LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w15 11/1 ts. 16
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Baswi ba Tla Tsoga!
    Baebele e re Ruta Eng?
  • Tsogo ke Eng?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
w15 11/1 ts. 16

DIKARABO TSA DIPOTSO TSA BAEBELE

A baswi ba tla tshela gape?

Batho ba amogela ba ba tsositsweng kwa Paradaiseng

Ke boammaaruri gore Mmopi wa botshelo a ka dira gore re tshele gape

Jehofa Modimo ke Motswedi wa botshelo. (Pesalema 36:9) Ka jalo, a ga go utlwale gore Modimo a ka kgona go tsosa baswi? Baebele e re tlhomamisetsa gore o tla dira sone seo mo nakong e e tlang. (Bala Ditiro 24:15) Mme goreng a tlile go dira jalo?

Mmopi wa rona o ne a ikaeletse gore batho ba tshelele ruri mo lefatsheng. (Genesise 1:31; 2:15-17) O sa ntse a batla gore batho ba tshelele ruri. O utlwisiwa botlhoko ke go bona gore re lebana le eng gompieno—matshelo a a tletseng bohutsana le a a makhutshwane.—Bala Jobe 14:1, 14, 15.

Batho ba ba tla tsosiwang ba tla tshela kae?

A Modimo o bopetse batho go tshela kwa legodimong? Nnyaa. Modimo o bopetse baengele gore ba tshele kwa legodimong. O bopetse batho gore ba tshele mo lefatsheng. (Genesise 1:28; Jobe 38:4, 7) O ntse o akantse ka seo, akanya ka batho ba Jesu a neng a ba tsosa. O ne a ba tsosa gore ba tshele mo lefatsheng. Ka tsela e e tshwanang, bontsi jwa batho ba ba tla tsosiwang mo nakong e e tlang ba tla tshela mo lefatsheng.—Bala Johane 5:28, 29; 11:44.

Le fa go ntse jalo, Modimo o tlhophile batho ba le mmalwa ba ba tsosediwang go ya go tshela kwa legodimong ka mebele ya moya. (Luke 12:32; 1 Bakorintha 15:49, 50) Ba ba tsosiwang gore ba ye go tshela kwa legodimong ba tla busa lefatshe le Keresete e le dikgosi.—Bala Tshenolo 5:9, 10.

Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 7 ya buka eno ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa

Gape e gone mo www.jw.org/tn

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela