LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w17 October ts. 32
  • A o Ne o Itse?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Ne o Itse?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • A ee Ya Gago e Nne Ee
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Dikakgelo Tsa Babadi
    Tsogang!—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
w17 October ts. 32

A o Ne o Itse?

Ke eng fa Jesu a ile a kgala tlwaelo ya go dira maikano?

Monna o dira maikano kwa tempeleng

GO YA ka molao wa ga Moshe, maikano a ne a tshwanetse go dirwa mo maemong mangwe a a rileng. Le fa go ntse jalo, ka motlha wa ga Jesu, go dira maikano e ne e le seomodiro fela ka gonne Bajuda ba ne ba simolola go dira maikano mo go sengwe le sengwe se ba neng ba se bua. Mokgwa ono o o sa siamang o ne o dirwa gore batho ba dumele se motho a se buang, le fa go ntse jalo, Jesu o ne a kgala mokgwa ono ka makgetlo a mabedi. Go na le moo, o ne a re: “A lefoko la lona la Ee le reye Ee, Nnyaa wa lona, Nnyaa.”—Math. 5:33-37; 23:16-22.

Go ya ka dikishinare nngwe e e tlhalosang Dikwalo Tsa Segerika, buka nngwe e e nang le melao ya bogologolo ya Bajuda e re thusa go lemoga kafa Bajuda ba neng ba rata go dira maikano ka gone, ka gonne e tlhalosa dintlha di le dintsi tsa maikano a a neng a tsewa a le botlhokwa le a a seng botlhokwa.

Jesu ga se ene fela yo o neng a kgala mokgwa ono o o sa siamang. Ka sekai, rahisitori mongwe wa Mojuda e bong Flavius Josephus o ne a bua jaana ka setlhopha sengwe sa Bajuda se se neng se tlhoile mokgwa oo: “Ga ba dire maikano, ba tsaya gore go ikana go maswe go feta go bua maaka ka gonne ba re motho yo o tlhokang go ikana ka Modimo gore batho ba dumele se a se buang, ke moaki.” Buka nngwe e e itsegeng thata ya Bajuda e e bidiwang Wisdom of Sirach, kgotsa Ecclesiasticus, (23:11) ya re: “Motho yo o itlwaeditseng go ikana ka sengwe le sengwe ke motho yo o sa siamang.” Ka jalo, Jesu o ne a kgala mokgwa wa go dira maikano mo dilong tse di sa tlhokegeng. Fa re tlwaetse go bua boammaaruri, go ka se tlhokege gore re dire maikano gore batho ba dumele dilo tse re di buang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela