LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w15 7/1 ts. 16
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • A Molemo O Tla Tsamaya O Fenya Bosula?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
w15 7/1 ts. 16

DIKARABO TSA DIPOTSO TSA BAEBELE

Bosula bo simologile kae?

Jesu a gana magosi a lefatshe a Satane a mo solofetsang one

Ke mang yo o lekileng go raela Jesu gore a dire bosula? —Mathaio 4:8-10

Gantsi batho ba batla go agisana le ba bangwe, go ikanyega le go nna pelonomi. Mme gone, ke ka ntlha yang fa go tletse tshiamololo, bosetlhogo e bile batho ba le dikgoka? Gangwe le gape re utlwa dipego tsa dikgang tse di botlhoko. A go mongwe yo o tlhotlheletsang batho go dira dilo tse di bosula?—Bala 1 Johane 5:19.

A Modimo o bopile batho ba na le tshekamelo ya go dira bosula? Nnyaa, Jehofa Modimo o bopile batho mo setshwanong sa gagwe, ba na le bokgoni jwa go bontsha lorato jaaka ene. (Genesise 1:27; Jobe 34:10) Mme gone, Modimo o neile batho kgololesego ya go itlhophela. Fa batsadi ba rona ba ntlha ba dira bosula, ba ne ba itlhokomolosa sekao sa Modimo mme seo sa dira gore ba nne le boleo. Tshekamelo ya go dira bosula e re nang le yone, re e tsere mo go bone.—Bala Duteronome 32:4, 5.

A bosula bo tla nnela ruri?

Modimo o batla gore re lwe le tshekamelo ya rona ya go dira bosula. (Diane 27:11) Ka jalo, o re ruta go tila bosula le go bona boitumelo jwa mmatota. Le fa go ntse jalo, gone jaanong ga re kgone go bontsha lorato jaaka Modimo.—Bala Pesalema 32:8.

Le fa gone jaanong bosula bo aname, Modimo o bo letlile ka nakwana gore re bone ditlamorago tsa jone tse di bosula. (2 Petere 3:7-9) Mo nakong e e sa fediseng pelo, lefatshe le tla tlala ka batho ba ba itumetseng ba ba reetsang Modimo.—Bala Pesalema 37:9-11.

Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 3 mo bukeng ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa

Gape e gone mo www.jw.org/tn

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela