LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w14 12/1 ts. 16
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Re ka Bona Kae Dikarabo Tsa Dipotso Tse di Botlhokwa ka Botshelo?
    Re ka Bona Kae Dikarabo Tsa Dipotso Tse di Botlhokwa ka Botshelo?
  • Kwa Malapa a ka Bonang Thuso Gone
    Tsogang!—2018
  • A Pogo e Tla Fela?
    A Pogo e Tla Fela?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
w14 12/1 ts. 16

DIKARABO TSA DIPOTSO TSA BAEBELE

Bana ba ka rata Modimo jang?

Motsadi a ruta ngwana wa gagwe ka popo

Ruta ngwana ka popo gore a itse Modimo le go mo rata

Bana ba gago ba ka rata Modimo fela fa ba na le bosupi jwa gore Modimo o teng le gore o a ba rata. Gore ba rate Modimo, ba tshwanetse go mo itse. (1 Johane 4:8) Ka sekai, ba tshwanetse go itse gore: Ke eng fa Modimo a bopile motho? Goreng Modimo a letlelela batho gore ba boge? Modimo o tla direla batho eng mo isagweng?—Bala Bafilipi 1:9.

Fa o batla go thusa bana ba gago go rata Modimo, o tshwanetse go ba bontsha gore o a mo rata. Fa ba bona seo, ba ka latela sekao sa gago.—Bala Duteronome 6:5-7; Diane 22:6.

O ka fitlhelela dipelo tsa bana ba gago jang?

Lefoko la Modimo le maatla. (Bahebera 4:12) Ka jalo, ruta bana ba gago dithuto tsa lone tsa motheo. Jesu o ne a fitlhelela dipelo tsa batho ka go botsa dipotso, go reetsa le go tlhalosa Dikwalo. O ka fitlhelela dipelo tsa bana ba gago ka go etsa ditsela tsa ga Jesu tsa go ruta.—Bala Luke 24:15-19, 27, 32.

Mo godimo ga moo, dipego tsa Baebele tsa kafa Modimo a neng a dirisana le batho ka gone di ka thusa bana go itse Modimo le go mo rata. Dikgatiso tse di diretsweng go thusa bana di teng mo www.jw.org/tn.—Bala 2 Timotheo 3:16.

Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 14 mo bukeng eno, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa

E teng mo www.jw.org/tn, kgotsa kopa khopi ya mahala mo go nngwe ya diaterese tse di mo tsebe 2

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela