DIKARABO TSA DIPOTSO TSA BAEBELE
Diabolo o Tswa Kae?
Modimo ga a bopa Diabolo. Go na le moo, Modimo o ne a bopa moengele, yo moragonyana a ileng a nna Diabolo mme gape a itsege e le Satane. Jesu o ne a bontsha gore ka nako nngwe Diabolo o kile a bo a ikanyega e bile a se na molato. Ka jalo, kwa tshimologong, Diabolo e ne e le morwa Modimo yo o siameng wa moengele.—Bala Johane 8:44.
Go ne ga tla jang gore moengele mongwe e nne Diabolo?
Moengele yo o neng a nna Diabolo o ne a tlhopha go ganetsa Modimo mme a tlhotlheletsa banyalani ba ntlha go kopanela le ene mo go seo. Ka tsela eo, o ne a itira Satane, mo go rayang “Moganetsi.”—Bala Genesise 3:1-5; Tshenolo 12:9.
Jaaka dibopiwa tse dingwe tse di botlhale tsa Modimo, moengele yo o neng a nna Diabolo o ne a na le kgololesego ya go itlhophela go dira se se siameng kgotsa se se sa siamang mme o ne a nna le keletso ya go batla go obamelwa. Keletso ya gagwe ya go batla kgalaletso e ne e nonofile go gaisa keletso ya gagwe ya go itumedisa Modimo.—Bala Mathaio 4:8, 9; Jakobe 1:13, 14.
Diabolo o ile a tswelela jang go tlhotlheletsa batho? A o tshwanetse go mmoifa? O ka bona dikarabo tsa dipotso tseno mo Baebeleng.