SETLHOGO SA KA FA NTLE | KE MPHO EFE E E DI GAISANG TSOTLHE?
Go Batla Mpho E e Di Gaisang Tsotlhe
Ke namane e tona ya tiro go senka mpho e motho a ka e itumelelang. Tota e bile, motho yo o newang mpho ke ene a tla bontshang gore e botlhokwa go le kae. E bile sengwe se mongwe a se tsayang se le botlhokwa yo mongwe a ka se tsaya se se botlhokwa.
Ka sekai, mosha a ka tsaya gore sedirisiwa sa eleketeroniki sa bosheng e ka nna mpho e e di gaisang tsotlhe. Motho yo mogolo ene a ka itumelela go newa sengwe se se amang pelo, jaaka boswa bongwe jo go fetileng dikokomana di le dintsi bo le gone. Mo ditsong dingwe, batho ba tsaya madi e le one mpho e e siametseng batho botlhe ka gonne motho o itlhophela gore o tla a dirisa jang.
Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba nna ba batla mpho e e rategang go di gaisa tsotlhe gore ba e neye mongwe yo ba mo ratang. Le fa ka dinako dingwe go se motlhofo go bona mpho e e ntseng jalo, go nna o akantse ka dintlha dingwe go tla go thusa go atlega. A re sekasekeng dintlha di le nnê tse di ka dirang gore motho yo o mo abelang mpho a itumele.
Se motho yoo a eletsang go nna le sone. Monna mongwe kwa Belfast kwa Bokone jwa Ireland a re baesekele e e lobelo e a neng a e newa fa a le dingwaga di le 10 kgotsa 11, ke mpho e e di gaisang tsotlhe. Goreng a rialo? A re: “Ka gonne ke ne ke eletsa go nna le yone.” Seo se bontsha gore se motho a eletsang go nna le sone, se bontsha gore a o tla rata mpho e a e newang kgotsa ga a kitla a e rata. Ka jalo, akanya ka motho yo o batlang go mo naya mpho. Leka go bona gore ke eng se a se tsayang se le botlhokwa ka gonne seo se ka go lemotsha gore o rata eng. Ka sekai, bommêmogolo le borremogolo ba tsaya go fetsa nako le lelapa go le botlhokwa. Ba ka eletsa go nna ba bona bana le ditlogolo tsa bone gangwe le gape. Go ya malatsing a boitapoloso lo na le bone e ka nna mpho e ba e itumelelang thata.
Se se ka go thusang go itse gore motho o rata eng, ke go mo reetsa ka tlhoafalo. Baebele e re kgothaletsa gore re nne “bonako go utlwa, bonya go bua.” (Jakobe 1:19) Fa o ntse o tlotla le ditsala tsa gago le ba losika, reetsa ka kelotlhoko gore ke eng se ba se ratang le se ba sa se rateng. Seo se tla dira gore o kgone go ba naya mpho e ba tla e itumelelang.
Se motho yoo a se tlhokang. Motho a ka itumela thata fa o mo naya mpho e a e tlhokang, le fa e le nnye. Mme o ka itse jang gore motho o tlhoka eng?
Go ka lebega tsela e e motlhofo e le go mmotsa gore o tlhoka eng kgotsa o batla eng. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ga ba rate go dira jalo ka gonne seo se dira gore ba se ka ba itumelela go aba e bile ba a bo ba batla go naya motho yoo mpho a sa solofela. Gape le fa batho ba ka go bolelela gore ba rata eng kgotsa ga ba rate eng, ga se gantsi ba ka go bolelela gore ba tlhoka eng.
Ka jalo, nna o butse matlho o bo o ele tlhoko maemo a motho yoo. A ke mosha, mogolo, ga a ise a tsene mo lenyalong, o mo lenyalong, o tlhadilwe ke molekane wa gagwe, o tlhokafaletswe ke molekane, o a bereka kgotsa o tlogetse tiro? Go tswa foo o bo o akanya ka dilo tse batho ba ba mo seemong seo ba di tlhokang.
Gore o itse se motho yo o batlang go mo naya mpho a se tlhokang, bua le batho ba bangwe ba ba kileng ba lebana le seemo se a leng mo go sone. Ba ka go bolelela gore ke eng se tota motho yoo a se tlhokang se batho ba le bantsi ba sa se lemogeng. Fa o tsaya matsapa jalo, o tla kgona go naya motho mpho e ruri a e tlhokang.
Tlhopha nako e e siameng. Baebele ya re: “A bo lefoko ka nako ya lone e e tshwanetseng le le molemo jang ne!” (Diane 15:23) Temana eno e bontsha gore go botlhokwa go bua selo ka nako e e siameng. Go ntse fela jalo le ka se re se dirang. Fela jaaka lefoko le le builweng ka nako e e siameng le ka itumedisa motho, le fa o naya motho mpho ka nako e e siameng seo se ka dira gore a itumele.
Tsala ya gago e tsena mo lenyalong. Mosha o tloga a aloga kwa sekolong. Banyalani ba tloga ba nna le ngwana. Gantsi batho ba le bantsi ba naya ba bangwe dimpho ka dinako tseno. Batho ba le bantsi ba bona go le botlhokwa go kwala ditiragalo tse di jaaka tseno tse di tla diregang mo ngwageng o o latelang. Seno se ka ba thusa gore ba kgone go batla mpho e e siametseng tiragalo nngwe le nngwe.a
Gone ga o tlhoke go naya batho dimpho ka meletlo e e rileng fela. O ka itumelela go abela ba bangwe ka nako nngwe le nngwe. Le fa go ntse jalo, o tlhoka go nna kelotlhoko. Ka sekai, fa monna a ka naya mosadi mpho go se na lebaka, mosadi yoo a ka nna a akanya gore monna yoo o a mo kgatlhegela. Fa e le gore monna yoo ga a kgatlhegele mosadi yoo, mosadi yoo a ka akanyetsa dilo kwa pele kgotsa a palelwa ke go tlhaloganya gore goreng a newa mpho eo. Seno se dira gore re akanye ka ntlha e nngwe ya botlhokwa—maitlhomo a motho yo o abang.
Maitlhomo a go aba. E re ka sekai se se fetileng se bontshitse, go botlhokwa go ipotsa gore motho yo o mo nayang mpho o tla akanya eng. Mme gape go tla bo go le botlhokwa gore motho yo o abang mpho, a tlhatlhobe maikaelelo a gagwe. Batho ka bontsi ba akanya gore maitlhomo a bone a go aba dimpho ke a a siameng mme ba bangwe bone ba abelana dimpho ka malatsi a a rileng ka gonne ba patelesega go dira jalo. Ba bangwe bone ba solofela go newa kgotsa go direlwa sengwe fa ba sena go aba.
O ka dira eng go tlhomamisa gore o aba mpho ka maitlhomo a a siameng? Baebele ya re: “A merero ya lona yotlhe e diragale ka lorato.” (1 Bakorintha 16:14) Fa e le gore o aba dimpho ka gonne o rata batho e bile o ba kgathalela, ba tla itumelela dimpho tsa gago e bile le wena o tla itumelela go aba. Gape fa o aba go tswa pelong, o itumedisa Rraarona yo o kwa legodimong. Moaposetoloi Paulo o ne a akgola Bakeresete ba kwa Korintha fa ba ne ba thusa Bakeresete ba kwa Judea ka nako ya masetlapelo, ba dira seo go tswa pelong. Paulo o ne a ba raya a re: “Modimo o rata yo o nayang ka boitumelo.”—2 Bakorintha 9:7.
Go akanya ka dintlha tseno go tla go thusa gore o kgone go abela ba bangwe dimpho tse ba tla di itumelelang. Modimo o ile a dirisa dintlha tseno le tse dingwe fa a ne a rulaganya go naya batho botlhe mpho e e di gaisang tsotlhe. Re kopa gore o bale setlhogo se se latelang go utlwa gore mpho eo e e kgolo ke eng.
a Batho ba le bantsi ba aba dimpho ka malatsi a matsalo le malatsi a boikhutso a a ketekiwang. Le fa go ntse jalo, gantsi meletlo eno ga e dumalane le se Baebele e se rutang. Bona setlhogo se se mo makasineng ono se se reng, “Babadi ba Botsa Jaana—A Keresemose ke Moletlo wa Bakeresete?”