LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp19 no. 2 ts. 6-7
  • Fa o Tlhokafaletswe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Fa o Tlhokafaletswe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2019
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • SE SE THUSITSENG BA BANGWE GO ITSHOKA
  • GA GO PHOSO GO UTLWA BOTLHOKO
  • Ke Ka Itshokela Khutsafalo ya Me Jang?
    Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala
  • Go Itshokela Kutlobotlhoko
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Go Thusa Batho ba ba Hutsafetseng
    Tsogang!—2011
  • A Ke Selo Se Se Tlwaelesegileng go Hutsafala Jaaka Ke Hutsafetse?
    Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2019
wp19 no. 2 ts. 6-7
Monna le mosadi ba ba tlhokafaletsweng ba le fa lewatleng ba lebile sengwe

Fa o Tlhokafaletswe

“Abuti wa me o tlhokafetse ke sa lebelela mme ke ne ke eletsa gore nkabo ke mo thusitse. Nako le nako fa ke mo gopola, ke ne ke utlwa botlhoko jo bo garolang pelo. Ka dinako tse dingwe ke ne ke galefa ke sa tlhaloganye gore ke eng fa a tlhokafetse. Ke ne ke tshwenngwa ke gore fa a ne a sa ntse a tshela, re ne re se nke re nna mmogo fela re tlotla.”—Vanessa wa kwa Australia.

FA E le gore o kile wa tlhokafalelwa, gongwe le wena o kile wa hutsafala thata, wa jewa ke bodutu le go felelwa ke maatla. Gongwe o ne o galefile, o ipona molato e bile o boifa. O ka tswa o ile wa ipotsa gore a ga go botoka bogolo gore o swe.

Ga go phoso go ikutlwa ka tsela eno. Nnete ke gore, go bontsha gore o ne o rata motho yo o tlhokafetseng. A mme go na le sengwe se se ka go thusang gore o kgone go itshoka le fa o le mo botlhokong jo bo kalo?

SE SE THUSITSENG BA BANGWE GO ITSHOKA

Le fa go lebega e kete kutlobotlhoko e o mo go yone ga e kitla e fela, dintlha tse di latelang di ka go thusa.

GA GO PHOSO GO UTLWA BOTLHOKO

Re utlwa botlhoko ka ditsela tse di farologaneng e bile bangwe ba ka tsaya lobaka go ikutlwa botoka. Mme go lela go ka fokotsa botlhoko jo o bo utlwang. Vanessa yo re buileng ka ene kwa tshimologong ya setlhogo seno a re: “Ke ne ke lela ka gonne ke batla go fokotsa botlhoko.” Sofía yo o tlhokafaletsweng ke monnawe a re: “Go akanya ka se se diragetseng go botlhoko tota, go tshwana le go tlhapisa ntho. Le fa botlhoko jwa teng bo tlhaba mo pelong seo se thusa ntho go fola.”

BOLELELA BA BANGWE GORE O IKUTLWA JANG

Ga go phoso gore ka dinako tse dingwe o batle go nna o le nosi. Mme ga go a siama gore o gane gore ba bangwe ba go thuse. Jared wa dingwaga di le 17 yo o tlhokafaletsweng ke rraagwe a re: “Ke ne ke bolelela ba bangwe gore ke ikutlwa jang. Ga ke dumele gore ba ne ba ntlhaloganya mme go ba bolelela go ne go nkimolola.” Janice yo re buileng ka ene mo ditlhogong tse di fetileng a re: “Go bua le ba bangwe go ile ga nkgomotsa tota. Go ile ga dira gore ke bone gore ba a nthata.”

LETLA BA BANGWE GO GO THUSA

Ngaka nngwe ya re: “Batho ba ba tlhokafaletsweng ba kgona go itshokela kutlobotlhoko le go tswelela ka botshelo fa ba letla ba malapa a bone le ditsala ba ba thusa.” Batho ba bangwe ba ka tswa ba batla go go thusa mme ba sa itse gore ba go thuse jang, ka jalo, ba bolelele.—Diane 17:17.

LETLA MODIMO A GO THUSE

Tina a re: “Ke ne ke tlwaetse go bolelela monna wa me sengwe le sengwe mme fa a sena go bolawa ke bolwetse jwa kankere, ke ne ke bolelela Modimo sengwe le sengwe. Letsatsi le letsatsi ke ne ke mo kopa gore a nthuse gore ke itshoke. Fa nka bua ka tsela e Modimo a nthusitseng ka yone, letsatsi le ka tlhaba la bo la phirima.” Tarsha yo o neng a na le dingwaga di le 22 fa mmagwe a tlhokafala a re: “Go bala Baebele letsatsi le letsatsi go ne go nkgomotsa. Go ne go nthusa gore ke kgone go akanya ka dilo tse di molemo.”

AKANYA O BONA BASWI BA TSHELA GAPE

Gape Tina a re: “Dikgwedi tsa ntlha fa monna wa me a sena go tlhokafala, kgang ya gore baswi ba tla tshela gape mo nakong e e tlang e ne e sa nkgomotse, ke ne ke batla monna wa me gone jaanong e bile bana ba me ba ne ba tlhoka rraabone. Gone jaanong kgang ya gore baswi ba tla tshela gape ke yone e nthusang go tswelela ka botshelo. Ke nna ke akantse gore ke tla mmona gape mo nakong e e tlang mme seo se dira gore ke nne ke itumetse!”

Go tla tsaya nako gore o ikutlwe botoka. Mme mafoko ano a ga Vanessa a ka go gomotsa. A re: “O ka nna wa ikutlwa e kete ga go kitla go siama mme fa nako e ntse e ya, o tla ikutlwa botoka.”

Le fa o sa kgone go tlogela go akanya ka motho yo o tlhokafetseng, o ka kgona go itumelela botshelo. Modimo o tla go thusa gore o kgone go nna le ditsala tse di go ratang. Mme mo nakong e e sa fediseng pelo, Modimo o tla dira gore batho ba ba suleng ba tshele gape. Modimo o batla go go bona o itumelela botshelo le ba masika. Ga o kitla o tlhola o utlwa botlhoko gape.

Ditemana Tsa Baebele Tse Di ka Go Thusang

Modimo ga a rate go go bona o utlwile botlhoko.

Mokwadi mongwe wa Baebele o ne a kopa Modimo a re: “A ko o tsenye dikeledi tsa me mo modutwaneng wa gago. A ga di mo bukeng ya gago?”—Pesalema 56:8.

Tshololela Modimo mafatlha.

“Ke ne ka nna ka tshololela matshwenyego a me fa pele ga [Modimo] . . . Ke ne ka ikuela kwa go wena tlhe Jehofa,a gore o nthuse.”—Pesalema 142:2, 5.

Tshepa ditsholofetso tsa Modimo.

“Go tlile go nna le tsogo.”—Ditiro 24:15.

Modimo o batla go tsosa batho ba ba suleng e bile a re o tlile go dira jalo.b—Jobe 14:14, 15.

a Baebele ya re leina la Modimo ke Jehofa.

b Go bona tshedimosetso e e buang ka go tsosiwa ga batho ba ba suleng, bona kgaolo 7 ya buka ya Baebele e re Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa. Gape e teng mo www.jw.org/tn.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela