LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp16 no. 2 ts. 16
  • Diabolo ke Mang Kgotsa ke Eng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Diabolo ke Mang Kgotsa ke Eng?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Diabolo ke mang kgotsa ke eng?
  • A Diabolo a ka kgona go laola batho?
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • “Ganetsang Diabolo” Jaaka Jesu A ne A Dira
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Diabolo—Ga se Tumelabotlhodi Fela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Ganetsang Satane, Mme o Tla lo Tshaba!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
wp16 no. 2 ts. 16
Jesu o gana dithaelo tsa ga Satane

Baebele ya Reng ka Kgang Eno?

Diabolo ke mang kgotsa ke eng?

A O KA RE Diabolo ke . . .

  • Sebopiwa sa moya?

  • Bosula jo bo mo teng ga motho?

  • Se motho a se ikakanyetsang fela?

SE BAEBELE E SE BUANG

Diabolo o ne a buisana le Jesu a ba a mo ‘raela.’ (Mathaio 4:1-4) Ka jalo, Diabolo ga se sengwe se se ikakanyediwang fela kgotsa bosula jo bo mo teng ga motho. Ke sebopiwa se se bosula sa moya.

RE KA ITHUTA ENG GAPE MO BAEBELENG?

  • Kwa tshimologong, Diabolo e ne e le moengele yo o boitshepo mme “o ne a se ka a itsetsepela mo boammaaruring.” (Johane 8:44) O ne a nna moaki mme a tsuologela Modimo.

  • Baengele ba bangwe le bone ba ne ba tsuologa le Satane.—Tshenolo 12:9.

  • Diabolo o foufatsa batho gore ba se ka ba bona gore o teng.—2 Bakorintha 4:4.

A Diabolo a ka kgona go laola batho?

BATHO BANGWE BA RE kgang ya gore Diabolo o kgona go laola batho ke maaka, fa ba bangwe bone ba boifa go laolwa ke meya e e bosula. Wena o akanyang?

SE BAEBELE E SE BUANG

“Lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” (1 Johane 5:19) Diabolo o tlhotlheletsa batho ka tsela e kgolo, mme gone, ga a laole mongwe le mongwe.

RE KA ITHUTA ENG GAPE MO BAEBELENG?

  • Diabolo o dirisa tsietso go oketsa tsela e a tlhotlheletsang batho ka yone.—2 Bakorintha 11:14.

  • Ka dinako dingwe meya e e boikepo e ka laola batho.—Mathaio 12:22.

  • Modimo a ka go thusa gore o kgone go ‘ganetsa Diabolo.’—Jakobe 4:7.

Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 10 ya buka eno ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa

Gape e gone mo www.jw.org/tn

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela