LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w13 11/1 ts. 16
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • A Bakeresete Botlhe ba ba Ikanyegang ba ya Kwa Legodimong?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • A Batho Botlhe ba ba Siameng Ba ya Kwa Legodimong?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Bogosi Jwa Modimo ke Eng?
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
w13 11/1 ts. 16

DIKARABO TSA DIPOTSO TSA BAEBELE

Ke bomang ba ba tla yang kwa legodimong, mme ka ntlha yang?

Batho ba le dimilione ba solofetse go ya kwa legodimong. Jesu o ne a re baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang ba tla ya go tshela koo. Pele ga a swa, o ne a solofetsa gore o tla ba baakanyetsa manno kwa go Rraagwe yo o kwa legodimong.—Bala Johane 14:2.

Ke ka ntlha yang fa go tla bo go tsosiwa batho ba ba tswang mo lefatsheng gore ba ye go tshela kwa legodimong? Ba tla ya go dira eng koo? Jesu o ne a raya baaposetoloi ba gagwe a re ba tla nna dikgosi. Ba tla busa lefatshe.—Bala Luke 22:28-30; Tshenolo 5:10.

A batho botlhe ba ba siameng ba ya kwa legodimong?

Mo dinageng di le dintsi, ke batho ba le mmalwa fela ba ba busang. E re ka Jesu a tsosa batho go ya go tshela kwa legodimong gore ba buse lefatshe, re ka lebelela gore ba ba tlhophilweng bao e nne ba le mmalwa fela. (Luke 12:32) Baebele e re bolelela gore ke batho ba le kae ba ba tla busang le Jesu.—Bala Tshenolo 14:1.

Jesu o baakanyeditse bangwe ba balatedi ba gagwe manno kwa legodimong. A o itse gore ba ile go dira eng koo?

Batho ba ba yang kwa legodimong ga se bone fela ba ba tla duelwang. Batho ba ba ikanyegang ba ba tla bong ba le ka fa tlase ga Bogosi jwa ga Jesu ba tla itumelela botshelo jo bo sa feleng mo lefatsheng la paradaise le le tsosolositsweng. (Johane 3:16) Ba bangwe ba tla tsena mo Paradaiseng ka go falola fa go senngwa ga lefatshe leno le le boikepo. Ba bangwe batla tsena mo go yone ka go tsosiwa mo baswing.—Bala Pesalema 37:29; Johane 5:28, 29.

Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng bona kgaolo 8 ya buka eno, Totatota Baebele e Ruta Eng?, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa

O ka itseela yone mo www.jw.org/tn

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela