Basha ba Botsa Jaana
Ke Eng se se Maswe Jaana ka go Dirisa Puo ya Matlhapa?
“Ke ne ke batla go tshwana le bana ba ke tsenang sekolo le bone. Ke akanya gore ke sone se se dirileng gore ke simolole mokgwa wa go dirisa puo ya matlhapa.”—Melanie.a
“Ke ne ke sa akanye gore go bua matlhapa go maswe go le kalo. Ke ne ke dikologilwe ke batho ba ba roganang ka dinako tsotlhe—kwa sekolong le kwa gae.”—David.
KE ENG fa gantsi go tsewa e le selo se se tlwaelegileng fa bagolo ba bua matlhapa, mme fa basha bone ba a bua go tshosa? A dingwaga tsa motho ke tsone di laolang gore a o tshwanetse go rogana kana nnyaa? E re ka batho ba le bantsi ba dirisa puo e e leswe—mme go lebega fa seno se lebiwa ka tsela e e farologaneng fa go tliwa mo kgannyeng ya dingwaga—o ka tswa o ipotsa gore “Ke eng se se maswe jaana ka go dirisa puo ya matlhapa?”
Kafa Puo e e Leswe e ka Tlhotlheletsang Motho ka Teng
Ga go na pelaelo gore puo ya matlhapa e aname. Tota e bile, basha bangwe ba bolela gore fa ba ne ba ka newa ranta nako nngwe le nngwe fa ba utlwa motho a bua matlhapa kwa sekolong, ba ne ba ka se tlhoke go bereka mme le batsadi ba bone ba ne ba tla tlogela tiro. Eve wa dingwaga di le 15 a re: “Fa bana ba ke tsenang sekolo le bone ba itlotlela fela, gantsi ba bua matlhapa a le mmalwa mo seeleng sengwe le sengwe se ba se buang. Fa o nna o reeditse puo e e ntseng jalo letsatsi lotlhe, go thata gore le wena o se ka wa e bua.”
A le wena fela jaaka Eve, o dikologilwe ke batho ba ba buang matlhapa? A le wena o setse o na le mokgwa oo?b Fa go ntse jalo, iphe nako ya go tlhatlhoba gore ke eng se se go tlhotlheletsang gore o bue matlhapa. Fa o sena go lemoga seo, o tla fitlhela go le motlhofo gore o fedise mokgwa ono.
Fa o ntse o akantse ka seno, leka go araba dipotso tse di latelang.
Gantsi, ke ka ntlha yang fa o rogana?
□ Go bontsha kafa o galefileng ka teng kana kafa o betilweng ke pelo ka teng
□ Go dira gore batho ba go tseye tsia
□ Go amogelwa ke ditsala
□ Gore o lebege o le senatla
□ Go nna kgatlhanong le taolo
□ Mabaka a mangwe ․․․․․
Gantsi o rogana mo maemong afe?
□ Kwa sekolong
□ Kwa tirong
□ Fa ke dirisa Internet, fa ke romela melaetsa ka khomputara kgotsa ka founo
□ Fa ke le nosi
O dira seipato sefe fa o rogana?
□ Ditsala tsa me di a go dira
□ Batsadi ba me ba a go dira
□ Barutabana ba a go dira
□ Boitlosobodutu bo tletse ka matlhapa
□ Ga go na sepe se se phoso ka gone—ke mafoko fela
□ Ke rogana fela fa ke na le batho ba ba se nang bothata le gone
□ Tse dingwe ․․․․․
Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go dira matsapa a go lwantsha bothata jono? A tota go bua matlhapa go maswe go le kalo? Akanya ka dintlha tse di latelang.
Ga se mafoko fela. Jesu o ne a re: “Mafoko a gago a bontsha se se leng mo pelong ya gago.” (Luke 6:45, Contemporary English Version) Ela tlhoko gore se re se buang ga se bontshe fela gore re batla go nna motho yo o ntseng jang—se bontsha motho yo re setseng re le ene. Le fa o dirisa puo e e leswe fela ka go bo batho ba bangwe ba e dirisa, go etsa sekao sa bone go bontsha gore o “sala mmudubudu morago” le gore ga o ikemele.—Ekesodo 23:2.
Mme ga se seo fela. Moitse wa dipuo James V. O’Connor a re: “Gantsi batho ba ba roganang ba rata dingangisano, ba tshwaya diphoso, ba rata go belaela, ba bogale, ba manganga mme ke bangongoregi ba ba sa itumelang.” Ka sekai, batho ba ba roganang fa sengwe se sa tsamaye sentle, ba bontsha gore ba dumela gore dilo tsotlhe di tshwanetse go tsamaya jaaka ba batla. Go ntse jaaka e kete ga ba kgone go itshokela diphoso. Kafa letlhakoreng le lengwe, O’Connor o bolela gore batho ba ba sa roganeng “gantsi ba ritibetse,. . . ke batho ba ba godileng sentle go ka itshokela ditlhodiego tsa letsatsi le letsatsi.” Wena o ka rata go nna motho wa mofuta ofe?
Puo ya Matlhapa e go Senya Leina. Fela jaaka basha ba le bantsi, o ka tswa o amega ka tebego ya gago. O batla gore batho ba go tseye sentle. A mme o ne o itse gore tsela e o buang ka yone e ka kaya go le gontsi mo bathong go gaisa tsela e o lebegang ka yone? Boammaaruri ke gore, puo ya gago e supa dilo tse di jaaka
◼ Gore o tla ngoka bomang go nna ditsala tsa gago.
◼ Gore a o tla thapiwa mo tirong e e rileng kana nnyaa.
◼ Gore o tla tlotliwa go le kana kang.
Gone ke boammaaruri gore gantsi tsela e batho ba re tsayang ka yone lekgetlho la ntlha fa ba re bona ba lebile ditebego tsa rona, e nyelela ka bonako fa re simolola go bua. O’Connor a re: “O ka se ka wa kgona go itse gore o latlhegetswe ke ditshono di le kae tsa go dira tsala e ntšha, kana gore o tlhobogane le mongwe kgotsa o dirile gore o se ka wa tlotliwa go ya bokgakaleng bofe ka ntlha ya go dirisa puo ya matlhapa o sa kgathale.” O ithuta eng mo go seno? Fa puo ya gago e le ya matlhapa, tota o a bo o ikgobatsa wena ka bowena.
Go bua matlhapa go bontsha go sa tlotle Mosimolodi wa puo. A re re o file tsala ya gago hempe kana bolaose e le mpho. O ne o ka ikutlwa jang fa o ka mo fitlhela a dirisa seaparo seo jaaka letsela la go iphimola dinao? He, akanya gore Mmopi wa rona o ikutlwa jang fa re sa dirise mpho ya puo sentle. Ga go gakgamatse go bo Lefoko la Modimo le re: “A kgakalo yotlhe ya letlhoo le bogale le tšhakgalo le go goa thata le puo ya go kgoba di tlosiwe mo go lona mmogo le bosula jotlhe.”—Baefeso 4:31.
Jaaka fa o bona, go na le lebaka le le utlwalang la go tlogela go rogana. Fa e le gore e setse e le mokgwa o o nweleletseng mo go wena, o ka o lwantsha jang?
Sa ntlha: Amogela gore o tlhoka go fetoga. Go ka direga gore o se ka wa tlogela go rogana go fitlhela o tlhaloganya gore o tla solegelwa molemo jang ke go fetola puo ya gago. Ke mabaka afe mo go a a fa tlase a a ka go thusang gore o tlogele go rogana?
□ Go itumedisa Mosimolodi wa puo
□ Go bona tlotlo e e oketsegileng go tswa mo bathong ba bangwe
□ Go oketsa mafoko a ke a itseng
□ Go tokafatsa botho jwa me
Sa bobedi: Leka go bona gore ke eng se se dirang gore o rogane. Melanie a re: “Go rogana go ne ga dira gore ke ikutlwe ke le senatla ka tsela nngwe. Ke ne ke sa batle gore batho ba nkgatelele. Ke ne ke batla go ikemela, gore ke kgone go bolelela batho gore ba mpagologe fela jaaka ditsala tsa me di ne di dira.”
Go tweng ka wena? Go tlhaloganya gore ke ka ntlha ya eng fa o rogana go tla go thusa go lebana le bothata. Ka sekai, fa o rogana fela ka ntlha ya gore mongwe le mongwe o a rogana, o tlhoka go ithuta go tshepa dinonofo tsa gago. Go ipela ka se o leng sone ke nngwe ya dilo tse di botlhokwa tse di dirang gore o gole—e bile go ka go thusa thata go fedisa mokgwa wa go bua matlhapa.
Sa boraro: Leka go bona ditsela tse dingwe tse o ka itlhalosang ka tsone. Ga se fela kgang ya gore o ithibe mo tlhotlheletsong ya go rogana. Go fenya mokgwa wa go dirisa puo e e leswe go akaretsa go apara “botho jo bosha.” (Baefeso 4:22-24) Seno se ka go thusa gore o kgone go ikgapa le go itlotla ka mo go oketsegileng—le go tlotla ba bangwe.
Ditemana tse di latelang di tla go thusa go apara—le go nna o apere—botho jo bosha.
Bakolosa 3:2: “Bolokang megopolo ya lona e tsepame mo dilong tse di kwa godimo.”
Kafa e thusang ka teng: Thapisa mogopolo wa gago go rata dilo tse di siameng. Dilo tse o di akanyang di tlhotlheletsa tsela e o buang ka yone.
Diane 13:20: “Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale, mme yo o dirisanang le dimatla dilo ga di na go mo tsamaela sentle.”
Kafa e thusang ka teng: Puo e ditsala tsa gago di e dirisang e ka go tlhotlheletsa.
Pesalema 19:14: “A mafoko a molomo wa me le go tlhatlhanya ga pelo ya me di nne monate fa pele ga gago, wena Jehofa.”
Kafa e thusang ka teng: Jehofa o ela tlhoko tsela e o dirisang mpho ya puo ka yone.
A o sa ntse o tlhoka thuso? Ke eng o sa dirise tšhate e e fa godimo fano go bona gore o dira kgatelopele e kana kang ka go tshwaya gore o dirisitse puo ya matlhapa ga kae? O ka gakgamadiwa ke go bona kafa o ka tokafatsang mafoko a o a dirisang ka teng!
Go na le ditlhogo tse di oketsegileng tsa “Basha ba Botsa Jaana” tse o ka di bonang mo atereseng eno ya Internet, www.watchtower.org/ype
DILO TSE O KA AKANYANG KA TSONE
Puo ya matlhapa e ka ama jang
◼ mofuta wa ditsala tse o tla di ngokang?
◼ gore a o tla thapiwa mo tirong e e rileng kana nnyaa?
◼ gore batho ba bangwe ba tla go leba jang?
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Maina a fetotswe mo setlhogong seno.
b Bakeresete ba na le lebaka le le utlwalang la go tila puo eno e e leswe, ka gonne Baebele ya re: “A go se tswe lefoko le le bodileng mo molomong wa lona.” “A puo ya lona ka metlha e nne ya bopelontle, e lokilwe ka letswai.”—Baefeso 4:29; Bakolosa 4:6.
[Tšhate mo go tsebe 21]
TLHATLHOBA TSWELELOPELE YA GAGO
Mantaga Labobedi Laboraro Labone Labotlhano Matlhatso Sontaga
Beke 1 ․․․․․․ ․․․․․․․ ․․․․․․․․․ ․․․․․․․․ ․․․․․․ ․․․․․․․․ ․․․․․․
Beke 2 ․․․․․․ ․․․․․․․ ․․․․․․․․․ ․․․․․․․․ ․․․․․․ ․․․․․․․․ ․․․․․․
Beke 3 ․․․․․․ ․․․․․․․ ․․․․․․․․․ ․․․․․․․․ ․․․․․․ ․․․․․․․․ ․․․․․․
Beke 4 ․․․․․․ ․․․․․․․ ․․․․․․․․․ ․․․․․․․․ ․․․․․․ ․․․․․․․․ ․․․․․․
[Setshwantsho mo go tsebe 20]
O ka se dirise mpho e e botlhokwa ka tsela e e sa siamang. Ka jalo ke ka ntlha yang fa o dirisa mpho ya puo ka tsela e e sa siamang?