LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w15 12/1 ts. 11
  • A o Ne o Itse?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Ne o Itse?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jerusalema—“Motse wa Kgosi E Kgolo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Boithutamarope—A re A bo Tlhoka go Nna le Tumelo?
    Tsogang!—2002
  • Pharologanyo ya Jerusalema wa Selefatshe le Jerusalema wa Selegodimo
    Polokesego Mo Lefatsheng Lotlhe Tlase ga “Kgōsana ea Kagishō”
  • Go Anama ga Bokeresete mo Bajudeng ba Lekgolo la Ntlha la Dingwaga
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
w15 12/1 ts. 11

A O NE O ITSE?

A tota Bajuda ba ba neng ba ya kwa Jerusalema ka Pentekosete ya 33 C.E. ba ne ‘ba tswa mo setšhabeng sengwe le sengwe’?

Batho ba tlotla mo mmileng o o tlhanaselang kwa Jerusalema ka Pentekosete ya 33 C.E.

Mmila o o tlhanaselang kwa Jerusalema ka Pentekosete ya 33 C.E

Mo godimo ga se pego ya Baebele ya Ditiro 2:5-11 e se buang, mokwadi wa Mojuda yo o neng a tshela mo metlheng eo e bong Philo, o ne a bua ka boidiidi jwa batho jo bo neng bo ya kwa Jerusalema ka Pentekosete ya 33 C.E.

Philo o ne a kwala jaana ka bone: “Boidiidi jo bo sa balegeng jwa batho go tswa kwa metseng e mentsintsi bo ne bo nna gone kwa moletlong mongwe le mongwe, bangwe ba tswa kwa dinageng tse di kgakala, bangwe ba tswa kwa motsheo ga lewatle, kwa botlhaba, bophirima, bokone le kwa borwa.” Gape o ne a nopola lekwalo le Ageripa I a neng a le kwaletse Mmusimogolo wa Roma e bong Caligula. Mo go lone, Ageripa o ne a kwala jaana ka Jerusalema: “Motse o o Boitshepo . . . ga se motsemogolo wa Judea fela mme gape ke wa dinaga tse dingwe, ka gonne dikolone di le dintsi tse di mo dinageng tse di gaufi di tswile mo go one.”

Ageripa o ne a kwala lenaane la mafelo a dikolone tsa Bajuda di neng di le kwa go one, go akaretsa le mafelo a a kgakala kwa Mesopotamia, Bokone jwa Afrika, Asia Minor, Gerika le ditlhaketlhake tsa Mediterranean. Mokanoki mongwe e bong Joachim Jeremias a re: “Le fa lenaane leno le sa bue sepe ka gore go ne go tsewa mesepele go ya Jerusalema, seo ga se a kwalwa ka gonne e ne e le maikarabelo a Bajuda ba ba godileng go ya koo.”—Duteronome 16:16.

Batho ba ba neng ba ya meletlong ya Bajuda kwa Jerusalema ba ne ba robala kae?

Marope a megotswana ya go intlafatsa a kwa Jerusalema

Marope a megotswana ya go intlafatsa a kwa Jerusalema

Ngwaga le ngwaga go ne go tshwarwa meletlo e meraro kwa Jerusalema—Moletlo wa Tlolaganyo, Pentekosete le wa Diobo. Ka lekgolo la ntlha la dingwaga, batho ba le diketekete ba ne ba tswa kwa Iseraele le kwa dinageng tse Bajuda ba neng ba nna kwa go tsone, ba ya kwa meletlong eo. (Luke 2:41, 42; Ditiro 2:1, 5-11) Botlhe ba ba neng ba ya koo, ba ne ba tshwanetse go bona kwa ba ka latsang tlhogo gone.

Bangwe ba ne ba ya go robala kwa ditsaleng; ba bangwe kwa matlong a baeti kgotsa a go amogela baeng. Ba le bantsi ba ne ba robala mo ditenteng go bapa le lebota la motse. Lekgetlho la bofelo fa Jesu a ne a le kwa Jerusalema, o ne a ya go robala kwa motseng o o gaufi o o bidiwang Bethani.—Mathaio 21:17.

Go ne ga fitlhelwa dikago di le mmalwa tse di nang le megotswana e go tlhapelwang mo go yone gaufi le tempele. Go akanngwa gore dikago tseno e ne e le dihosetele tse baeti ba neng ba robala le go intlafatsa mo go tsone pele ba tsena mo tempeleng. Mekwalo e e fitlhetsweng mo leboteng la nngwe ya dikago tseno e bontsha gore Theodotus, e leng moruti le moeteledipele wa sinagoge ya koo, “o ne a aga sinagoge e e dirisediwang go bala Torah [Molao wa Sejuda] . . . a bo a aga le hosetele, dikamore le go tsenya metsi a batho ba ba tlhokang ba neng ba tla a dirisa.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela