LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w14 10/1 ts. 8-9
  • Bogosi Jwa Modimo—Bo Tla go Solegela Molemo Jang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bogosi Jwa Modimo—Bo Tla go Solegela Molemo Jang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bogosi Jwa Modimo—Se bo Se Kayang mo go Jesu
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Bogosi Jwa Modimo
    Tsogang!—2013
  • Tshegetsa Bogosi Jwa Modimo Gone Jaanong!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2020
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
w14 10/1 ts. 8-9
Banyalani ba ithuta ka Bogosi jwa Modimo mo Thutong ya Baebele

SETLHOGO SA KA FA NTLE | BOGOSI JWA MODIMO—A BO KA GO SOLEGELA MOLEMO?

BOGOSI JWA MODIMO—Bo Tla go Solegela Molemo Jang?

O ka tswa o lemogile mo ditlhogong tse di fetileng gore Bogosi jwa Modimo bo botlhokwa thata mo Basuping ba ga Jehofa. E bile gongwe o kgatlhilwe ke masego mangwe a mo isagweng a Bogosi jwa Modimo a go tlotlilweng ka one. Gape o ka tswa o ipotsa gore a ditsholofetso tseo di boammaaruri.

O dira sentle fa o sa dumele sengwe le sengwe se batho ba se buang. (Diane 14:15) Ka tsela nngwe, fa o dira jalo o tla bo o dira se se dirilweng ke Baberea ba bogologolo.a Fa Baberea ba ne ba utlwa dikgang tse di molemo tsa Bogosi la ntlha, ga ba a ka ba dumela ka bonako fela gore se ba neng ba se utlwa se boammaaruri. Go na le moo, ba ne ba tlhatlhoba Dikwalo ka kelotlhoko go bona “gore a dilo tseno di ne di ntse jalo.” (Ditiro 17:11) Ka mafoko a mangwe, Baberea ba ne ba bapisa dikgang tse di molemo tse ba di utlwileng le se Dikwalo di se buang. Mme fa nako e tsamaya, ba ne ba tlhatswega pelo gore ruri dikgang tse di molemo di ne di theilwe mo Lefokong la Modimo.

Basupi ba ga Jehofa ba go laletsa ka lorato gore o dire se se tshwanang. Thulaganyo ya rona ya go ithuta Baebele le batho mahala, e ka go thusa go bapisa se Basupi ba ga Jehofa ba se dumelang ka Bogosi jwa Modimo le se Baebele e se rutang.

Fa o ntse o ithuta ka Bogosi jwa Modimo mo Baebeleng, o ka kgona go bona dingwe tsa dikarabo tsa dipotso tsa botlhokwa.

  • Re tswa kae?

  • Re tshelela eng?

  • Goreng Modimo a letla batho gore ba boge?

  • Go diregang fa re swa?

  • A lefatshe le tla senngwa?

  • Lelapa le ka itumela jang?

Sa botlhokwa le go feta, go ithuta Baebele go tla go thusa go ‘atamalana le Modimo.’ (Jakobe 4:8) Mme seo se ka dira gore fa o ntse o atamalana le ene, o bone kafa Bogosi jwa Modimo bo ka go solegelang molemo ka gone—gone jaanong le mo isagweng. Jesu o ne a rapela Rraagwe jaana: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.”—Johane 17:3.

Basupi ba ga Jehofa ba ka dirisa kgatiso eno go ithuta Baebele le wena.

Kopa thuto ya mahala ya Baebele ka go ikgolaganya le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa kgotsa ka go tlatsa foromo e e mo go www.jw.org/tn. (Bona KOPA THUTO YA BAEBELE mo tsebeng ya ntlha)

a Berea e ne e le motse wa kwa Makedonia wa bogologolo.

O Rata Bogosi Jwa Modimo

Folake

Bosheng jaana, Folake mosetsana wa dingwaga di le lesome o ne a newa tiro ya sekolo ya go kwala tlhamo ya setlhogo se se reng “Se ke Se Ratang Thata mo Lefatsheng.” Folake o ne a tlhopha go kwala lebaka la go bo a rata go bolelela ba bangwe ka Bogosi jwa Modimo.

Folake o ne a re: “Bogosi jwa Modimo ke puso ya mmatota. Mme ga o ka ke wa bo bona—tota le fa o rwala digalase tsa matlho!”

Gape Folake o ne a kwala ka masego a Bogosi a a lebileng pele go bona a direga. Fa a umaka mangwe a mathata a Bogosi bo tla a rarabololang o ne a re, “Ke utlwisiwa botlhoko ke batho ba ba se nang magae ba ba nnang mo mebileng” mmogo le “bana ba ba bolawang ke tlala mo lefatsheng lotlhe.” O ne a bo a re, “Ke boa ke itumela gape fa ke bala Isaia 65:21.” Fa temana eno e bua ka batho ba ba tla busiwang ke Bogosi jwa Modimo, e solofetsa jaana: “Ba tla aga matlo ba nne mo go one; ruri ba tla jala masimo a mofine ba je maungo a one.”

Gape Folake o ne a re o lebile pele nako e ka yone Modimo a tla tlosang malwetse otlhe a dirisa Bogosi jwa gagwe. Mo tlhamong ya gagwe o ne a nopola Tshenolo 21:4 e e reng Modimo “o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.” O ne a konela ka go gatelela gore go bua ka Jehofa le Bogosi jwa gagwe ke selo se a se ratang thata mo lefatsheng. Go bonala sentle gore mosetsana yono o rata Bogosi jwa Modimo fela thata!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela