LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w14 1/1 ts. 4-5
  • Maiteko a Batho a go Lwantsha Loso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Maiteko a Batho a go Lwantsha Loso
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A LOSO LO KA FENNGWA?
  • Batho ba ka Tshela Lobaka lo lo Kae?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Loso lo Tla Fedisiwa Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2019
  • O ka Kgona go Tshelela Ruri
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • “Mmaba oa Bohèlō” O Tla Fenngwa!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
w14 1/1 ts. 4-5
An Egyptian Pharaoh

SETLHOGO SE SE KA FA NTLE | A LOSO KE BOKHUTLO?

Maiteko a Batho a go Lwantsha Loso

Chinese Emperor Qin Shi Huang and Spanish explorer Juan Ponce de León

MMUSIMOGOLO QIN SHI HUANG

MMATLISISI PONCE DE LEÓN

Loso ke mmaba yo o boifisang. Re lo lwantsha ka ditsela tsotlhe. Go ka direga gore re se ka ra batla go amogela seemo fa lo tlhasela mongwe yo re mo ratang. Kgotsa fa re sa ntse re le basha, re le matlhagatlhaga, re ka nna ra akanya gore re ka se ka ra swa—sengwe se re sa batleng go se amogela.

Bofaro ba bogologolo ba ne ba akanya thata ka bosasweng. Mo nakong e ntsi ya botshelo jwa bone—le mo nakong e ntsi ya botshelo jwa badiri ba bone—ba ne ba dira maiteko a go fenya loso. Dipiramiti tse ba di agileng ke bosupi jwa seo—mme maiteko a bone e ne e matsapa a bophiri.

Babusibagolo ba kwa China le bone ba ne ba na le ditoro tse di ntseng jalo tsa bosasweng le fa bone ba ne ba dirisa tsela e e farologaneng—ba dirisa motswako wa makgonatsotlhe o ba neng ba akanya gore o tla ba naya botshelo jo bo sa feleng. Mmusimogolo Qin Shi Huang o ne a laela baitse ba gagwe ba alchemy (mofuta mongwe wa khemiseteri) gore ba batle motswako wa boselamose o o tla dirang gore motho a se ka a swa. Mme bontsi jwa metswako ya bone e ne e na le mekhuri e e botlhole, mme go ka direga gore nngwe ya metswako eno ke yone e mmolaileng.

Mo lekgolong la bo16 la dingwaga C.E., mmatlisisi wa Mo-Spain e bong Juan Ponce de León o ne a ralala lewatle la Caribbean a batla sediba se se dirang gore motho a nne a le mosha. Fa a ntse a le mo loetong lwa gagwe o ne a bona Florida, U.S.A., mme o ne a swa dingwaga di le mmalwa moragonyana, morago ga kgotlhang ya gagwe le Baamerika ba ba Tlholegileng koo. Mme ga go ise go ke go bonwe sediba seo se se dirang gore motho a nne a le mosha.

Bofaro, babusibagolo le babatlisisi, batho bano botlhe ba ne ba batla tsela go fenya loso. Mme ke mang mo go rona yo o neng a ka nyatsa mekgele ya bone, le fa gone re sa rate ditsela tse ba neng ba di dirisa? Boammaaruri ke gore mo dipelong tsa rona, rotlhe re eletsa go tshelela ruri.

A LOSO LO KA FENNGWA?

Ke ka ntlha yang fa re sa batle go amogela loso? Baebele e tlhalosa lebaka. Fa e bua ka Mmopi wa rona, Jehofa Modimo,a ya re: “O dirile sengwe le sengwe go nna sentle mo motlheng wa sone. E bile o tsentse bosakhutleng mo pelong ya bone [batho].” (Moreri 3:11) Re ka rata go itumelela dilo tse dintle tse di mo lefatsheng ka bosakhutleng, e seng fela ka dingwaga di le 80 kgotsa go feta. (Pesalema 90:10) Ke se re se eletsang.

Ke ka ntlha yang fa Modimo a e ile a tsenya “bosakhutleng” mo dipelong tsa rona? A e ne e le fela gore re kgobege marapo? Le e seng. Mo boemong jwa moo, Modimo o solofetsa gore loso lo tla fedisiwa. Gangwe le gape Baebele e bua ka go fedisiwa ga loso e bile Modimo o solofetsa botshelo jo bo sa khutleng.—Bona lebokoso a setlhogo se se reng “Go Fenngwa ga Loso.”

Jesu Keresete ka boene o ne a bolelela sentle jaana: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.” (Johane 17:3) Ka jalo, maiteko a go lwantsha loso ga se matsapa a bophiri. Le fa go ntse jalo, Jesu o re tlhomamisetsa gore ke Modimo fela yo o ka kgonang go fenya ntwa eo.

a Jehofa ke leina la Modimo le le mo Baebeleng.

Go Fenngwa ga Loso

  • “O tla kometsa loso ka bosaengkae, mme Morena Molaodimogolo Jehofa o tla phimola dikeledi mo difatlhegong tsotlhe.”—Isaia 25:8.

  • “Eno ke thato ya ga Rre, gore mongwe le mongwe yo o bonang Morwa mme a supa tumelo mo go ene a nne le botshelo jo bo sa khutleng.”—Johane 6:40.

  • “Loso lo tla nyelediwa, e le mmaba wa bofelo.”—1 Bakorintha 15:26.

  • “[Re na le] tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng jo Modimo, yo a ka se kang a aka, a bo solofeditseng pele ga dinako tse di nnetseng ruri.”—Tito 1:2.

  • “O tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo.”—Tshenolo 21:4.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela