LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w15 2/1 ts. 3
  • Tiro ya Diatla—A e Feletswe ke Nako?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tiro ya Diatla—A e Feletswe ke Nako?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tsela ya go Itumelela Tiro ya Diatla
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Bona Molemo ka Ntlha ya Tiro ya Gago ya Bonatla
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
  • Bona Molemo ka Ntlha ya Tiro Yotlhe ya Gago ya Bonatla
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2016)
  • Bidio ya Young People Ask—What Will I Do With My Life? (Karolo 1)
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
w15 2/1 ts. 3
Lekau le le sa itumelang le ntse mo loring le lebile badirikalone ba bereka

SETLHOGO SA KA FA NTLE | ITUMELELE TIRO YA GAGO

Tiro ya Diatla—A e Feletswe ke Nako?

Alex o hemela kwa godimo fa a tsholetsa lebokose le lengwe a le tsenya mo terakeng ya khampani e e fudusang batho e a berekang kwa go yone. O ipotsa jaana: ‘Goreng ke ntse ke dira tiro eno e e sa nkiseng gope? A ke tla dika ke atlegile? Botshelo jwa me bo ne bo ka nna botoka fa ke ne ke sa patelesege go bereka!’

Fela jaaka Alex, batho ba bantsi gompieno ga ba rate tiro ya diatla. Makheneke wa dikoloi yo o bidiwang Aaron, a re: “Batho ba bantsi ba tsaya gore ditiro tse go tweng ke tsa maemo a a kwa tlase ga di a ba tshwanela. Ba na le boikutlo jwa gore: ‘Fela fa nka bona tiro e nngwe e e botoka, ke tlile go tlogela eno.’”

Goreng batho ba bantsi ba tsaya gore tiro ya diatla ga e a ba tshwanela? Gongwe ba tlhotlhelediwa ke metswedi ya tshedimosetso e e bontshang gore botshelo jo go tweng bo monate ke jwa manobonobo jwa go tlhaba kgobe ka mmutlwa. Matthew yo o baakanyang dilo a re: “Batho ba akanya gore go tla nna thata gore o atlege fa o dira tiro ya diatla.” Motlhokomedi wa lefelo e bong Shane le ene o lemogile seo. A re: “Batho ga ba tlhole ba direla tuelo ya letsatsi.”

Ka fa letlhakoreng le lengwe, batho ba bantsi ba ba atlegileng ba itumelela tiro ya diatla. Daniel wa dingwaga di le 25 yo o dirang tiro ya go aga, a re: “Ke akanya gore tiro ya diatla e itumedisa tota, segolobogolo fa e dirwa ka boikaelelo jo bo siameng.” Andre wa dingwaga di le 23, o dumalana le seo. A re: “Ke tsaya gore o tshwanetse go itumelela tiro o bo o e rate. Go goga dinao go ka se dire gore o itumele—go tla go lapisa!”

Daniel le Andre ba thusitswe ke eng go leba tiro ka tsela e e siameng? Ka bokhutshwane fela, re ka re ba thusitswe ke go dirisa melaometheo ya Baebele. Baebele ga e kgale tiro ya diatla, go na le moo e rotloetsa tiro ya bonatla le go itshoka. Le fa go ntse jalo, ga e re kgothaletse fela go bereka mme e re bontsha le kafa re ka itumelelang tiro ya rona ka gone.

Ke melaometheo efe ya Baebele e e ka go thusang go kgotsofalela tiro ya gago? Re go kgothaletsa go sekaseka mengwe ya yone e e tlhalosiwang mo setlhogong se se latelang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela