LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w14 8/1 ts. 16
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O ka Itse Jang Gore Bodumedi Jwa Boammaaruri ke Bofe?
    Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong!
  • Dikgang Tse di Molemo ka Bodumedi ke Dife?
    Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong!
  • O ka Lemoga Jang Bodumedi Jwa Boammaaruri?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Kobamelo e e Amogelwang ke Modimo
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
w14 8/1 ts. 16
Basupi ba ga Jehofa ba ba tswang mo ditsong tse di farologaneng ba itumelela botsala mo Holong ya Bogosi

DIKARABO TSA DIPOTSO TSA BAEBELE

A madumedi otlhe a direla Modimo?

Gongwe fa o reetsa dikgang tsa lefatshe, o lemogile gore batho ba dirisa bodumedi go dira dilo tse di bosula. Ga se madumedi otlhe a a itumedisang Modimo wa boammaaruri. (Mathaio 7:15) Gone ke boammaaruri gore batho ba le bantsi ba tsieditswe.—Bala 1 Johane 5:19.

Le fa go ntse jalo, Modimo o kgona go bona batho ba ba peloephepa ba ba ratang boammaaruri le se se siameng. (Johane 4:23) Modimo o naya batho bao tshono ya go ithuta boammaaruri jo bo mo Lefokong la gagwe, Baebele.—Bala 1 Timotheo 2:3-5.

O ka lemoga jang bodumedi jwa boammaaruri?

Jehofa Modimo o kopanya batho ba ba tswang mo madumeding a a farologaneng ka go ba ruta boammaaruri le go ba ruta go ratana. (Mika 4:2, 3) Ka jalo, o ka lemoga batho ba ba mo bodumeding jwa boammaaruri ka tsela e ba tlhokomelanang ka yone.—Bala Johane 13:35.

Jehofa Modimo o kopanya batho botlhe ka kobamelo ya boammaaruri.—Pesalema 133:1

Tsela e baobamedi ba boammaaruri ba tshelang ka yone le se ba se dumelang se theilwe mo Baebeleng. (2 Timotheo 3:16) Gape ba tlotlomatsa leina la Modimo. (Pesalema 83:18) Ba buelela Bogosi jwa Modimo e le jone fela tsholofelo ya batho. (Daniele 2:44) Ba etsa Jesu ka go dira gore ‘lesedi la bone le phatsime,’ ba direla baagelani ba bone dilo tse di molemo. (Mathaio 5:16) Ka jalo, Bakeresete ba boammaaruri ba ka lemogiwa ka go etela batho kwa magaeng a bone gore ba ba rerele dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo.—Bala Mathaio 24:14; Ditiro 5:42; 20:20.

Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng bona kgaolo 15 mo bukeng eno, Totatota Baebele e Ruta Eng?, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa

E teng le mo www.jw.org/tn

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela