LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwbq setlhogo 48
  • A Modimo O ne A Bopa Diabolo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Modimo O ne A Bopa Diabolo?
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Karabo ya Baebele
  • A Modimo O ne A Bopa Diabolo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Diabolo—Ga se Tumelabotlhodi Fela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Tota ke Mang yo o Busang Lefatshe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
ijwbq setlhogo 48
Moengele yo o sa utlweng o ne a fetoga Diabolo

A Modimo O ne A Bopa Diabolo?

Karabo ya Baebele

Baebele e bontsha gore Modimo ga a bopa Diabolo. Go na le moo, o ne a bopa motho yo o neng a fetoga Diabolo. Baebele e bolela jaana ka Modimo: “Tiro ya gagwe e itekanetse, gonne ditsela tsotlhe tsa gagwe di tshiamiso. Modimo yo o ikanyegang, yo go se nang botlhoka tshiamiso mo go ene; o siame e bile o thokgame.” (Duteronome 32:3-5) Go tswa mo mafokong ao, re ka swetsa ka gore kwa tshimologong Satane o ne a itekanetse e bile a siame e le mongwe wa bomorwa Modimo ba baengele.

Mo go Johane 8:44, Jesu o ne a re Diabolo o ne a “se ka a itsetsepela mo boammaaruring,” mo go rayang gore Satane o kile a bo a na le boammaaruri e bile a se na molato.

Le fa go ntse jalo, jaaka dibopiwa tse dingwe tse di botlhale tsa ga Jehofa, moengele yo o neng a nna Satane o ne a na le kgololesego ya go tlhopha se se siameng kgotsa se se sa siamang. Ka go tlhopha go ganetsa Modimo le go tlhotlheletsa banyalani ba ntlha gore le bone ba ganetse Modimo, o ne a itira Satane, mo go rayang “Moganetsi.”—Genesise 3:1-5; Tshenolo 12:9.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela