LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • T-36 ts. 1-4
  • Bogosi Jwa Modimo ke Eng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bogosi Jwa Modimo ke Eng?
  • Bogosi Jwa Modimo ke Eng?
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bokamoso bo re Tshwaretse Eng?
    Bokamoso bo re Tshwaretse Eng?
  • Ke Mang Tota yo o Laolang Lefatshe?
    Ke Mang Tota yo o Laolang Lefatshe?
  • A Tota Baswi ba ka Tshela Gape?
    A Tota Baswi ba ka Tshela Gape?
  • A Pogo e Tla Fela?
    A Pogo e Tla Fela?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bogosi Jwa Modimo ke Eng?
T-36 ts. 1-4
Batho ba ditso tse di farologaneng ba rapelela gore Bogosi Jwa Modimo bo tle

Bogosi Jwa Modimo ke Eng?

A o ne o ka re ke . . .

  • sengwe se se mo pelong ya gago?

  • sekapuo?

  • puso ya kwa legodimong?

SE BAEBELE E SE RUTANG

“Modimo wa legodimo o tla tlhoma bogosi jo bo se kitlang bo senngwa le ka motlha.”​—Daniele 2:44, Thanolo ya Lefatshe le Lesha.

“Re neilwe ngwana wa mosimane; mme [puso e] tla nna mo legetleng la gagwe.”​—Isaia 9:6.

KAFA SEO SE KA RE SOLEGELANG MOLEMO KA GONE

  • Puso e e siameng e e ka go solegelang molemo.​—Isaia 48:17, 18.

  • Mo lefatsheng le lesha le le tlang, re tla nna le botshelo jo bo itekanetseng le boitumelo.​—Tshenolo 21:3, 4.

Batho ba busiwa ke Bogosi Jwa Modimo mo paradaiseng ba itumelela botshelo e bile ba dira tshimo

A TOTA RE KA DUMELA SE BAEBELE E SE RUTANG?

Ee, ka ntlha ya mabaka a ka nna mabedi:

  • Jesu o ne a bontsha se Bogosi jwa Modimo bo tla se dirang. Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe gore ba rapelele Bogosi jwa Modimo gore bo tle le gore thato ya Modimo e dirwe mo lefatsheng. (Mathaio 6:9, 10) Jesu o ne a bontsha kafa thapelo eo e tla arabiwang ka teng.

    Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a fepa batho ba ba tshwerweng ke tlala, a fodisa balwetse le go tsosa baswi! (Mathaio 15:29-38; Johane 11:38-44) Jaaka Mmusi wa Bogosi jwa Modimo, Jesu o ne a re bontsha se Bogosi joo bo tla se direlang babusiwa ba jone.​—Tshenolo 11:15.

  • Maemo a lefatshe a re tlhomamisetsa gore Bogosi jwa Modimo bo tla tloga bo tla. Jesu o ne a bolelela pele gore pele ga Bogosi joo bo tlisa kagiso mo lefatsheng, lefatshe la rona le tla aparelwa ke dintwa, mauba le dithoromo tsa lefatshe.​—Mathaio 24:3, 7.

    Re bona maemo ao gompieno. Ka jalo, re ka tlhomamisega gore go ise go ye kae Bogosi jwa Modimo bo tla fedisa mathata ao otlhe.

SE O KA AKANYANG KA SONE

Lefatshe le lentle mo Bogosing Jwa Modimo

Botshelo bo tla nna jang mo pusong ya Bogosi jwa Modimo?

Baebele e araba potso eo mo go PESALEMA 37:29 le ISAIA 65:21-23.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela