LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w11 9/1 ts. 4-6
  • Tota ke Mang yo o Busang Lefatshe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tota ke Mang yo o Busang Lefatshe?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tota ke Mang yo o Busang Lefatshe?
  • Diabolo ke Mang Kgotsa ke Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • A Tota Diabolo o Teng?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Diabolo—Ga se Tumelabotlhodi Fela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
w11 9/1 ts. 4-6

Tota ke Mang yo o Busang Lefatshe?

O KA tswa o ise o kopane le baeteledipele bape ba digongwana tse di rulagantsweng tsa dikebekwa. A seno se kaya gore ga ba yo? Baeteledipele ba dikebekwa ba kgona go fitlha se ba leng sone kgotsa le e leng go kaela dikebekwa tse dingwe ba ntse ba le mo kgolegelong. Le fa go ntse jalo, ditlhogo tsa dikgang tse di buang ka dintwa tsa bagwebi ba diokobatsi, ditlhopha tse di rulagantsweng tsa batho ba ba gwebang ka mmele le kgwebo ya go rekisa batho, fa re umaka di se kae fela, di re bontsha tlhotlheletso e e bosula ya baeteledipele bano ba dikebekwa le diphelelo tse di utlwisang botlhoko tsa ditiro tsa bone le gore tota ba teng. Re itse gore baeteledipele ba dikebekwa ba teng ka ntlha ya diphelelo tse di utlwisang botlhoko tse ba di bakelang batho.

Lefoko la Modimo, Baebele, le senola gore Satane o teng, e bile fela jaaka moeteledipele yo o maatla wa dikebekwa, o tlhomamisa gore thato ya gagwe e a dirwa a dirisa “ditshupo tsa maaka” le ‘tsietso e e sa siamang.’ Tota e bile Baebele ya re “o nna a iphetola moengele wa lesedi.” (2 Bathesalonika 2:9, 10; 2 Bakorintha 11:14) Ditiro tsa ga Diabolo le tsone di ka supa gore tota o teng. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa batho ba fitlhela go le thata go dumela gore go na le setshedi sengwe sa moya se se boikepo se se sa bonaleng. Pele re sekaseka ka kelotlhoko se Baebele e se buang ka ga Diabolo, mma re sekasekeng dikgopolo tse di tlwaelegileng le dilo tse di phoso tse batho ba di dumelang tse di thibelang ba le bantsi go dumela gore Diabolo o teng.

◼ “Go ne go ka tla jang gore Modimo yo o lorato a bope Diabolo?” E re ka Baebele e re Modimo o molemo e bile o itekanetse, go lebega go sa utlwale go akanya gore o ne a ka bopa setshedi se se bosula se se pelompe e bile se le boikepo. Boammaaruri ke gore Baebele ga e re Modimo o bopile motho yo o ntseng jalo. Go na le moo, e bolela jaana ka Modimo: “Lefika, tiro ya gagwe e itekanetse, gonne ditsela tsotlhe tsa gagwe di tshiamiso. Modimo yo o ikanyegang, yo go se nang botlhoka tshiamiso mo go ene; o siame e bile o thokgame.”—Duteronome 32:4; Pesalema 5:4.

Ntlha e re tshwanetseng go e sekaseka ke gore a motho yo o itekanetseng yo o bopilweng ke Modimo o ne a ka dira sengwe se se sa siamang. Modimo ga a ka a dira gore dibopiwa tsa gagwe di nne jaaka diroboto, mme o ne a di naya kgololesego ya go itlhophela. Ka jalo, sebopiwa se se botlhale se ka nna sa tlhopha go dira molemo kgotsa bosula. Tota ditiro tse di dirilweng ke sebopiwa se se botlhale, e ka tswa e le motho kgotsa sebopiwa sa moya, ke tsone di ka tsewang di siame kgotsa di sa siama ka gonne se neilwe kgololesego ya go itlhophela.

Ka jalo, go a utlwala gore Modimo o ne a ka se neye dibopiwa tsa gagwe kgololesego ya go itlhophela mme a bo a di thibela go dira bosula fa di tlhopha go dira jalo. Jesu o ne a umaka go sa dirise sentle kgololesego ya go itlhophela fa a ne a bua jaana ka Diabolo: “O ne a se ka a itsetsepela mo boammaaruring.” (Johane 8:44) Mafoko ano a bontsha sentle gore motho wa moya yo o neng a fetoga go nna Diabolo, kwa tshimologong e ne e le motho yo o itekanetseng wa moya, yo ka nako nngwe a neng a ‘itsetsepetse mo boammaaruring.’a Jehofa Modimo o ne a bopa dibopiwa tsa gagwe di na le kgololesego ya go itlhophela ka gonne a di rata e bile a di ikanya.—Bona lebokose la setlhogo se se reng, “A go Ka Direga Gore Sebopiwa se se Itekanetseng se Felele se sa Itekanela?” mo go tsebe 6.

◼“Diabolo ke motlhanka wa Modimo” Batho bangwe ba akanya gore Baebele e lebega e dumalana le kgang eno mo bukeng ya Jobe. Buka nngwe e e akgelang ka Baebele ya re mafoko a a reng Diabolo o ne a “kgarakgatshega mo lefatsheng,” a bontsha tiro ya ditlhola tsa bogologolo tsa kwa Peresia tse di neng di tsaya mesepele di bo di tlisa pego kwa kgosing ya tsone. (Jobe 1:7) Le fa go ntse jalo, fa e ne e le gore Diabolo tota e ne e le setlhola se se romilweng ke Modimo, ke eng fa go ne go ka tlhokega gore a tlhalosetse Modimo gore o ne a tswa go “kgarakgatshega mo lefatsheng”? Pego e e mo go Jobe ga e tlhalose Diabolo a dirisana le Modimo, go na le moo e mmitsa ka leina la Satane, le le kayang “Moganetsi,” ka go rialo e bontsha gore tota ke Mmaba yo mogolo wa Modimo. (Jobe 1:6) Mme kgang ya gore Diabolo o direla Modimo e tswa kae?

Go tswa fela kwa lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., dibuka tse go sa tlhomamisiweng boammaaruri jwa tsone tse di jaaka “Book of Jubilees” le “Common Rule” tsa lekoko la Ba-Qumran, di ne tsa tlhalosa Diabolo a beelana mabaka le Modimo mme a ikobela thato ya Modimo. Mokwalahisitori mongwe e bong J. B. Russell mo bukeng ya gagwe ya Mephistopheles a re Modiradiphetogo wa Moporotesetanta e bong Martin Luther o ne a tsaya Diabolo e le sedirisiwa sa Modimo, “se se jaaka sedirisiwa se se pomang dijalo kgotsa mogoma o a o dirisang go tlhagola tshingwana ya gagwe.” Russell o tswelela a re, ntlha ke gore, “mogoma o itumelela go ntsha mefero,” mme o nna o le mo seatleng se se maatla sa Modimo, ka jalo o diragatsa thato ya Modimo. Thuto ya ga Luther—e moragonyana e neng ya amogelwa ke moithutabodumedi wa Mofora e bong John Calvin—e ne ya kgopisa badumedi ba le bantsi ka gonne e ne e sa tsamaisane le se ba dumelang gore ke tshiamiso. Modimo yo o lorato o ne a ka letla jang gore bosula bo nne teng a bo a dire gore bo direge? (Jakobe 1:13) Thuto eno, mmogo le matlhotlhapelo a a diragetseng mo lekgolong la bo20 la dingwaga, e thibela batho ba le bantsi gore ba se ka ba dumela gore Modimo le Diabolo ba teng.

◼ “Diabolo ke bosula fela ka kakaretso” Fa re tsaya gore Diabolo ke bosula fela ka kakaretso, seo se dira gore go nne thata go tlhaloganya ditemana dingwe tsa Baebele. Ka sekai, mo motlotlong o o mo go Jobe 2:3-6, Modimo o ne a buisana le mang? A go ka direga gore o ne a bua le bosula fela jo bo mo go Jobe kgotsa a gongwe o ne a bua a le esi? Mo godimo ga moo, a Modimo o ne a ka akgola Jobe ka ntlha ya dinonofo tsa gagwe tse di molemo mme go tswa foo a bo a letla gore Jobe a lekwe ke bosula bongwe jo bo mo teng ga gagwe? Fa re ne re ka akanya jalo ka Modimo, go ne go tla bo go tshwana le gore re mo dira Motho yo o bosula, e seng yo “go se nang tshiamololo mo go [ene].” (Pesalema 92:15) Go farologana le seo, Modimo o ne a gana go ‘ntsha seatla sa gagwe’ gore a gobatse Jobe. Go bonala sentle gore Diabolo ga se bosula fela ka kakaretso kgotsa botho jo bo sa siamang jwa Modimo mme ke motho wa moya yo o itirileng Mmaba wa Modimo.

Tota ke Mang yo o Busang Lefatshe?

Gompieno batho ba le bantsi ba akanya gore go dumela gore Diabolo o teng go siilwe ke nako. Le fa go ntse jalo, lebaka le le kgotsofatsang la go bo go na le bosula jo bo kanakana ke gore bo bakwa ke Diabolo. Tota e bile, go leka go kgaphela kwa thoko kgopolo ya gore Diabolo o teng go dirile gore batho ba le bantsi ba gane Modimo le melao yotlhe ya boitsholo.

Charles-Pierre Baudelaire yo e neng e le mmoki mo lekgolong la bo19 la dingwaga o ne a kwala jaana: “Leano la ga Diabolo la konokono ke go re tlhotlheletsa go dumela gore ga a yo.” Ka go fitlha se tota a leng sone, Diabolo o dirile gore batho ba belaele gore a tota Modimo o teng. Fa Diabolo a ka bo a se yo, a seo se ne se ka se kaye gore Modimo ke ene a bakang bosula jotlhe? A seno ga se sone se Diabolo a batlang gore batho ba se dumele?

Fela jaaka moeteledipele wa dikebekwa, Diabolo o fitlha se a leng sone gore a kgone go fitlhelela boikaelelo jwa gagwe. Boikaelelo joo ke bofe? Baebele e araba jaana: “Modimo wa tsamaiso eno ya dilo o [foufaditse] megopolo ya ba ba sa dumeleng, gore go bonesa ga dikgang tse di molemo tse di galalelang ka ga Keresete, yo e leng setshwano sa Modimo, go se ka ga ba phatsimela.”—2 Bakorintha 4:4.

Go sala potso ya botlhokwa. Ke eng se Modimo a tla se dirang ka ramatlhajana yono yo o fitlhang se a leng sone yo o bakang bosula jotlhe le pogo? Re tla tlotla ka kgang eno mo setlhogong se se latelang.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Fa o batla go tlhaloganya lebaka la go bo Modimo a ile a se ka a fedisa botsuolodi jwa ga Diabolo ka yone nako eo, bona kgaolo 11 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Mafoko a a mo go tsebe 5]

A Diabolo ke motlhanka wa Modimo kgotsa moganetsi wa Modimo?

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 6]

A go Ka Direga Gore Sebopiwa se se Itekanetseng se Felele se sa Itekanela?

Modimo o neile dibopiwa tsa gagwe tse di botlhale boitekanelo jo bo nang le ditekanyetso. Le fa gone Adame a ne a itekanetse o ne a tshwanetse go ikobela ditekanyetso tse a neng a di beetswe ke Mmopi wa gagwe. Ka sekai, o ne a ka se je leswe, mmu kgotsa logong a bo a sa lebane le ditlamorago tsa gone. Fa a ka bo a ile a itlhokomolosa molao wa maatlakgogedi a bo a tlola go tswa kwa thabeng e e kwa godimo, o ka bo a ile a gobala fela thata kgotsa a swa.

Ka tsela e e tshwanang, ga go sebopiwa sepe se se itekanetseng—e ka tswa e le motho kgotsa e le moengele—se se ka tlolang ditekanyetso tsa Modimo tsa boitsholo se bo se sa lebane matswela a gone a a botlhoko. Ka jalo, fa sebopiwa se se botlhale se dirisa kgololesego ya sone ka tsela e e seng yone, go motlhofo gore se dire phoso se bo se wele mo boleong.—Genesise 1:29; Mathaio 4:4.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela