LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp16 no. 4 ts. 4
  • Baebele e Falotse go Onala

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Baebele e Falotse go Onala
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Ruriruri Re Tlhoka Dikwalo tsa Ntlhantlha?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Bosupi jwa Tshireletso ya Bomodimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Baebele—Tsela e e Gakgamatsang e e Falotseng ka Yone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Thuto ya bo 6—Tshedimosetso ya Bokeresete ya Segerika ya Dikwalo tse di Boitshepo
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
wp16 no. 4 ts. 4

SETLHOGO SA KA FA NTLE | BAEBELE—KAFA E FALOTSENG KA GONE

Baebele e Falotse go Onala

BOTHATA: Dipapirase le matlalo a diphologolo ke dikwalelo tse di neng di dirisiwa thata ke bakwadi le bakwalolodi ba Baebele.a (2 Timotheo 4:13) Dikwalelo tseno di ne di ka dira jang gore Baebele e nyelele?

Papirase e a gagoga, e tswa mmala e bile e senyega motlhofo. Baithutahisitori ya Egepeto e bong Richard Parkinson le Stephen Quirke ba re: “Fa papirase e senyega, ka iketlo e tswa diphatlha e bo e felela e le lorole. Fa e le mo mabolokelong, e ka nna le bouta kgotsa e ka bola ka ntlha ya bongola e bile e ka jewa ke ditshenekegi segolobogolo motlhwa.” Dipapirase dingwe tse di neng tsa bonwa di ne tsa senyega ka bonako ka gonne di ne di le mo leseding le lentsi kgotsa mo bongoleng.

Dikwalelo tse di dirilweng ka letlalo di ne di sa senyege ka bonako jaaka papirase, mme di ne di ka senyega fa di sa tshwarwe sentle kgotsa di bewa mo dithemperetšhareng tse di kwa godimo, mo bongoleng kgotsa mo leseding.b Dikwalelo tsa matlalo a diphologolo le tsone di ratiwa ke ditshenekegi. Fa buka ya Everyday Writing in the Graeco-Roman East e bua ka dipego tsa bogologolo ya re “ga di ke di nnela ruri, go na le moo, di a onala.” Fa Baebele e ka bo e onetse, molaetsa wa yone o ka bo o nyeletse le yone.

BAEBELE E FALOTSE JANG?: Go ya ka molao wa Bajuda, kgosi nngwe le nngwe e ne e tshwanetse go ‘ikwalela sekaelo sa molao ono mo bukeng’ e leng dibuka tsa ntlha tse tlhano tsa Baebele. (Duteronome 17:18) Mo godimo ga moo, ka lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. go ne go na le mekwalo e mentsi ya seatla e e kwalolotsweng ke bakwalolodi ba ditswerere mo e neng e fitlhelwa mo disinagogeng tsotlhe kwa Iseraele tota le kgakala kwa Makedonia! (Luke 4:16, 17; Ditiro 17:11) Go tlile jang gore mekwalo mengwe ya seatla ya bogologolo e nne teng go fitlha gompieno?

1. Nkgwana ya letsopa; 2. Karolo ya Momeno wa Lewatle le le Suleng

Mekwalo ya seatla e leng Memeno ya Lewatle le le Suleng e ne ya sirelediwa mo dinkgwaneng tsa letsopa mo magageng a a seng bongola

Logaga lo go bonweng mekwalo mengwe ya Baebele mo go yone

Moithuti wa Tesetamente e Ntšha e bong Philip W. Comfort a re Bajuda ba ne ba itsege ka go baya memeno ya Dikwalo mo dinkgwaneng gore e se ka ya senyega. Bakeresete le bone ba ne ba dira jalo. Ka jalo, mengwe ya mekwalo ya Baebele ya seatla ya bogologolo e ne ya fitlhelwa mo dinkgwaneng tsa letsopa, mo diphaposing tse di lefifi, mo magageng le mo mafelong a a seng bongola.

DIPHELELO: Dikarolo di le dintsi tsa mekwalo ya seatla ya Baebele—tse dingwe tsa tsone di nang le dingwaga di feta 2 000—di sa ntse di le gone gompieno. Ga go na buka epe ya bogologolo e e nang le mekwalo e mentsi jaana ya seatla.

a Papirase ke sekwalelo se se dirilweng ka sejalo sa mo metsing se se bidiwang papirase. Matlalo a diphologolo le one a ne a dirisiwa go nna sekwalelo.

b Ka sekai, setlankana sa semolao sa Maitlamo a Kgololesego sa kwa United States se ne se kwadilwe mo matlalong. Morago ga dingwaga di ka nna 250, se ne se senyegile mo ditlhaka di neng di sa bonale.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela