LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w13 5/1 ts. 15
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Modimo o Tla Intshwarela?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Modimo yo o ‘Ikemiseditseng go Itshwarela’
    Atamalana le Jehofa
  • Fa Modimo a Itshwarela, A o A Lebala?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Jehofa, Modimo yo o ‘Iketleeditseng go Itshwarela’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
w13 5/1 ts. 15

DIKARABO TSA DIPOTSO TSA BAEBELE

A re ka itshwarelwa maleo?

Ga go thata go dira gore Modimo a re amogele

Go ya ka Baebele, batho botlhe ke baleofi. Re ruile boleo go tswa mo mothong wa ntlha e bong Adame. Ka jalo, ka dinako tse dingwe re dira dilo tse di bosula mme moragonyana re bo re di ikwatlhaela. Morwa Modimo, Jesu Keresete, o ne a duelela maleo a rona ka go re swela. Setlhabelo sa gagwe sa thekololo se dirile gore re kgone go itshwarelwa. Ke mpho e e tswang kwa Modimong.—Bala Baroma 3:23, 24.

Batho bangwe ba ile ba dira maleo a a masisi mme ba ipotsa gore a Modimo a ka ba itshwarela. Se se itumedisang ke gore, Lefoko la Modimo la re: “Madi a ga Jesu Morwawe a re phepafatsa mo boleong jotlhe.” (1 Johane 1:7) Jehofa o iketleeditse go itshwarela le e leng maleo a a masisi fa fela re bontsha gore ruri re a ikwatlhaya.—Bala Isaia 1:18.

Re tshwanetse go dira eng gore re itshwarelwe?

Fa re batla gore Jehofa Modimo a re itshwarele, re tshwanetse go ithuta ka ene—go tlhaloganya ditsela tsa gagwe, kgakololo ya gagwe le dilo tse a batlang re di dira. (Johane 17:3) Jehofa o itshwarela ka bopelotsweu batho ba ba ikwatlhaelang ditiro tsa bone tse di sa siamang e bile ba leka go fetoga.—Bala Ditiro 3:19.

Ga go thata go dira gore Modimo a re amogele. Jehofa o tlhaloganya makoa a rona. O kutlwelobotlhoko e bile o pelonomi. A bopelonomi jwa gagwe jwa lorato ga bo dire gore o batle go ithuta mo go oketsegileng kafa o ka mo itumedisang ka teng?—Bala Pesalema 103:13, 14.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela