LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp16 no. 5 ts. 16
  • Baebele Ya Reng Ka Kgang Eno?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Baebele Ya Reng Ka Kgang Eno?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bogosi Jwa Modimo ke eng?
  • Bogosi Jwa Modimo bo tla tla leng?
  • Bogosi Jwa Modimo
    Tsogang!—2013
  • Bogosi Jwa Modimo Ke Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2020
  • A go Na le Puso e e Tlhomameng E e Ka Busang Polanete ya Rona?—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?
    Ditlhogo Tse Dingwe
  • Itse Nnete ka Bogosi Jwa Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2020
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
wp16 no. 5 ts. 16
Lesedi le le tswang kwa legodimong le bonesa mo lefatsheng

Baebele Ya Reng Ka Kgang Eno?

Bogosi Jwa Modimo ke eng?

BATHO BANGWE BA RE bo mo pelong ya motho; ba bangwe ba akanya gore batho ke bone ba tla tlisang kagiso le kutlwano mo lefatsheng lotlhe. Wena o akanya eng?

SE BAEBELE E SE BUANG

“Modimo wa legodimo o tla tlhoma bogosi jo bo se kitlang bo senngwa le ka motlha. . . . Bo tla thubaganya bo fedisa magosi ano otlhe, mme bo tla ema ka bosakhutleng.” (Daniele 2:44) Bogosi Jwa Modimo ke puso ya mmatota.

SE GAPE RE SE ITHUTANG MO BAEBELENG

  • Bogosi Jwa Modimo bo busa go tswa kwa legodimong.—Mathaio 10:7; Luke 10:9.

  • Modimo o dirisa Bogosi joo go diragatsa thato ya gagwe kwa legodimong le mo lefatsheng.—Mathaio 6:10.

Bogosi Jwa Modimo bo tla tla leng?

O KA RENG?

  • Ga go ope yo o itseng

  • Mo nakong e e sa fediseng pelo

  • Ga bo kitla bo tla

SE BAEBELE E SE BUANG

“Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.” (Mathaio 24:14) Fa dikgang tse di molemo di sena go rerwa mo lefatsheng lotlhe, Bogosi bo tla tla go fedisa batho ba lefatshe leno ba ba bosula.

SE GAPE RE SE ITHUTANG MO BAEBELENG

  • Ga go ope yo o itseng gore Bogosi Jwa Modimo bo tla leng.—Mathaio 24:36.

  • Boporofeti jwa Baebele bo bontsha gore Bogosi bo tla tla mo nakong e e sa fediseng pelo. —Mathaio 24:3, 7, 12.

Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 8 ya buka eno Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa

Gape e gone mo www.jw.org/tn

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela