Dikakgelo Tsa Babadi
Basha ba Botsa Jaana . . . Ke Eng se se Maswe Jaana ka go Dirisa Puo ya Matlhapa? (March 2008) Ke godisitswe mo lelapeng la Bakeresete mme le fa go ntse jalo, ke ne ka simolola go nna le mokgwa wa go dirisa puo ya matlhapa. Ke lekile thata go tlogela mokgwa oo mme ka palelwa. Le fa go ntse jalo, setlhogo seno se nthusitse gore ke ikgape. Jaaka go tlhalositswe mo setlhogong seno, ga ke batle go dirisa mpho ya puo ka tsela e e sa tshwanelang. Ka jalo, gone jaanong ke akanya sentle pele ga ke bua. Ke leboga go menagane.
C. P., Brazil
Ke na le dingwaga di le 12. Mme kwa sekolong se ke tsenang kwa go sone go tletse bana ba ba dirisang puo ya matlhapa mme ke boifa gore letsatsi lengwe go tla tswa letlhapa mo molomong wa me. Ke ne ke le gaufi le go kwala ke kopa gore mo setlhogong sa Basha ba Botsa Jaana go kwalwe ka kgang eno mme ke fa go gatisiwa sone setlhogo se ke neng ke se batla mo go Tsogang! Setlhogo seno se ne sa nkgakolola gore ke ka ntlha yang fa go dirisa puo ya matlhapa go sa siama mme se ne sa boa sa nkgothatsa gore ke se ka ka dirisa puo ya matlhapa. Nnang lo kwale ditlhogo tse di tshwanang le tseo!
A. P., United States
Nna le monna wa me re itshedisa ka go phepafatsa matlo mme mongwe wa beng ba matlo a re a phepafatsang o ne a re bolelela ka “maikano a gagwe a ngwaga o mosha” a gore o batla go tlogela go dirisa puo ya matlhapa. O ne a re o rapela letsatsi le letsatsi, a kopa gore Modimo a mo thuse go tlogela mokgwa wa gagwe o o maswe. Gape o ne a nkopa gore ke mo neye dikgatiso dipe fela tse ke nang le tsone tse di buang ka kgang eno. Ke ne ka rapela ka kgang eo mme jaaka ke tlwaetse, ke ne ka tsaya dimakasine tsa bosheng go tswa mo atereseng ya Internet ya www.pr418.com mme ka di tsenya mo setshamikising sa me sa MP3. Akanya fela gore ke ne ka itumela jang fa ke ne ke utlwa diteng tsa makasine letsatsi le le latelang. Ke ne ke itumetse tota! Le fa gone setlhogo seo se ne se kwaletswe basha, ke ne ke itse gore o ne a sa ntse a ka amogela kgakololo e e molemo go tswa mo go sone. Ke ne ke swegaswega pelo gore ke se mmontshe.
S. C., United States
Thulaganyo ya go Kaela Difofane—E Thusa Jang Gore o Nne o Babalesegile? (April 2008) “Se babalesegile e bile se siametse go tlhatloga!” ao ke mafoko a ke neng ka a bua fa ke sena go bala setlhogo seno. Ke ne ka kgothatsega thata mme ka ikutlwa ke babalesegile le go feta ka go bo Tsogang! e ne ya mpontsha gore ruri batho ba ba kaelang difofane ba batla gore re sireletsege. Ke a leboga.
T. S., Brazil
O ne O ka Reng? Ke na le dingwaga di le 12 mme ke nna kwa borwa jwa Ireland. Ke rata go lo lebogela dipotso tsa bana tse di kwa morago mo makasineng wa Tsogang! Ke sengwe se se molemo tota. Di dira gore bana ba nne le seabe mo makasineng. Ke kopa gore lo nne lo ntse lo di tsenya. Ke a lo leboga gape.
A. C., Ireland