LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • T-34 ts. 1-4
  • A Pogo e Tla Fela?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Pogo e Tla Fela?
  • A Pogo e Tla Fela?
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bokamoso bo re Tshwaretse Eng?
    Bokamoso bo re Tshwaretse Eng?
  • A Tota Baswi ba ka Tshela Gape?
    A Tota Baswi ba ka Tshela Gape?
  • Bogosi Jwa Modimo ke Eng?
    Bogosi Jwa Modimo ke Eng?
  • Ke Mang Tota yo o Laolang Lefatshe?
    Ke Mang Tota yo o Laolang Lefatshe?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
A Pogo e Tla Fela?
T-34 ts. 1-4

A Pogo e Tla Fela?

A o ka re . . .

  • ee?

  • nnyaa?

  • gongwe?

SE BAEBELE E SE RUTANG

“Modimo . . . o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme ga go kitla go tlhola go nna le loso, pogo, selelo kgotsa botlhoko.”​—Tshenolo 21:3, 4, Contemporary English Version.

KAFA SEO SE KA RE SOLEGELANG MOLEMO KA GONE

Re tlhomamisega gore Modimo ga se ene a bakang mathata a rona.​—Jakobe 1:13.

Re gomodiwa ke go itse gore Modimo o tlhaloganya kafa re ikutlwang ka gone fa re boga.​—Sekarea 2:8.

Re nna le tsholofelo ya gore pogo yotlhe e tla fela.​—Pesalema 37:9-11.

Monna yo o balang Baebele o bona ka leitlho la mogopolo go fela ga pogo le tshiamololo mo lefatsheng

A TOTA RE KA DUMELA SE BAEBELE E SE RUTANG?

Ee, ka ntlha ya mabaka a ka nna mabedi:

  • Modimo o tlhoile pogo le tshiamololo. Akanya kafa Jehofa Modimo a neng a ikutlwa ka teng fa batho ba gagwe ba mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele ba ne ba tshwarwa setlhogo. Baebele ya re o ne a tshwenyegile ka ntlha ya ‘ba ba neng ba ba kgoromeletsa kwa le kwa.’​—Baatlhodi 2:18, Thanolo ya Lefatshe le Lesha.

    Modimo ga a rate batho ba ba bogisang ba bangwe. Ka sekai, Baebele ya re “diatla tse di tshololang madi a a se nang molato” di makgapha mo go ene.​—Diane 6:16, 17.

  • Modimo o amega ka mongwe le mongwe wa rona. Ga se motho mongwe le mongwe fela yo o itseng “sebetso sa gagwe le botlhoko jwa gagwe” mme le Jehofa o a bo itse!​—2 Ditiragalo 6:29, 30.

    Jehofa o tla tloga a dirisa Bogosi jwa gagwe go fedisa pogo ya mongwe le mongwe. (Mathaio 6:9, 10) Mme gone jaanong, o gomotsa bao ba mmatlang ka tsela ya mmatota.​—Ditiro 17:27; 2 Bakorintha 1:3, 4.

SE O KA AKANYANG KA SONE

Basadi ba babedi ba ba ithutang Baebele

Ke ka ntlha yang fa Modimo a letleletse pogo?

Baebele e araba potso eo mo go BAROMA 5:12 le mo go 2 PETERE 3:9.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela