LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w17 June ts. 14-15
  • O se Ka wa Leba Ponalo Fela

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O se Ka wa Leba Ponalo Fela
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O ne A Ithuta go Itshwarela mo go Mong wa Gagwe
    Etsa Tumelo ya Bone
  • A re Ngapareleng Tumelo ya Rona e e Botlhokwatlhokwa!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • O Ithutile go Itshwarela mo go Mong wa Gagwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • O ne A Ikanyega Le fa A Lebane le Diteko
    Etsa Tumelo ya Bone
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
w17 June ts. 14-15
Monna mongwe yo o nnang mo mmileng e bong Peter

O se Ka wa Leba Ponalo Fela

MOSUPI mongwe wa ga Jehofa kwa Canada e bong Don o tsaya matsapa go rerela batho ba ba nnang mo mebileng. Don o ne a bua jaana ka mongwe wa bone: “Monna mongwe yo o nnang mo mmileng e bong Peter ke mongwe wa batho ba ba leswe thata ba ke kileng ka kopana le bone. O ne a sa rate batho e bile a na le mokgwa wa go thibela batho gore ba se ka ba tla kwa go ene. O ne a tlhola a gana fa batho ba leka go mo thusa.” Le fa go ntse jalo, go ne ga feta dingwaga di le 14 Don a ntse a leka go bontsha monna yono bopelonomi.

Don o rerela Peter mo mmileng

Letsatsi lengwe Peter o ne a botsa Don jaana: “Ke eng o itshwenya ka nna? Batho ba bangwe botlhe ga ba na sepe le nna. Ke eng fa o nkgathalela?” Don o ne a leka go fitlhelela pelo ya ga Peter ka go mmontsha makwalo a le mararo. O ne a botsa Peter gore a o itse gore Modimo o na le leina, a bo a mo kopa gore a le bale mo Baebeleng mo go Pesalema 83:18. Morago ga moo, Don o ne a bontsha Peter gore ke eng fa a mo kgatlhegela ka go mo kopa gore a bale lekwalo la Baroma 10:13, 14 le le reng: “Mongwe le mongwe yo o bitsang leina la ga Jehofa o tla bolokwa.” Go tswa foo, Don o ne a balela Peter Mathaio 9:36 a bo a mo kopa gore a ipalele yone. Temana eo ya re: “Fa [Jesu] a bona boidiidi a utlwa a ba tlhomogela pelo, ka gonne ba ne ba sotlegile e bile ba gasame jaaka dinku tse di se nang modisa.” Peter o ne a botsa Don jaana a geletse dikeledi: “A ke nngwe ya dinku tseo?”

Peter o ne a simolola go fetoga. O ne a tlhapa, a ipeola ditedu a bo a apara diaparo tse di phepa tse a neng a di neilwe ke Don. Peter o ne a tswelela a le phepa e bile a itlhokometse.

Peter o ne a na le tayari. Mo ditsebeng tsa ntlha tsa buka eno ya gagwe, o ne a kwadile dilo tse di tshosang e bile di bontsha gore ga a na tsholofelo mme tse a neng a di kwala moragonyana di ne di le botoka. Nako nngwe o ne a kwala jaana: “Ke ithutile leina la Modimo gompieno. Jaanong fa ke rapela, ke rapela Jehofa. Go itumedisa tota go itse leina la gagwe. Don a re Jehofa e ka nna Tsala ya me, mongwe yo o ntheetsang nako nngwe le nngwe, go sa kgathalasege gore ke ko kae kgotsa ke dira eng.”

Peter o ne a kwalela monnawe le kgaitsadie jaana:

“Gompieno ga ke ikutlwe sentle. Ke setse ke tsofetse thata. Mme le fa nka swa gompieno, ke a itse gore ke tla boa ke bona tsala ya me [Don] kwa lefatsheng la Paradaise. Fa lo bala molaetsa ono, go raya gore ga ke tlhole ke tshela. Fa lo bona monna mongwe yo o sa tshwaneng le lona kwa phitlhong ya me, tsweetswee, buang le ene mme lo bale buka eno [o ne a bua ka buka ya go ithuta Baebele e e nang le setlhogo se se reng, “Boamarure jo bo Isang Botshelong jo Bosakhutleng,” e a neng a e filwe ke Basupi ba ga Jehofa dingwaga tse di fetileng].a Buka eno ya re ke tla boa ke bona tsala ya me kwa lefatsheng la Paradaise. Ke dumela seno ka pelo ya me yotlhe. Go tswa go Peter.”

Morago ga phitlho, kgaitsadie Peter e bong Ummi o ne a re: “Dingwaga tse pedi tse di fetileng, Peter o ne a ikgolaganya le nna. E ne e le la ntlha ke mo utlwa a itumetse jalo morago ga dingwaga di le dintsi. E bile o ne a nyenya.” O ne a raya Don a re: “Ke tlile go bala buka eno, ka gonne selo se se neng sa kgona go fetola Peter e tshwanetse ya bo e le sengwe se se kgethegileng tota.” Ummi o ne a dumela go ithuta buka ya bosheng jaana e e nang le setlhogo se se reng Totatota Baebele e Ruta Eng? le Mosupi mongwe wa ga Jehofa.

Don o rerela Peter, mme o phepa e bile o apere diaparo tse di siameng

Le rona ga re a tshwanela go leba ponalo fela, go na le moo, re tshwanetse go bontsha batho ba mefuta yotlhe lorato lwa mmatota mme re nne pelotelele le bone. (1 Tim. 2:3, 4) Fa re dira jalo, re ka kgona go fitlhelela batho ba ba tshwanang le Peter, ba ba se nang ponalo e e kgatlhang mme gone ba na le dipelo tse di siameng. Re ka tlhomamisega gore Modimo, yo o kgonang go “bona se pelo e leng sone” a ka thusa batho ba ba tshwanelegang gore ba rate boammaaruri.—1 Sam. 16:7; Joh. 6:44.

a E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa mme gone jaanong ga e tlhole e gatisiwa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela