LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • T-33 ts. 1-4
  • Ke Mang Tota yo o Laolang Lefatshe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Mang Tota yo o Laolang Lefatshe?
  • Ke Mang Tota yo o Laolang Lefatshe?
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bokamoso bo re Tshwaretse Eng?
    Bokamoso bo re Tshwaretse Eng?
  • Bogosi Jwa Modimo ke Eng?
    Bogosi Jwa Modimo ke Eng?
  • A Tota Baswi ba ka Tshela Gape?
    A Tota Baswi ba ka Tshela Gape?
  • A Pogo e Tla Fela?
    A Pogo e Tla Fela?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Ke Mang Tota yo o Laolang Lefatshe?
T-33 ts. 1-4

Ke Mang Tota yo o Laolang Lefatshe?

A o akanya gore ke . . .

  • Modimo?

  • batho?

  • mongwe o sele?

SE BAEBELE E SE RUTANG

“Yo o Bosula o laola lefatshe lotlhe.”​—1 Johane 5:19.

“Morwa Modimo o ne a tla . . . go senya ditiro tsa ga diabolo.”​—1 Johane 3:8, New Century Version.

KAFA SEO SE KA RE SOLEGELANG MOLEMO KA GONE

Re bona tlhaloso e e utlwalang ya go bo lefatshe le na le mathata.​—Tshenolo 12:12.

Re nna le lebaka la go dumela gore lefatshe la rona le tla fetoga go nna le le botoka.​—1 Johane 2:17.

Satane o laola dipolotiki tsa lefatshe, sesole, madumedi le batho

A TOTA RE KA DUMELA SE BAEBELE E SE RUTANG?

Ee, ka ntlha ya mabaka a ka nna mararo:

  • Bolaodi jwa ga Satane bo tla fedisiwa. Jehofa o ikemiseditse go fedisa taolo ya ga Satane mo bathong. O solofetsa gore o tla ‘nyeletsa Diabolo,’ le go dirolola tshenyo yotlhe e Satane a e bakileng.​—Bahebera 2:14, Thanolo ya Lefatshe le Lesha.

  • Modimo o tlhophile Jesu Keresete gore a buse lefatshe. Jesu ga a tshwane gotlhelele le mmusi wa lefatshe leno, yo o setlhogo le yo o pelotshetlha. Modimo o solofetsa jaana malebana le bolaodi jwa ga Jesu: “O tla utlwela motho wa maemo a a kwa tlase le yo o humanegileng botlhoko . . . O tla golola moya wa bone mo kgatelelong le mo tshiamololong.”​—Pesalema 72:13, 14.

  • Modimo ga a ka ke a aka. Baebele e bua jaana ka tlhamalalo: ‘Ga go kgonege gore Modimo a ake.’ (Bahebera 6:18) Fa Jehofa a solofetsa go dira sengwe, go tshwana fela le fa a setse a se dirile! (Isaia 55:10, 11) “Mmusi wa lefatshe leno o tla latlhelwa kwa ntle.”​—Johane 12:31.

SE O KA AKANYANG KA SONE

Lelapa le le itumetseng le le iphokisang phefo mmogo

Lefatshe le tla nna jang fa mmusi wa lone a sena go tlosiwa?

Baebele e araba potso eo mo go PESALEMA 37:10, 11 le mo go TSHENOLO 21:3, 4.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela