LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp21 no. 1 ts. 14-15
  • Go Rapela Go ka Go Thusa Jang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Rapela Go ka Go Thusa Jang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2021
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thapelo—Kafa E ka Go Thusang ka Gone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Atamela Modimo ka Thapelo
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Tshiamelo ya thapelo
    Baebele e re Ruta Eng?
  • Thapelo e ka Nonotsha Botsala Jwa Gago le Modimo
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2021
wp21 no. 1 ts. 14-15

Go Rapela Go ka Go Thusa Jang?

Fa Pamela a lwala o ile a ya ngakeng. Mo godimo ga moo, o ile a kopa Modimo gore a mo thuse go itshokela bolwetse jwa gagwe. A go rapela go ile ga mo thusa?

Pamela a re: “Fa ke ntse ke tsweletse ka kalafi ya me ya kankere, ka dinako dingwe ke ne ke tle ke ikutlwe ke tshogile. Fa ke rapela, letshogo leo le ne le tsamaya e bile ke ne ke kgona go boa gape ke akanya sentle. Le fa gone ke na le ditlhabi tse di sa foleng, go rapela go nthusa gore ke kgone go itumelela botshelo. Fa batho ba mpotsa gore ke ikutlwa jang, ke ba raya ke re, ‘ga ke ikutlwe sentle, mme gone ke itumetse.’”

Gone ga re ka ke ra emela gore re lwale kgotsa re nne le mathata pele re rapela. Rotlhe re na le mathata mme re a tle re ikutlwe re tlhoka thuso ya go lebana le one. A go rapela go ka re thusa?

Baebele ya re: “Latlhela mokgweleo wa gago mo go Jehofa, mme ene o tla go tshegetsa. Ga a kitla a letlelela mosiami go reketla le ka motlha.” (Pesalema 55:22) Tota mafoko a temana eno a a kgothatsa! Jaanong go rapela go ka go thusa jang? Fa o rapela Modimo ka tsela e a e batlang, o tla go thusa go lebana le mathata a gago.​—Bona lebokoso le le reng “Thapelo E ka Go Thusa Jang?”

Thapelo E ka Go Thusa Jang?

Ga o na go tlhobaela

Rrakgwebo yo o neng a latlhegetswe ke tiro pelenyana o itumetse.

“A dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo ka Keresete Jesu.” (Bafilipi 4:6, 7) Fa o bolelela Modimo mathata a gago, O tla go thusa gore o akanye sentle le go dira ditshwetso tse di siameng.

Botlhale jo bo tswang kwa Modimong

Mosadi yo o neng a bala thapelo mo bukeng o bala Baebele kwa legaeng la gagwe.

“Fa mongwe wa lona a tlhoka botlhale, a a nne a kope Modimo, gonne o naya botlhe ka bopelotshweu e bile a sa kgobe; mme o tla bo newa.” (Jakobe 1:5) Fa re le mo mathateng ga se gantsi re dira ditshwetso tse di siameng. Fa o rapela o kopa Modimo gore a go neye botlhale, a ka go thusa go gopola melaometheo e e mo Baebeleng e e ka go thusang.

Maatla le kgomotso

Banyalani ba ba neng ba le kwa sepetlele, ba tsamaya mmogo kwa parakeng. Monna wa gagwe o mo thusa go tsamaya a dirisa thobane.

“Mo dilong tsotlhe ke na le nonofo ka ntlha ya yo o nnayang maatla.” (Bafilipi 4:13) E re ka Modimo e le Mothatayotlhe, a ka go naya maatla a o a tlhoka gore o kgone go lebana le mathata a gago. (Isaia 40:29) Gape Jehofa ke “Modimo wa kgomotso yotlhe.” Modimo a ka re gomotsa “mo pitlaganong yotlhe ya rona.”​—2 Bakorintha 1:3, 4.

A GO RAPELA GO TLA GO THUSA?

Jehofa ga a go pateletse gore o mo rapele. Go na le moo, o go laletsa gore o dire jalo. (Jeremia 29:11, 12) Go tweng jaanong fa o ikutlwa e kete dithapelo tsa gago ga di arabiwe? O se ka wa fela pelo. Batsadi ba ka nna ba se ka ba thusa bana ba bone ka tsela e ba e batlang, kgotsa ka nako e bana ba bone ba batlang. Gongwe ba ka tswa ba na le tsela e nngwe e e botoka e ba ka thusang bana ba bone ka yone. Mme gone kwa bofelong, batsadi ba tla thusa bana ba bone.

Jehofa Modimo ke motsadi yo o lorato yo o batlang go go thusa. Fa o ithuta melaometheo e re tlotlileng ka yone o bo o e dirisa, Modimo o tla araba dithapelo tsa gago ka tsela e ene a e bonang e le molemo.​—Pesalema 34:15; Mathaio 7:7-11.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela