LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • T-30 ts. 1-4
  • O Leba Baebele Jang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Leba Baebele Jang?
  • O Leba Baebele Jang?
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bokamoso bo re Tshwaretse Eng?
    Bokamoso bo re Tshwaretse Eng?
  • A Tota Baswi ba ka Tshela Gape?
    A Tota Baswi ba ka Tshela Gape?
  • Bogosi Jwa Modimo ke Eng?
    Bogosi Jwa Modimo ke Eng?
  • A Pogo e Tla Fela?
    A Pogo e Tla Fela?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
O Leba Baebele Jang?
T-30 ts. 1-4

O Leba Baebele Jang?

A o ka re . . .

  • e kwadilwe ka botlhale jwa motho?

  • ke buka ya dinaane le ditlhamane?

  • ke Lefoko la Modimo?

SE BAEBELE E SE RUTANG

“Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo.”​—2 Timotheo 3:16, Thanolo ya Lefatshe le Lesha.

KAFA SEO SE KA RE SOLEGELANG MOLEMO KA GONE

Re bona dikarabo tse di kgotsofatsang tsa dipotso tse di botlhokwa mo botshelong.​—Diane 2:1-5.

Re bona kaelo e re ka e ikanyang ya botshelo jwa letsatsi le letsatsi.​—Pesalema 119:105.

Re nna le tsholofelo ya mmatota ka isagwe.​—Baroma 15:4.

Monna le mosadi, mongwe le mongwe o bala Baebele; lelapa le le itumetseng le iphokisa phefo mmogo

A TOTA RE KA DUMELA SE BAEBELE E SE RUTANG?

Ee, ka ntlha ya mabaka a ka nna mararo:

  • Go dumalana ga yone. Baebele e kwadilwe ka lobaka lwa dingwaga di le 1 600 ke batho ba ka nna 40. Ba le bantsi ba bone ga ba a ka ba kopana. Le fa go ntse jalo, buka eno yotlhe e a dumalana e bile e na le setlhogo se le sengwe!

  • Hisitori e e ikanyegang. Gantsi baitsehisitori ba lefatshe ga ba kwale ka makoa a batho ba neng ba na le one. Go farologana le seo, bakwadi ba Baebele ba ne ba kwala ba sa fitlhe sepe ka makoa a bone le a ditšhaba tsa bone.​—2 Ditiragalo 36:15, 16; Pesalema 51:1-4.

  • Boporofeti jo bo ka ikanngwang. Baebele e ne ya bolelela pele ka go senngwa ga motse wa bogologolo wa Babelona dingwaga di ka nna 200 pele ga seo se direga. (Isaia 13:17-22) Ga e a ka ya tlhalosa fela tsela e Babelona e neng e tla fenngwa ka yone, mme gape e ne ya umaka le leina la motho yo o neng a tla e fenya!​—Isaia 45:1-3.

    Boporofeti jo bongwe jo bontsi jwa Baebele le jone bo ne jwa diragadiwa ka botlalo. Ruri seo ke sone se re neng re ka se solofela ka Lefoko la Modimo!​—2 Petere 1:21.

SE O KA AKANYANG KA SONE

Rre, mmè, morwa le morwadi

Lefoko la Modimo le ka tokafatsa botshelo jwa gago jang?

Baebele e araba potso eo mo go ISAIA 48:17, 18 le mo go 2 TIMOTHEO 3:16, 17.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela