LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w15 4/1 ts. 3-4
  • Ke Eng fa o Tshwanetse go Ithuta Baebele?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Eng fa o Tshwanetse go Ithuta Baebele?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Eng fa o Tshwanetse go Kgatlhegela Baebele?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Thuto ya Baebele ya Batho Botlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Dithuto Tsa Boammaaruri Tse di Itumedisang Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Baebele ke Eng?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
w15 4/1 ts. 3-4
Monna a bala Baebele kwa laeboraring ya lefelo la bone

SETLHOGO SA KA FA NTLE | A O KA RATA GO ITHUTA BAEBELE?

Ke Eng fa o Tshwanetse go Ithuta Baebele?

  • Re tshelela eng?

  • Ke eng fa batho ba boga e bile ba swa?

  • Go tla direga eng mo isagweng?

  • A Modimo o a nkgathalela?

A o kile wa ipotsa dipotso tse di tshwanang le tseo? Fa go le jalo, itse gore ga o nosi. Batho ba le bantsi mo lefatsheng ba ipotsa dipotso tsa botlhokwa ka botshelo. A dikarabo di teng?

Batho ba le dimilione ba ne ba tla re: “Ee, di gone!” Goreng ba rialo? Ka gonne ba ile ba bona dikarabo tse di kgotsofatsang mo Baebeleng. A o ka rata go itse gore Baebele ya reng? Fa go le jalo, Basupi ba ga Jehofa ba ka itumelela go ithuta Baebele le wena mahala.a

Boammaaruri ke gore fa batho bangwe ba tshwanetse go ithuta Baebele ba re: “Ke makgabe a dipapetla.” “E thata.” “Ga ke batle go ikgolega.” Mme ba bangwe bone, ba itumelela go ithuta Baebele. Utlwa gore bangwe ba bone ba reng:

  • “Ke ne ke tsena dikereke tsa Katoliki le Porotesetanta, ke ya tempeleng ya Sikh le kwa lefelong la baitlami la Babuda ka bo ka ithutela bodumedi kwa yunibesithing. Mme ke ne ke sa bone dikarabo tsa dipotso tse ke neng ke di botsa ka Modimo. Ke ne ka etelwa ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Fa ke sena go bona kafa a neng a dirisa Baebele ka gone go araba dipotso tsa me, ke ne ka dumela go ithuta Baebele.”—Gill, Engelane.

  • “Ke ne ke ipotsa dipotso di le dintsi ka botshelo, mme baruti ba kereke e ke neng ke e tsena ga ba a ka ba nnaya dikarabo tse di kgotsofatsang. Le fa go ntse jalo, mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a araba dipotso tsa me a dirisa Baebele fela. Fa a mpotsa gore a nka rata go ithuta mo go oketsegileng, ke ne ka dumela.”—Koffi, Benin.

  • “Ke ne ke batla go itse gore go direga eng fa batho ba tlhokafala. Ke ne ke dumela gore baswi ba ka utlwisa batshedi botlhoko, mme gone ke batla go itse gore Baebele yone ya reng ka kgang eno. Ka jalo, ke ne ka simolola go ithuta Baebele le tsala ya me e e neng e le Mosupi.”—José, Brazil.

  • “Ke ne ka leka go bala Baebele mme ka se ka ka e tlhaloganya. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba nketela ba bo ba ntlhalosetsa boporofeti jo bo mo Baebeleng. Ke ne ke batla go itse mo go oketsegileng.”—Dennize, Mexico.

  • “Ke ne ke ipotsa gore a ruri Modimo o a nkgathalela. Ka jalo, ka simolola go rapela Modimo yo Baebele e buang ka ene. Letsatsi le le latelang, Basupi ba ne ba nketela mme ka simolola go ithuta Baebele le bone.”—Anju, Nepal.

Se batho bano ba se buang se re gopotsa mafoko ano a ga Jesu: “Go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng.” (Mathaio 5:3) Boammaaruri ke gore batho ba bopilwe ba na le keletso ya go itse Modimo. Ke Modimo fela a ka dirang gore ba mo itse mme o dira jalo ka Lefoko la gagwe, Baebele.

Ka jalo, thuto ya Baebele e tshwarwa jang? E ka go solegela molemo jang? Setlhogo se se latelang se tla araba dipotso tseno.

a Baebele ya re leina la Modimo ke Jehofa.

DINTLHA KA BAEBELE

Baebele e e butsweng
  • LEINA: Le tswa mo lefokong la Segerika bi·bliʹa, le le kayang “dibuka tse dinnye”

  • DITENG: E na le dibuka tsa Sehebera di le 39 (dingwe tsa tsone di kwadilwe ka Searamaika) le dibuka tsa Segerika di le 27

  • BAKWADI: Batho ba ka nna 40 ka dingwaga di feta 1 600 go simologa ka 1513 B.C.E. go fitlha mo e ka nnang ka 98 C.E.b

  • DIPUO: E ranoletswe mo dipuong di feta 2 500 e feletse kgotsa karolo nngwe ya yone

  • GO PHASALADIWA: E phasaladitswe go gaisa dibuka tsotlhe mo lefatsheng ka dikhopi di ka nna dibilione di le tlhano

b B.C.E. e emela “Pele ga Motlha wa Rona,” fa C.E. yone e emela “Motlha wa Rona.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela