LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w15 10/1 ts. 3
  • Goreng Batho ba Rapela?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Goreng Batho ba Rapela?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Atamela Modimo ka Thapelo
    Modimo o Batla Gore re Direng?
  • Tshiamelo ya thapelo
    Baebele e re Ruta Eng?
  • Thapelo e ka Nonotsha Botsala Jwa Gago le Modimo
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • O ka Rapela Jang Gore Modimo a Utlwe Dithapelo Tsa Gago?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2021
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
w15 10/1 ts. 3

SETLHOGO SA KA FA NTLE | A GO BOTLHOKWA GO RAPELA?

Goreng Batho ba Rapela?

“Ke ne ke tshwakgotswe ke go betšha. Ke ne ke rapelela gore ke gape madi a mantsi mme go ne ga pala.”—Samuel,a Kenya.

“Kwa sekolong re ne re tlwaetse go boaboeletsa thapelo e re neng re e rutilwe.”—Teresa, Philippines.

“Ke rapela fa ke na le mathata. Ke rapelela gore ke itshwarelwe maleo le gore ke nne Mokeresete yo o molemo.”—Magdalene, Ghana.

1. Monna a rapela a le mo tafoleng ya go betšha; 2. Mosetsana a rapela kwa sekolong; 3. Mosadi a rapela

Se Samuel, Teresa le Magdalene ba se buileng se bontsha gore batho ba rapela ka ntlha ya mabaka a a farologaneng, bangwe ba rapelela dilo tse di botlhokwa go gaisa ba bangwe. Batho ba bangwe ba rapela go tswa pelong; ba bangwe ba rapela fela. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba tsaya go rapela go le botlhokwa, e ka ne ba rapelela gore ba falole ditlhatlhobo kwa sekolong, gore setlhopha sa bone sa metshameko se fenye, gore Modimo a kaele lelapa la bone kgotsa ka ntlha ya mabaka a mangwe a mantsi. Tota e bile, dipatlisiso di bontsha gore le batho ba ba sa tseneng kereke ba rapela ka metlha.

A o a tle o rapele? Fa go le jalo, o rapelela eng? Le fa o tlwaetse kgotsa o sa tlwaela go rapela, o ka tswa o ipotsa jaana: ‘A go botlhokwa go rapela? A go mongwe yo o ntheetsang?’ Mokwadi mongwe o ne a re thapelo ke “tsela ya go ikalafa . . . jaaka go bua le tlhapi e o e ruileng mo lapeng.” Ba tsa kalafi le bone ba bua se se tshwanang, ba re thapelo ke “tsela e nngwe ya go ikalafa.” A thapelo ke seomodiro fela mo bathong ba bangwe kgotsa ba a bo ba ikalafa?

Go farologana le seo, Baebele ya re thapelo e gaisa mofuta le fa e ka nna ofe wa kalafi. E re bolelela gore go na le mongwe yo o reetsang dithapelo tse di siameng. A seno se boammaaruri? Mma re bone bosupi.

a Maina mangwe a fetotswe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela