LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w14 2/1 ts. 16
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Tota Dikgang Tse di Molemo di Tswa Kwa Modimong?
    Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong!
  • Baebele—Buka e e Tswang Kwa Modimong
    Baebele e re Ruta Eng?
  • O Leba Baebele Jang?
    O Leba Baebele Jang?
  • Baebele—Buka e e Tswang Kwa Modimong
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
w14 2/1 ts. 16
Momeno wa bogologolo wa Baebele

DIKARABO TSA DIPOTSO TSA BAEBELE

A tota Baebele ke Lefoko la Modimo?

O ne o ka lebelela gore Lefoko la Modimo e bo e le buka e e tlhomologileng, Baebele ke buka e e ntseng jalo.Go gatisitswe dikhopi tsa yone di le dimilione ka dipuo tse di dintsintsi. Botlhale jo bo mo Baebeleng bo kgona go fetola batho gore ba nne botoka.—Bala 1 Bathesalonika 2:13; 2 Timotheo 3:16.

Re a itse gore Baebele e tswa kwa Modimong ka gonne e bolelela pele isagwe ka tlhomamo. Ga go na motho ope yo o ka dirang seo ka boene. Ka sekai, ela tlhoko buka ya Isaia. Go ile ga fitlhelwa khopi ya yone mo logageng longwe gaufi le Lewatle le le Suleng, e e ileng ya kwalwa nako e e fetang lekgolo la dingwaga pele ga go tsholwa ga ga Jesu. Khopi eo ya re motse wa Babelona o tla sala o se na batho ba ba nnang mo go one. Seo se ile sa diragala ka lekgetlho la ntlha dingwaga di le dintsi morago ga bodiredi jwa ga Jesu mo lefatsheng.—Bala Isaia 13:19, 20; 2 Petere 1:20, 21.

Baebele e kwadilwe jang?

Baebele e ile ya kwalwa ka dingwaga tse di ka nnang 1 600. Go ne go na le bakwadi ba Baebele ba ba ka nnang 40 mme ba ne ba kwala ka setlhogo se le sengwe ba sa ganetsane. Seo se ne sa kgonega jang? Modimo o ne a ba kaela fa ba kwala.—Bala 2 Samuele 23:2.

Ka dinako tse dingwe Modimo o ne a bua le bakwadi ba Baebele a dirisa baengele, diponatshegelo kgotsa ditoro. Gantsi, Modimo o ne a tsenya kgopolo e e rileng mo mogopolong wa mokwadi mme a bo a mo letla gore a tlhophe mafoko a a tla a dirisang go tlhalosa molaetsa wa Modimo.—Bala Tshenolo 1:1; 21:3-5.

Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng bona tsebe 2 ya buka eno, Totatota Baebele e Ruta Eng?, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa

O ka itseela yone mo go www.jw.org/tn

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela