LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w15 10/1 ts. 5
  • Goreng Modimo a Batla Gore re mo Rapele?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Goreng Modimo a Batla Gore re mo Rapele?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Modimo o batla re nna ditsala tsa gagwe.
  • Modimo o batla go go thusa.
  • Batho ba na le keletso ya go atamalana le Modimo.
  • A Modimo o Utlwa Dithapelo Tsa Gago?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2021
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Tshiamelo ya thapelo
    Baebele e re Ruta Eng?
  • Go Atamela Modimo ka Thapelo
    Modimo o Batla Gore re Direng?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
w15 10/1 ts. 5

SETLHOGO SA KA FA NTLE | A GO BOTLHOKWA GO RAPELA?

Goreng Modimo a Batla Gore re mo Rapele?

Modimo o batla re nna ditsala tsa gagwe.

Ditsala di a tlotla gore di nne le kamano e e molemo. Ka tsela e e tshwanang, Modimo o batla gore re bue le ene, re nne ditsala tse di atamalaneng le ene. A re: “Lo tla mpitsa lo bo lo tla go nthapela, ke tla lo reetsa.” (Jeremia 29:12) Fa o bua le Modimo, o tla mo ‘atamela mme o tla go atamela.’ (Jakobe 4:8) Baebele e re tlhomamisetsa jaana: “Jehofa o gaufi le botlhe ba ba mmitsang.” (Pesalema 145:18) Fa re nna re rapela, kamano ya rona le Modimo e tla gola.

“Jehofa o gaufi le botlhe ba ba mmitsang.”—Pesalema 145:18

Modimo o batla go go thusa.

Jesu o ne a re: “Ke mang mo go lona yo fa morwawe a mo kopa senkgwe—ga a na go mo naya leje, ga ke re? Kgotsa, gongwe, o tla kopa tlhapi—ga a na go mo naya noga, ga ke re? Jalo, fa lona . . . lo itse kafa lo ka nayang bana ba lona dimpho tse di molemo ka gone, a bo Rraalona yo o kwa magodimong a tla naya bogolo jang ne dilo tse di molemo ba ba mo kopang!” (Mathaio 7:9-11) Boammaaruri ke gore Modimo o batla gore o mo rapele ka gonne ‘o a go kgathalela’ e bile o batla go go thusa. (1 Petere 5:7) E bile o batla gore o mmolelele fa o na le mathata. Baebele ya re: “Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe, mme mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo.”—Bafilipi 4:6.

Batho ba na le keletso ya go atamalana le Modimo.

Baitse ba tlholego ya motho ba lemogile gore batho ba le bantsi ba tsaya go rapela go le botlhokwa. Tota le balatolamodimo bangwe le batho ba ba dumelang gore Modimo ke masaitsiweng ba bona go le botlhokwa go rapela.a Seno se bontsha gore batho ba bopilwe ba na le keletso ya go atamalana le Modimo. Jesu o ne a re: “Go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng.” (Mathaio 5:3) Tsela e le nngwe fela ya go dira seno, ke ka go bua le Modimo ka metlha.

Fa re rapela Modimo jaaka a batla re dira, re ka solegelwa molemo jang?

a Ka 2012, mokgatlho wa Pew Research Center o ne wa dira patlisiso e e neng ya bontsha gore diperesente di le 11 tsa balatolamodimo kwa United States ba rapela mo e ka nnang gangwe mo kgweding.

Thapelo e Akaretsa Eng?

Baebele e bontsha gore thapelo e ka akaretsa karolo nngwe le nngwe ya botshelo jwa rona. Thapelo e ka akaretsa:

  • Go Ipolela Maleo “Ke ne ka ipolela boleo jwa me mo go wena, mme ka se ka ka bipa tlolo ya me.”—Pesalema 32:5.

  • Go Leboga “Go molemo go ntshetsa Jehofa ditebogo.”—Pesalema 92:1.

  • Go Baka “Ke tla baka Jehofa ka dinako tsotlhe; pako ya gagwe e tla nna mo molomong wa me ka metlha.”—Pesalema 34:1.

  • Go Kopa Kaelo “Ntira gore ke gate mo tselaneng ya ditaelo tsa gago, gonne e nnatefeletse.”—Pesalema 119:35.

  • Go Kopa Maatla “Retologela kwa go nna o mpontshe kutlwelobotlhoko. Naya motlhanka wa gago nonofo.”—Pesalema 86:16.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela