LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w19 January ts. 31
  • Leloko le Lesha la Setlhopha se se Laolang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Leloko le Lesha la Setlhopha se se Laolang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Leloko le Lesha la Setlhopha se se Laolang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Maloko a Masha a Setlhopha se se Laolang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Maloko a Masha a Setlhopha se se Laolang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Maloko a Masha a Setlhopha se se Laolang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
w19 January ts. 31
Kenneth le Jamie Cook

Kenneth E. Cook, Jr. le mosadi wa gagwe Jamie

Leloko le Lesha la Setlhopha se se Laolang

KA Laboraro, January 24, 2018, go ile ga dirwa kitsiso e e kgethegileng kwa lelapeng la bethele ya kwa United States le Canada. Malapa ao a Bethele a ile a itsisiwe gore Mokaulengwe Kenneth Cook Jr. o tlhomilwe go nna leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa.

Mokaulengwe Cook o goletse kwa Pennsylvania kwa U.S.A. O simolotse go ithuta Baebele le moithutikaene pele a fetsa sekolo mme a kolobediwa ka June 7, 1980. O nnile mmulatsela wa ka metlha ka September 1, 1982 mme ka October 12, 1984, a lalediwa go ya go direla kwa Bethele ya Wallkill kwa New York.

Mokaulengwe Cook o feditse dingwaga tse 25 a direla mo lefapheng la go gatisa le mo ofising ya Bethele. O ile a nyala Jamie ka 1996 mme le ene a lalediwa go tla go direla kwa Bethele. Ka December 2009, Mokaulengwe le Kgaitsadi Cook ba ile ba isiwa kwa Lefelo la Thuto la Watchtower le le kwa Patterson, New York mme Mokaulengwe Cook o ile a newa kabelo ya go direla mo lefapheng le le arabang dipotso tsa babadi. Moragonyana Mokaulengwe le Kgaitsadi Cook ba ile ba kopiwa go boela kwa dikagong tse di kwa Wallkill mme ka April 2016, ba ile ba isiwa kwa Brooklyn, New York. Morago ga dikgwedi tse tlhano, ba ile ba fudugela kwa ntlokgolong ya lefatshe lotlhe e e kwa Warwick, New York. Ka January 2017, Mokaulengwe Cook o ile a tlhomiwa go nna mothusi mo Komiting ya Bakwadi ya Setlhopha se se Laolang.

Gone jaanong go na le bakaulengwe ba ba tloditsweng ba le robedi mo Setlhopheng se se Laolang:

K. E. Cook, Jr.; S. F. Herd; G. W. Jackson; M. S. Lett; G. Lösch; A. Morris III; D. M. Sanderson; D. H. Splane

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela