LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w14 10/1 ts. 4-7
  • Bogosi Jwa Modimo—Se bo Se Kayang mo go Jesu

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bogosi Jwa Modimo—Se bo Se Kayang mo go Jesu
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • SE BOGOSI BO TLA SE DIRELANG RRAAGWE JESU
  • SE BOGOSI BO TLA SE DIRELANG BATHO BA BA IKANYEGANG
  • Se Jesu a Neng a se Ruta ka Bogosi Jwa Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Itse Nnete ka Bogosi Jwa Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2020
  • O ne a Rata Batho
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Ka Bogosi Jwa Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
w14 10/1 ts. 4-7
Jesu a ruta balatedi ba gagwe ka Bogosi jwa Modimo

SETLHOGO SA KA FA NTLE | BOGOSI JWA MODIMO—A BO KA GO SOLEGELA MOLEMO?

BOGOSI JWA MODIMO—Se bo Se Kayang mo go Jesu

Ka nako ya bodiredi jwa gagwe mo lefatsheng, Jesu o ne a bua ka dilo tse dintsi. Ka sekai, o ne a ruta balatedi ba gagwe gore ba ka rapela jang, ba ka itumedisa Modimo jang le gore ba ka bona boitumelo jwa mmatota jang. (Mathaio 6:5-13; Mareko 12:17; Luke 11:28) Le fa go ntse jalo, setlhogo se Jesu a neng a bua ka sone thata—setlhogo se a neng a se rata thata—e ne e le Bogosi jwa Modimo.—Luke 6:45.

Jaaka re bone mo setlhogong se se fetileng, selo sa konokono mo botshelong jwa ga Jesu e ne e le ‘go rera le go bolela dikgang tse di molemo tsa bogosi.’ (Luke 8:1) O ne a dira ka natla, a tsamaya dikilometara di le makgolo go ralala Iseraele gore a rute batho ka Bogosi jwa Modimo. Diefangele tse nnè tse di nang le pego ya bodiredi jwa ga Jesu di umaka Bogosi ka makgetlo a feta 100. Bontsi jwa makgetlo ano a mo go one go umakiwang Bogosi go ne go bua Jesu, mme gone ga go a kwalwa sengwe le sengwe se Jesu a neng a se bua ka Bogosi jwa Modimo!—Johane 21:25.

Goreng Bogosi e ne e le selo sa botlhokwa thata jaana mo go Jesu fa a ne a le mo lefatsheng? Lengwe la mabaka ke gore Jesu o ne a itse gore Modimo o mo tlhophile go nna Mmusi wa jone. (Isaia 9:6; Luke 22:28-30) Le fa go ntse jalo, ga se gore Jesu o ne a ipatlela taolo kgotsa kgalalelo. (Mathaio 11:29; Mareko 10:17, 18) O ne a sa itsise Bogosi ka ntlha ya mabaka a bopelotshetlha. Boammaaruri ke gore, Jesu o ne a kgatlhegela Bogosi jwa Modimoa e bile o sa ntse a bo kgatlhegela ka ntlha ya se bo tla se direlang batho ba a ba ratang—Rraagwe yo o kwa legodimong le balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang.

SE BOGOSI BO TLA SE DIRELANG RRAAGWE JESU

Jesu o rata Rraagwe yo o kwa legodimong fela thata. (Diane 8:30; Johane 14:31) O rata dinonofo tse di molemo tsa ga Rraagwe, tse di jaaka lorato lwa Gagwe, bopelotlhomogi jwa Gagwe le tshiamiso ya Gagwe. (Duteronome 32:4; Isaia 49:15; 1 Johane 4:8) Ka jalo ga go pelaelo gore Jesu o tlhoile go utlwa maaka a a anamisiwang ka Rraagwe—maaka a a jaaka gore Modimo ga a amege fa batho ba boga le gore Modimo o batla gore batho ba boge. Leno ke lengwe la mabaka a go bo Jesu a ne a tlhagafaletse go rera “dikgang tse di molemo tsa bogosi”—o ne a itse gore go ise go ye kae Bogosi bo ne bo tla tlosa kgobo mo leineng la ga Rraagwe. (Mathaio 4:23; 6:9, 10) Bo tla dira seo jang?

Jehofa o tla dirisa Bogosi go tlisa diphetogo tse dikgolo tse di tla solegelang batho molemo. “O tla phimola dikeledi tsotlhe” mo matlhong a batho ba ba ikanyegang. Jehofa o tla tlosa dilo tse di bakang dikeledi tseo, a bo a tlhomamisa gore ‘loso ga lo tlhole lo nna gone, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko.’ (Tshenolo 21:3, 4) Modimo o tla tlosa pogo yotlhe e batho ba lebanang le yone a dirisa Bogosi.b

Ga go gakgamatse go bo Jesu a ne a tlhagafaletse go bolelela batho ka Bogosi! O ne a itse gore seo se ne se tla bontsha kafa Rraagwe a nang le maatla e bile a leng kutlwelobotlhoko ka gone. (Jakobe 5:11) Gape Jesu o ne a itse gore Bogosi bo ne bo tla solegela batho ba a ba ratang molemo—batho ba ba ikanyegang.

SE BOGOSI BO TLA SE DIRELANG BATHO BA BA IKANYEGANG

Jesu o ne a tshela le Rraagwe kwa legodimong lobaka lo loleele pele a tla mo lefatsheng. Rre o ne a dirisa Morwa go bopa dilo tsotlhe—magodimo a a jesang kgakge a a nang le dinaledi le masagaripa le polanete ya rona e ntle e e nang le diphologolo. (Bakolosa 1:15, 16) Le fa go ntse jalo, mo dilong tseno tsotlhe, Jesu o ne a “rata” batho thata.—Diane 8:31.

Bodiredi jwa ga Jesu bo ne bo bontsha gore o rata batho. Go tswa kwa tshimologong, o ne a bontsha gore o tlile mo lefatsheng go bolelela batho “dikgang tse di molemo.” (Luke 4:18) Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a sa bue fela ka go thusa batho. Nako le nako o ne a bontsha ka ditiro gore o rata batho. Ka sekai, fa boidiidi jwa batho bo ne bo kokoane go tla go mo reetsa fa a bua, Jesu o ne “a ba tlhomogela pelo, mme a alafa babobodi ba bone.” (Mathaio 14:14) Fa monna yo o lwalang thata a ne a dumela gore Jesu a ka mo fodisa fa tota a batla, Jesu o ne a tlhotlheletsega go mmontsha lorato. O ne a fodisa monna yono, mme ka bopelotlhomogi a mo raya a re: “Ke a batla. Phepafadiwa.” (Luke 5:12, 13) Fa Jesu a ne a bona tsala ya gagwe, Marea, a hutsafaletse loso lwa ga kgaitsadie e bong Lasaro, Jesu “a fegelwa mo moyeng,” “a tshwenyega” a bo “a tsholola dikeledi.” (Johane 11:32-36) Go tswa foo, o ne a dira kgakgamatso—Jesu a tsosa Lasaro le fa a ne a setse a na le malatsi a le manè a tlhokafetse!—Johane 11:38-44.

Boammaaruri ke gore, Jesu o ne a itse gore thuso e a ba nayang yone ka nako eo e ne e le ya nakwana. O ne a itse gore kgabagare, botlhe ba a ba fodisitseng ba ne ba tla lwala gape le gore ba a ba tsositseng ba ne ba tla swa gape. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a itse gore Bogosi jwa Modimo bo ne bo tla tlosa mathata ao go ya go ile. Leno ke lone lebaka la go bo Jesu a sa dira dikgakgamatso fela; gape o ne a rera “dikgang tse di molemo tsa bogosi” ka tlhagafalo. (Mathaio 9:35) Dikgakgamatso tsa gagwe e ne e le maoko fela a se Bogosi jwa Modimo bo tla se dirang mo lefatsheng lotlhe mo bogautshwaneng. Ela tlhoko se Baebele e solofetsang gore se tla direga mo nakong eo.

  • Monna yo o mo setulong sa maotwana a tsamaya gape

    Ga go tlhole go na le mathata a botsogo.

    “Ka nako eo matlho a difofu a tla bulwa, le ditsebe tsa bosusu di tla thibololwa. Ka nako eo setlhotsa se tla palama fela jaaka kgama e tonanyana, le loleme lwa yo o sa kgoneng go bua lo tla goa ka boitumelo.” Mo godimo ga moo, “ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’”—Isaia 33:24; 35:5, 6.

  • Mosetsana yo o neng a tlhokafetse o tsositswe

    Ga go tlhole go na le loso.

    “Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.”—Pesalema 37:29.

    “O tla kometsa loso ka bosaengkae, mme Morena Molaodimogolo Jehofa o tla phimola dikeledi mo difatlhegong tsotlhe.”—Isaia 25:8.

  • Ba ba suleng ba tla tsoga.

    ‘Botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwa lentswe la gagwe mme ba tla tswa.’ —Johane 5:28, 29.

    “Go tlile go nna le tsogo.”—Ditiro 24:15.

  • Batho ba aga matlo

    Magae le ditiro di teng.

    “Ba tla aga matlo ba nne mo go one; ruri ba tla jala masimo a mofine ba je maungo a one. Ga ba kitla ba aga mme go nne o sele; ga ba kitla ba jala mme go je o sele. . . . Ba tla dirisa tiro ya diatla tsa bone ka botlalo.”—Isaia 65:21, 22.

  • Batho ba dinaga tse di farologaneng ba dira ka kagiso

    Ga go tlhole go na le ntwa.

    “O dira gore dintwa di kgaotse go ya kwa ntlheng ya lefatshe.”—Pesalema 46:9.

    “Setšhaba ga se kitla se tsholeletsa setšhaba se sengwe tšhaka, le gone ga ba kitla ba tlhola ba ithuta ntwa gape.”—Isaia 2:4.

  • Batho ba itumelela letlepu la dijo

    Ga go tlhole go na le tlhaelo ya dijo.

    “Lefatshe ka bolone ruri le tla ntsha kungo ya lone; Modimo, Modimo wa rona, o tla re segofatsa.”—Pesalema 67:6.

    “Go tla nna le dijo tsa ditlhaka di le dintsi mo lefatsheng; go tla penologa mo godimo ga dithaba.”—Pesalema 72:16.

  • Ga go tlhole go na le khumanego.

    “Mohumanegi ga a na go lebalelwa ruri.”—Pesalema 9:18.

    “O tla golola mohumanegi yo o goang a kopa thuso, le yo o bogisiwang le ope fela yo o se nang mothusi. O tla utlwela motho wa maemo a a kwa tlase le yo o humanegileng botlhoko, mme meya ya ba ba humanegileng o tla e boloka.” —Pesalema 72:12, 13.

Fa o akanya ka ditsholofetso tseo tsa Bogosi jwa Modimo, a o lemoga lebaka la go bo Bogosi bo le botlhokwa thata jaana mo go Jesu? Fa a ne a le mo lefatsheng, o ne a tlhagafaletse go bolelela mongwe le mongwe yo o neng a ka reetsa ka Bogosi jwa Modimo ka gonne a itse gore Bogosi bo tla fedisa mathata otlhe a a ngomolang pelo a re lebanang le one gompieno.

A o kgatlhegela ditsholofetso tsa Bogosi tse di mo Baebeleng? Fa go le jalo, o ka ithuta jang mo go oketsegileng ka Bogosi joo? Mme o ka dirang gore o bone masego a jone? Setlhogo sa bofelo mo motseletseleng ono se tla araba dipotso tseo.

a Setlhogo seno se tlhalosa kafa Jesu a ikutlwang ka teng gone jaanong ka gonne o a tshela kwa legodimong, mme ga go pelaelo gore le fa a le kwa legodimong o sa ntse a rata Bogosi.—Luke 24:51.

b Fa o batla tshedimosetso malebana le gore ke eng fa Modimo a letleletse pogo ka lobakanyana, bona kgaolo 11 mo bukeng ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela