LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w13 7/15 ts. 26
  • Leloko le Lesha la Setlhopha se se Laolang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Leloko le Lesha la Setlhopha se se Laolang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Maloko a Masha a Setlhopha se se Laolang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Maloko a Masha a Setlhopha se se Laolang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Leloko le Lesha la Setlhopha se se Laolang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • Pokano E e Sa Lebalesegeng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
w13 7/15 ts. 26

Leloko le Lesha la Setlhopha se se Laolang

Ka Laboraro mo mosong, Lwetse 5, 2012 maloko a lelapa la Bethele ya kwa United States le ya kwa Canada a ne a itsisiwe gore go na le leloko le lesha la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa. Go simolola ka Lwetse 1, 2012, Mark Sanderson o ne a nna leloko la Setlhopha se se Laolang.

Mokaulengwe Sanderson o goletse kwa San Diego, California kwa U.S.A., a godisiwa ke batsadi ba Bakeresete, mme o ne a kolobediwa ka Tlhakole 9, 1975. O ne a simolola go nna mmulatsela kwa Saskatchewan, kwa Canada, ka Lwetse 1, 1983. Ka Sedimonthole 1990, o ne a aloga mo tlelaseng ya bosupa ya Sekolo sa Thapiso sa Bodiredi (se gone jaanong se bidiwang Sekolo sa Baebele sa Bakaulengwe Ba ba Sa Nyalang) kwa United States. Mokaulengwe Sanderson o ne a tlhomiwa go direla e le mmulatsela yo o kgethegileng kwa setlhaketlhakeng sa Newfoundland, kwa Canada, ka Moranang 1991. Fa a sena go direla e le mothusi wa molebedi wa potologo, o ne a kopiwa go ya go direla kwa Bethele ya kwa Canada ka Tlhakole 1997. Ka Ngwanatsele 2000, o ne a isiwa kwa lekaleng la kwa United States, kwa a neng a direla gone mo Lefapheng la Tirelo ya Tshedimosetso ka ga Dikokelo mme moragonyana a direla mo Lefapheng la Tirelo.

Ka Lwetse 2008, Mokaulengwe Sanderson o ne a nna gone mo Sekolong sa Maloko a Komiti ya Lekala mme morago ga foo o ne a tlhomiwa go nna leloko la Komiti ya Lekala kwa Philippines. Ka Lwetse 2010, o ne a kopiwa go boela kwa United States, kwa a neng a direla gone e le mothusi mo Komiting ya Tirelo ya Setlhopha se se Laolang.

Maloko a Setlhopha se se Laolang a Gone Jaanong

Mola o o kwa morago, go tswa kwa molemeng go ya kwa mojeng: D. H. Splane, A. Morris III, D. M. Sanderson, G. W. Jackson, M. S. Lett. Mola o o fa pele, go tswa kwa molemeng go ya kwa mojeng: S. F. Herd, G. Lösch, G. H. Pierce. Maloko otlhe a Setlhopha se se Laolang ke Bakeresete ba ba tloditsweng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela