    Tsogang!—2004
  • Jesu Keresete E ne E le Moperofeti yo o Tshwanang le Moshe ka Tsela Efe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Go Ithuta Ditsela Tsa ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Setlhare se se Tukang
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
w13 2/1 ts. 3

SETLHOGO SE SE KA FA NTLE: SE RE SE ITHUTANG MO GO MOSHE

Moshe E ne E le Mang?

O akanya ka eng fa o utlwa leina Moshe? A o akanya ka . . .

  • lesea le mmaalone a ileng a le fitlha mo serotong kwa Nokeng ya Nile?

  • mosimane yo o godisitsweng ke morwadia Faro mo manobonobong a Egepeto—mme a ise a ko a lebale gore ke Mojuda?

  • monna yo e neng e le modisa kwa Midiana ka dingwaga di le 40?

  • monna yo o neng a bua le Jehofaa fa pele ga setlhatsana se se shang?

  • monna yo o neng a lebana le kgosi ya Egepeto, mme ka bopelokgale a kopa gore Baiseraele ba gololwe mo bokgobeng

  • monna yo—ka kaelo ya Modimo—a ileng a itsise ka Dipetso di le Lesome tse di neng di tla wela Egepeto fa kgosi ya teng e ne e gana go ikobela Modimo wa boammaaruri?

  • monna yo o neng a eteletse Baiseraele pele mo khudugong e kgolo go tswa Egepeto?

  • monna yo o neng a dirisiwa go kgaoganya Lewatle le Lehibidu?

  • monna yo o neng a naya Baiseraele Melao e e Lesome e e tswang kwa Modimong?

MOSHE o ne a lebana le dilo tseno tsotlhe le tse dingwe. Ga go gakgamatse go bo monna yono yo o ikanyegang a tlotliwa thata ke Bakeresete, Bajuda le Bamoseleme!

Ga go pelaelo gore Moshe e ne e le moporofeti yo o neng a bontsha “poitshego e kgolo.” (Duteronome 34:10-12) O ne a letla Modimo gore a mo dirise. Le fa go ntse jalo, Moshe e ne e le motho yo o tlwaelegileng. Fela jaaka moporofeti Elija—yo o neng a tlhaga a eme fa thoko ga Moshe mo ponatshegelong ka nako ya bodiredi jwa ga Jesu mo lefatsheng—Moshe e ne e le motho “yo o nang le maikutlo a a tshwanang le a rona.” (Jakobe 5:17; Mathaio 17:1-9) Moshe o ne a lebana le mathata a mantsi a re lebanang le one, mme o ne a kgona go a fenya ka katlego.

A o ka rata go itse gore o dirile seo jang? Ela tlhoko dinonofo tse tharo tse Moshe a ileng a di bontsha le gore rona re ka ithuta eng mo sekaong sa gagwe.

a Jehofa ke leina la Modimo le le mo Baebeleng.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela