LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w15 10/1 ts. 6-8
  • Thapelo—Kafa E ka Go Thusang ka Gone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thapelo—Kafa E ka Go Thusang ka Gone
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kagiso ya mogopolo.
  • Kgomotso le maatla ka dinako tsa mathata.
  • Botlhale jo bo tswang kwa Modimong.
  • Go Rapela Go ka Go Thusa Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2021
  • Ke Eng Fa re Tshwanetse go Rapela re sa Kgaotse?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Nna o Ntse o Atamalane le Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • “A Dikopo Tsa Lona di Itsisiwe Modimo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
w15 10/1 ts. 6-8
Mosadi a rapela a akantse ka mmaagwe yo o lwalang

SETLHOGO SA KA FA NTLE | A GO BOTLHOKWA GO RAPELA?

THAPELO Kafa E ka Go Thusang ka Gone

Pele o dira sengwe, o ka nna wa ipotsa gore, ‘Se tla ntsholegela molemo jang?’ A mme go tla bo go le phoso go botsa jaana ka thapelo? Nnyaa. Re batla go itse gore a e tla re solegela molemo. Tota le monna yo o siameng e bong Jobe o kile a botsa jaana: “Fa ke ne ke mmiditse, a o ne a tla nkaraba?”—Jobe 9:16.

Mo ditlhogong tse di fetileng, re bone bosupi jwa gore thapelo ga se fela moetlo wa bodumedi kgotsa sengwe se se lapolosang tlhaloganyo. Tota Modimo wa boammaaruri o reetsa dithapelo. Fa re rapela ka tsela e e siameng, o tla re reetsa. Tota e bile, o re kgothaletsa gore re atamalane le ene. (Jakobe 4:8) Ka jalo, re ka solegelwa molemo jang fa re rapela ka metlha? Mma re bone melemo mengwe ya gone.

Kagiso ya mogopolo.

A o tlhobaela thata fa go tlhaga mathata le dikgwetlho mo botshelong jwa gago? Baebele e re kgothaletsa gore ka dinako tse di ntseng jalo re ‘rapele re sa kgaotse’ le gore ‘dikopo tsa rona di itsisiwe Modimo.’ (1 Bathesalonika 5:17; Bafilipi 4:6) Baebele e re tlhomamisetsa gore fa re bua le Modimo ka thapelo, ‘kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa rona le maatla a rona a mogopolo.’ (Bafilipi 4:7) Fa re bulela Rraarona yo o kwa legodimong mafatlha, re tla nna le kagiso ya mogopolo. Tota e bile, o re kgothaletsa go dira jalo. Pesalema 55:22 ya re: “Latlhela mokgweleo wa gago mo go Jehofa, mme ene o tla go tshegetsa.”

“Latlhela mokgweleo wa gago mo go Jehofa, mme ene o tla go tshegetsa.”—Pesalema 55:22

Batho ba le bantsi mo lefatsheng ba ile ba nna le kagiso eo. Hee Ran wa kwa Korea Borwa a re: “Fa ke na le mathata a a masisi mme ke bo ke rapela ka one, ke ikutlwa ke imologile e bile ke na le maatla a go itshoka.” Cecilia wa kwa Philippines a re: “E re ka ke le mmè, ke tshwenyega thata ka bomorwadiake le ka mmè wa me yo o nang le bothata jwa go ntebala. Mme thapelo e nthusa gore ke kgone go dira ditiro tsa letsatsi le letsatsi ke sa tshwenyege thata. Ke a itse gore Jehofa o tla nthusa go ba tlhokomela.”

Kgomotso le maatla ka dinako tsa mathata.

A o gateletswe thata mo maikutlong kgotsa o lebane le maemo mangwe a a thata gongwe a a bayang botshelo jwa gago mo kotsing? Go rapela “Modimo wa kgomotso yotlhe” go tla dira gore o imologe. Baebele ya re ‘o re gomotsa mo pitlaganong yotlhe ya rona.’ (2 Bakorintha 1:3, 4) Ka sekai, nako nngwe fa Jesu a ne a tshwenyegile thata, o ne “a oba mangole a simolola go rapela.” Mme go ne ga diregang? “Moengele a tswa legodimong a bonala kwa go ene mme a mo nonotsha.” (Luke 22:41, 43) Monna mongwe yo o ikanyegang e bong Nehemia o ne a tshosediwa ke batho ba ba bosula ba ba neng ba leka go mo thibela gore a se ka a dira tiro e Modimo a neng a mo neile yone. O ne a rapela jaana: “Mme jaanong nonotsha diatla tsa me.” Ditiragalo tse di neng tsa latela morago ga foo di bontsha gore Modimo o ne a mo thusa go fenya poifo mme a tswelela ka tiro ya gagwe. (Nehemia 6:9-16) Reginald wa kwa Ghana o tlhalosa kafa thapelo e mo thusang ka gone: “Fa ke rapela, segolobogolo ka dinako tse ke imelwang ke mathata, ke ikutlwa e kete ke boleletse mongwe yo o kgonang go nthusa a bo a ntlhomamisetsa gore ga ke tlhoke go tshwenyega.” Ee, Modimo a ka re gomotsa fa re mo rapela.

Botlhale jo bo tswang kwa Modimong.

Ditshwetso dingwe tse re di dirang di ka fetola matshelo a rona le a batho ba re atamalaneng le bone. Re ka dira jang ditshwetso tse di siameng? Baebele ya re: “Fa mongwe wa lona a tlhoka botlhale, [segolobogolo fa a lebane le diteko] a a nne a kope Modimo, gonne o naya botlhe ka bopelotshweu e bile a sa kgobe; mme o tla bo newa.” (Jakobe 1:5) Fa re kopa botlhale mo Modimong, a ka re thusa ka moya wa gagwe o o boitshepo gore re dire ditshwetso tse di siameng. Tota e bile re ka kopa one moya o o boitshepo ka gonne Jesu o re tlhomamisetsa gore ‘Rara yo o kwa legodimong [o tla] naya moya o o boitshepo ba ba mo kopang!’—Luke 11:13.

Monna a rapela

“Ke ne ke rapela Jehofa ka metlha gore a nthuse go dira tshwetso e e siameng.”—Kwabena, Ghana

Tota le Jesu o ne a bona go le botlhokwa gore a kope Rragwe go mo thusa go dira ditshwetso tse di botlhokwa. Baebele e re bolelela gore fa a ne a batla go tlhopha banna ba le 12 ba e neng e tla nna baaposetoloi ba gagwe, o ne “a tswelela bosigo jotlhe a rapela Modimo.”—Luke 6:12.

Fela jaaka Jesu, batho ba le bantsi ba ile ba tlhatswega pelo fa ba bona Modimo a araba dithapelo tsa bone ka go ba thusa go dira ditshwetso tse di siameng. Regina wa kwa Philippines a re o ne a lebana le mathata a a jaaka, go tlamela ene le ba lelapa la gagwe morago ga loso lwa monna wa gagwe, go latlhegelwa ke tiro le go godisa bana. O thusitswe ke eng go dira ditshwetso tse di botlhale? A re: “Ke ne ka rapela Jehofa ke ikaegile ka thuso ya gagwe.” Kwabena wa kwa Ghana o tlhalosa lebaka la go bo a ne a kopa thuso kwa Modimong jaana: “Ke ne ka latlhegelwa ke tiro e e duelang sentle ya go aga.” O ne a bua jaana fa a ntse a akanya ka se a ka se dirang: “Ke ne ke rapela Jehofa ka metlha gore a nthuse go dira tshwetso e e siameng.” O oketsa jaana: “Ke itumelela go bo Jehofa a nthusitse go bona tiro e e dirang gore ke kgone go nna le dilo tse ke di tlhokang le go nna le kamano e e molemo le ene.” Le wena Modimo a ka go kaela fa o rapela ka dilo tse di ka amang kamano ya gago le ene.

Re umakile dilo di le mmalwa fela tse thapelo e ka go thusang ka tsone. (Bona tse dingwe mo lebokosong la setlhogo se se reng “Melemo ya go Rapela.”) Mme gore o bone melemo eno, sa ntlha o tshwanetse go itse Modimo le thato ya gagwe. Fa e le gore seo ke se o se batlang, re go kgothaletsa gore o kope Basupi ba ga Jehofa gore ba ithute Baebele le wena.a Eno e ka nna kgato ya ntlha ya gore o atamalane le “Moutlwi wa thapelo.”—Pesalema 65:2.

a Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa ba mo lefelong la lona kgotsa o tsene mo website ya rona ya www.jw.org/tn.

Melemo ya go Rapela

Kagiso ya mogopolo “Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe, mme mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo ka Keresete Jesu.”—Bafilipi 4:6, 7.

Go gomodiwa ke Modimo “A go bakwe Modimo le Rra Morena wa rona Jesu Keresete, Rara wa mautlwelobotlhoko a manana le Modimo wa kgomotso yotlhe, yo o re gomotsang mo pitlaganong yotlhe ya rona.” —2 Bakorintha 1:3, 4.

Kaelo ya go dira ditshwetso tse di siameng “Jalo, fa mongwe wa lona a tlhoka botlhale, a a nne a kope Modimo, gonne o naya botlhe ka bopelotshweu e bile a sa kgobe; mme o tla bo newa.”—Jakobe 1:5.

Go thusiwa go tila thaelo “Tswelelang lo rapela, gore lo se ka lwa tsena mo thaelong.”—Luke 22:40.

Go itshwarelwa maleo “Fa batho ba me ba ba bidiwang ka leina la me, ba ikokobetsa, mme ba rapela, ba batla sefatlhogo sa me, mme ba tlogela ditsela tsa bone tsa boikepo; foo ke tla utlwa ke le mo legodimong, mme ke tla itshwarela boleo jwa bone, ke fodisa lefatshe la bone.”—2 Ditiragalo 7:14.

Tsela ya go thusa ba bangwe “Mokokotlelo wa motho yo o siameng, fa o dira, o na le maatla a magolo.” —Jakobe 5:16.

Go kgothala fa dithapelo di arabiwa “Jehofa a mo raya [Solomone] a re: ‘Ke utlwile thapelo ya gago le kopo ya gago ya kamogelo e o kopileng kamogelo ka yone fa pele ga me.’”—1 Dikgosi 9:3.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela