LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp19 no. 1 ts. 15
  • Go Itse Modimo Go ka Go Thusa Jang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Itse Modimo Go ka Go Thusa Jang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2019
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Nna o le Gaufi le Jehofa
    Baebele e re Ruta Eng?
  • Modimo ke Tsala E e Di Gaisang Tsotlhe E o Ka Nnang le Yone
    O ka Kgona go Nna Tsala ya Modimo!
  • Ga go Na Botshelo jo bo Gaisang Jono
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • “Go Atamela Modimo” go re Tswela Mosola!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2019
wp19 no. 1 ts. 15
Batho ba itumelela botshelo mo Paradaiseng

Go Itse Modimo Go ka Go Thusa Jang?

Go tla go fitlha ga jaana, re setse re bone karabo ya potso e e reng, Modimo ke mang? Re ithutile gore Baebele ya re leina la gagwe ke Jehofa le gore ke Modimo yo o lorato. Gape re ithutile ka dilo tse a di dirileng le tse a tla di direlang batho mo nakong e e tlang. Go na le dilo tse dintsi tse re ka ithutang tsone ka Modimo mme motho a ka ipotsa gore go ithuta dilo tseno go ka re thusa jang?

Jehofa a re “fa o mmatla, o tla dira gore o mmone.” (1 Ditiragalo 28:9) Mme fa o ntse o ithuta ka Jehofa, o tla kgona go ‘atamalana thata le ene.’ (Pesalema 25:14) Go nna tsala ya Modimo go ka go thusa jang?

Go dira gore o itumele. Baebele ya re Jehofa ke “Modimo yo o itumetseng.” (1 Timotheo 1:11) Ka jalo, go nna tsala ya ga Jehofa le go mo etsa go ka dira gore o itumele thata. (Pesalema 33:12) Gape go ka go thusa go tila mekgwa e e kotsi le go go thusa go tshedisana sentle le ba bangwe. Le wena o tla ikutlwa jaaka mopesalema fa a ne a re: “Go atamela Modimo go molemo mo go nna.”​—Pesalema 73:28.

O tla go tlhokomela. Jehofa o ile a raya batlhanka ba gagwe a re: “Ke tla naya kgakololo ke go beile leitlho.” (Pesalema 32:8) Seo se raya gore Jehofa o tlhokomela motlhanka mongwe le mongwe wa gagwe e bile o mo naya se a se tlhokang. (Pesalema 139:1, 2) Fa o setse o le tsala ya ga Jehofa, o tla lemoga gore o ikemiseditse go go thusa ka dinako tsotlhe.

Bokamoso jo bo itumedisang. Jehofa Modimo ga a dire fela gore o itumelele botshelo gone jaanong, o ikemiseditse le go go naya bokamoso jo bo itumedisang. (Isaia 48:17, 18) Baebele ya re: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.” (Johane 17:3) Dilo tse Modimo a re di solofeditseng di ka re thusa gore re nne re ‘tlhomamisegile e bile re nitame’ mo dinakong tseno tse di thata.​—Bahebera 6:19.

Go na le mabaka a le mantsi a go bo re tlhoka go itse Modimo le go leka go nna ditsala tsa gagwe. Re go laletsa gore o bue le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa kgotsa o tsene mo website ya bone ya jw.org/tn go bona tshedimosetso e e oketsegileng.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela