LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w15 8/1 ts. 3-4
  • Go Direga Eng ka Rona fa re Sena go Swa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Direga Eng ka Rona fa re Sena go Swa?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Baswi ba mo boemong bofe?
  • Tota Dihele ke Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Baswi ba Tla Tsoga!
    Baebele e re Ruta Eng?
  • Dihele ke Eng? Baebele E a Re Dihele ke Eng?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Loso ga se Bokhutlo!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
w15 8/1 ts. 3-4

SETLHOGO SA KA FA NTLE | GO TSHELA GAPE—A GO A KGONEGA?

Go Direga Eng ka Rona fa re Sena go Swa?

Bagolo le bana ba dikaganyeditse lekase kwa mabitleng

“Ke ne ke akanya gore go na le mafelo a mararo a motho a ka yang kwa go one fa a swa: kwa legodimong, diheleng kgotsa pakatoring. Ke ne ke itse gore ga ke a siama mo nka yang legodimong e bile ga ke bosula mo nka yang diheleng. Ke ne ke sa itse gore tota go direga eng kwa pakatoring. Ga ke ise ke bone selo se se ntseng jalo mo Baebeleng. Ke ne ke se utlwa fela mo bathong.”—Lionel.

“Ke ne ke rutilwe gore batho botlhe ba ya legodimong fa ba tlhokafala mme seo se ne se sa nkgotsofatse. Ke ne ke akanya gore loso ke bokhutlo jwa sengwe le sengwe e bile ga go na tsholofelo epe ka baswi.”—Fernando.

A o kile wa ipotsa jaana: ‘Tota go direga eng fa motho a swa? A batho ba re ba ratang ba ba suleng ba utlwisiwa botlhoko felo gongwe? A re tla tsamaya re ba bona gape? Re ka tlhomamisega jang ka seo?’ Tsweetswee ela tlhoko se Baebele e se rutang. Sa ntlha, mma re sekaseke gore Baebele ya reng ka loso. Go tswa foo, re tla tlotla ka se Lefoko la Modimo e leng Baebele le re solofetsang sone.

Baswi ba mo boemong bofe?

BAEBELE E ARABA JAANA: “Batshedi ba a itse gore ba tla swa; mme fa e le baswi bone, ga ba itse sepe gotlhelele, le gone ga ba tlhole ba na le tuelo, ka gonne go ba gakologelwa go lebetswe. Sotlhe se seatla sa gago se se bonang go se dira, se dire ka maatla a gago, gonne ga go na tiro le fa e le go loga maano le fa e le kitso le fa e le botlhale kwa Sheole, lefelo le o yang kwa go lone.”a—Moreri 9:5, 10.

Ka bokhutshwane fela re ka re, Sheole e leng lebitla, ke kwa batho ba yang gone fa ba swa; ke lefelo kgotsa boemo jwa tshwantshetso kwa go se nang botshelo kgotsa tiro epe gone. Monna yo o ikanyegang e bong Jobe o ne a itse Sheole e le eng? O ne a latlhegelwa ke dithoto tsa gagwe le bana ka letsatsi le le lengwe a bo a tswa diso tse di botlhoko mo mmeleng. O ne a kopa Modimo jaana: “E kete o ne o ka mphitlha mo Sheole [“mo diheleng,” Catholic Douay Version], wa mpaya mo sephiring.” (Jobe 1:13-19; 2:7; 14:13) Go bonala sentle gore Jobe o ne a sa akanye gore Sheole e ne e le molelo wa dihele, lefelo le le neng le tla dira gore a boge le go feta. Go na le moo, o ne a itse Sheole e le lefelo la go ikhutsa.

Go na le sengwe gape se se ka re thusang go itse gore baswi ba mo boemong bofe. Re ka sekaseka dipego tsa Baebele tse di buang ka batho ba le robedi ba ba ileng ba tsosiwa.—Bona lebokose le le reng, “Batho ba le Robedi ba mo Baebeleng ba ba Ileng ba Tsosiwa.”

Ga go ope wa batho bao ba le robedi yo o neng a re o ne a le kwa lefelong la boitumelo jo bo feteletseng kgotsa a utlwisiwa botlhoko. Fa e le gore batho bao ba ne ba le kwa go lengwe la mafelo ao fa ba swa, a ba ka bo ba sa bolelela batho ka gone? Mme gone, a seo se ne se ka se akarediwe mo Baebeleng gore botlhe ba itse ka gone? Baebele ga e bue sepe ka gone. Batho bao ba le robedi ga ba a bua sepe ka gone. Ka ntlha yang? Ka gonne ba ne ba sa utlwe sepe jaaka e kete ba robetse. Boammaaruri ke gore ditemana dingwe tsa Baebele di tshwantsha loso le boroko. Ka sekai, Dafide le Setefane ba ne ba “robala mo losong.”—Ditiro 7:60; 13:36.

Ka jalo, a go na le tsholofelo nngwe ka baswi? A ba ka tsoga mo borokong jono?

a Mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo, lefoko la Sehebera “Sheole” le la Segerika “Hadese” a kaya lebitla. Dithanolo dingwe tsa Baebele di dirisa lefoko “dihele” mme kgopolo ya gore ke lefelo le baswi ba tlhokofadiwang ka molelo kwa go lone ga e tswe mo Baebeleng.

BATHO BA LE ROBEDI BA MO BAEBELENG BA BA ILENG BA TSOSIWAb

Morwa wa motlholagadi Moporofeti Elija o ne a tsosa morwa wa motlholagadi yo o neng a nna kwa Sarepate e e kwa bokone jwa Iseraele.—1 Dikgosi 17:17-24.

Mosimane wa Moshunema Motlhatlhami wa ga Elija e bong moporofeti Elisha o ne a tsosa mosimane wa kwa motseng wa Shunema a bo a mmusetsa kwa batsading ba gagwe. —2 Dikgosi 4:32-37.

Monna mongwe kwa lebitleng Setopo sa monna yo o neng a sa tswa go swa se ne sa latlhelwa mo lebitleng le le neng le na le marapo a ga Elisha. Monna yono o ne a tsoga fa mmele wa gagwe o ama marapo a moporofeti. —2 Dikgosi 13:20, 21.

Morwa wa motlholagadi wa kwa Naina Jesu o ne a emisa mokoloko wa batho ba ba yang mabitleng kwa ntle ga motse wa Naina gore a tsose lekawana le le neng le sule a bo a le naya mmaalone yo o hutsafetseng.—Luke 7:11-15.

Morwadia Jairo Molaodimogolo wa sinagoge e bong Jairo, o ne a kopa Jesu gore a fodise morwadie yo o neng a lwala. Nakwana morago ga gore a swe, Jesu o ne a mo tsosa.—Luke 8:41, 42, 49-56.

Lasaro, tsala e e rategang ya ga Jesu Lasaro o ne a na le malatsi a le manè a tlhokafetse fa Jesu a mo tsosa batho ba le bantsi ba lebile.—Johane 11:38-44.

Dorekase Moaposetoloi Petere o ne a tsosa mosadi yono yo o rategang yo o neng a itsege ka ditiro tse dintsi tsa bopelonomi. —Ditiro 9:36-42.

Yutiko Lekawana lengwe le le bidiwang Yutiko le ne la wa mo fensetereng e e kwa godimo mme la swa; moaposetoloi Paulo o ne a mo tsosa. —Ditiro 20:7-12.

b Jaaka re tla bona mo setlhogong se se latelang, tsogo ya botlhokwa thata ya ga Jesu Keresete e ne e farologane thata le go tsosiwa ga batho bano ba le robedi.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela