LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w19 July ts. 20-24
  • Go Rerela Batho Ba ba Sa Dumeleng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Rerela Batho Ba ba Sa Dumeleng
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O SE KA WA BA TLHOBOGA
  • RE KA BA THUSA JANG GORE BA RATE JEHOFA?
  • GO RERELA BATHO BA BA SA DUMELENG MO MODIMONG
  • Thusa Ba ba Sa Dumeleng mo Modimong go mo Itse
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
  • Tswelela o Itumelela go Rera Le fa O Lebana le Dikgwetlho
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
  • Go Thusa ba ba Iseng ba Siamele go Ithuta Buka ya Baebele e Ruta Eng?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
  • Kafa O Ka Arabelang Ka Gone Bao ba Ka Nnang Ba Kgoreletsa Puisano
    Go Fetolana ka Dikwalo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
w19 July ts. 20-24

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 30

Go Rerela Batho Ba ba Sa Dumeleng

“Ke ntse dilo tsotlhe mo bathong ba mefuta yotlhe, gore kafa go ka kgonegang ka gone ke boloke bangwe.”—1 BAKOR. 9:22.

PINA 82 “A Lesedi la Lona lo Phatsime”

SE RE TLA TLOTLANG KA SONEa

1. Go nnile le diphetogo dife bosheng jaana?

MO DINGWAGENG di le dintsi tse di fetileng, batho ba le bantsi ba ne ba tsena kereke e bile ba dumela mo Modimong. Mme bosheng jaana, dilo di ile tsa fetoga. Gone jaanong, batho ba le bantsi ga ba tlhole ba tsena kereke kgotsa ga ba dumele mo Modimong. Tota e bile, mo dinageng dingwe, batho ba le bantsi ba re ga ba tsene kereke.b—Math. 24:12.

2. Ke eng fa batho ba le bantsi ba sa tlhole ba dumela mo Modimong kgotsa ba sa tsene kereke?

2 Ke eng fa batho ba le bantsi jaana ba sa tsene kereke kgotsa ba sa dumele mo Modimong? Bangwe ba itewa tsebe ke menate ya lefatshe kgotsa ke mathata a botshelo. (Luke 8:14) Ba bangwe bone ga ba tlhole ba dumela gore Modimo o teng. Ba bangwe ba dumela mo Modimong mme gone ba re bodumedi bo feletswe ke nako, ga bo re thuse ka sepe e bile ga bo dumalane le saense. Ba tlhola ba utlwa ditsala tsa bone, barutabana kgotsa batho mo radiong le mo thelebisheneng ba re ditshedi di iphetogetse go nna tse dingwe, mme ga go na ope yo o ba thusang go tlhaloganya gore Modimo o teng. Ba bangwe ba tenwa ke baruti ba dikereke ba ba ratang madi. Kwa dinageng dingwe, puso e beile melao e e thibelang batho go dira dilo dingwe tsa bodumedi.

3. Setlhogo seno se tla re thusa go dira eng?

3 Jesu o re laetse gore re “dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa.” (Math. 28:19) Re ka thusa jang batho ba ba sa dumeleng mo Modimong kgotsa ba ba sa tseneng kereke gore ba rate Modimo le gore e nne barutwa ba ga Jesu? Re tshwanetse go lemoga gore batho ga ba tshwane. Ka sekai, batho ba ba goletseng kwa Yuropa ga ba tshwane le batho ba ba goletseng kwa Asia. Batho ba kwa Yuropa ba itse sengwe ka Baebele e bile ba tlhola ba utlwa gotwe Modimo ke ene a dirileng dilo tsotlhe. Batho ba le bantsi ba kwa Asia bone ga ba itse sepe ka Baebele e bile ga ba dumele gore go na le Mmopi. Setlhogo seno se tla re thusa go bona gore re ka rerela jang batho botlhe ba re kopanang le bone le fa ba tswa kwa dinageng tse di farologaneng.

O SE KA WA BA TLHOBOGA

4. Ke eng fa re sa tshwanela go tlhoboga batho?

4 O se Ka wa Ba Tlhoboga. Ngwaga le ngwaga, batho ba ba neng ba sa tsene kereke le ba ba neng ba sa dumele mo Modimong e nna Basupi ba ga Jehofa. Bangwe ba bone ba ne ba itshwere sentle e bile ba sa rate dilo tse di maswe tse di dirwang mo dikerekeng. Ba bangwe bone ba ne ba itshelela fela mme ba bangwe ba ne ba na le mekgwa e e sa siamang e ba neng ba tshwanetse go e tlogela. Jehofa o tla re thusa go bona batho ba ba nang le “tshekamelo e e siameng ya go bona botshelo jo bo sa khutleng.”—Dit. 13:48; 1 Tim. 2:3, 4.

Mokaulengwe o rerela modirimmogo mme moragonyana monna yoo o tsena mo website ya rona

Ithute go rerela batho botlhe, go akaretsa ba ba sa dumeleng mo Baebeleng (Bona serapa 5-6)c

5. Ke eng se se dirang gore batho ba re reetse?

5 Ba Akanyetse e Bile o Bue le Bone Sentle. Go le gantsi batho ga ba re reetse ka ntlha ya se re se buang, mme ba re reetsa ka ntlha ya tsela e re buang ka yone. Ba a itumela fa re bua sentle le bone e bile re bontsha gore re a ba akanyetsa. Ga re pateletse batho gore ba re reetse. Go na le moo, re leka go tlhaloganya gore ke eng fa ba sa batle go re reetsa. Ka sekai, batho bangwe ga ba rate go bua ka Modimo le motho yo ba sa mo itseng. Ba bangwe ba akanya gore go botsa motho dipotso ka Modimo ke go tlhoka maitseo. Ba bangwe bone ba tshaba gore batho ba tla ba tshega fa ba ba bona ba bala Baebele le Basupi. Ka jalo, re tshwanetse go ba akanyetsa.—2 Tim. 2:24.

6. Moaposetoloi Paulo o ile a dirang mme re ka mo etsa jang?

6 Re ka dirang fa re lemoga gore motho yo re buang le ene ga a phuthuloge fa re bua ka “Baebele,” “Modimo” kgotsa “bodumedi”? Re ka dira se Paulo a ileng a se dira. Fa a bua le Bajuda, o ne a dirisa Dikwalo. Mme fa a ne a bua le Bagerika kwa Areopago, o ne a sa ba bolelele gore se a se buang se tswa mo Dikwalong. (Dit. 17:2, 3, 22-31) Re ka mo etsa jang? Fa o kopana le motho yo o sa dumeleng mo Baebeleng, o se ka wa bua ka ditemana tsa Baebele fa o leka go mo tlhalosetsa sengwe. Fa o lemoga gore ga a batle batho ba bona gore lo bala Baebele, o ka mmontsha ditemana ka tsela e nngwe. Ka sekai, o ka mmontsha tsone mo founong kgotsa mo thaboleteng.

7. Go ya ka 1 Bakorintha 9:20-23, re ka nna ra tshwanelwa ke go dira eng fa re le mo bodireding?

7 Ba Reetse e Bile o Leke go ba Tlhaloganya. Re tshwanetse go leka go tlhaloganya gore ke eng fa batho ba dumela se ba se dumelang. (Dia. 20:5) Akanya gape ka Paulo. O ne a godisitswe ke Bajuda. Ka jalo, o ne a tshwanelwa ke go ithuta gore a ka rerela jang batho ba e seng Bajuda ka gonne ba ne ba sa itse sepe ka Jehofa le ka Dikwalo. Le rona re ka nna ra tshwanelwa ke go nna kelotlhoko fa re le mo tshimong gore re kgone go tlhaloganya dilo tse batho ba mo tshimong ya rona ba di dumelang. Kgotsa re ka nna ra kopa Basupi ba bangwe gore ba re thuse.—Bala 1 Bakorintha 9:20-23.

8. Re ka tlotla jang le batho ka Baebele?

8 Fa re le mo bodireding, re batla batho ba ba “tshwanetseng.” (Math. 10:11) Ka jalo, re tshwanetse go ba letla gore ba tlhalose se ba se dumelang re bo re reetsa ka kelotlhoko. Mokaulengwe mongwe wa kwa Engelane o rata go botsa batho jaana: ‘O akanya gore ke eng se se ka dirang gore re itumele mo lelapeng? Ke eng se se ka re thusang go godisa bana sentle kgotsa se se ka re thusang go itshoka fa batho ba sa re tshware sentle?’ Fa ba sena go mo araba, o ba raya a re: “O akanyang ka kgakololo eno e e kwadilweng dingwaga di ka nna 2 000 tse di fetileng?” Ntle le go ba bolelela gore o bua ka kgakololo e e tswang mo Baebeleng, o ba bontsha ditemana dingwe mo founong.

RE KA BA THUSA JANG GORE BA RATE JEHOFA?

9. Re ka rerela jang batho ba ba sa rateng go bua ka Modimo?

9 Re ka kgona jang go rerela batho ba ba sa rateng go bua ka Modimo? Re ka bua le bone ka sengwe se ba se ratang. Ka sekai, batho ba le bantsi ba rata tlhago. Ka jalo, fa o tlotla le mongwe o ka nna wa re: “Go le gantsi fa baitsesaense ba dira sengwe, ba a bo ba se kopisa mo dilong tsa tlhago. Ka sekai, batho ba ba dirang dimaekerofouno ba ithuta tsela e tsebe e dirilweng ka yone mme ba ba dirang dikhamera bone ba ithuta tsela e leitlho le dirilweng ka yone. A o akanya gore dilo tsa tlhago di itlhagetse fela kgotsa di dirilwe ke mongwe?” Fa a sena go araba, o ka nna wa re: “Fa baitsesaense ba ithuta mo dilong tsa tlhago, tota ba a bo ba ithuta mo go mang? Ke kgatlhilwe ke mafoko ano a a ileng a buiwa ke mmoki mongwe wa bogologolo: ‘Ene Yo o [dirileng] tsebe, a ga a kgone go utlwa? Ene Yo o [dirileng] leitlho, a ga a kgone go leba? . . . Ke ene Yo o rutang batho kitso.’ Baitsesaense bangwe ba dumalana le mafoko ano e bile ba dumela gore go na le Mmopi.” (Pes. 94:9, 10) Go tswa foo o ka mmotsha bidio nngwe e e buang ka dilo tsa tlhago mo wesbite ya rona ya jw.org®. Kgotsa o ka mo naya boroutšhara jwa Botshelo—A ke Tiro ya Mmopi?

10. Re ka tlotla jang le motho yo o sa batleng go bua ka Modimo?

10 Batho ba le bantsi ba eletsa gore dilo di tokafale mo lefatsheng. Le fa go ntse jalo, ba akanya gore lefatshe le tlile go senngwa. Molebedi mongwe wa potologo wa kwa Norway a re gantsi batho ba ba sa batleng go bua ka Modimo ga ba na bothata le go bua ka dilo tse di diregang mo lefatsheng. Fa a sena go dumedisa, o botsa jaana: “A o akanya gore dilo di tla tsamaya di tokafala mo lefatsheng? O akanya gore ke mang a ka rarabololang mathata a rona? A ke borradipolotiki, baitsesaense kgotsa ke mongwe o sele?” Fa motho a sena go araba, o mmalela lekwalo lengwe le le bontshang gore Modimo o tlile go rarabolola mathata a rona. Batho bangwe ba a gakgamala fa ba utlwa gore Baebele ya re lefatshe ga le kitla le senngwa le gore batho ba ba siameng ba tla nnela ruri mo go lone.—Pes. 37:29; Mor. 1:4.

11. (a) Ke eng fa re tshwanetse go dirisa ditsela tse di farologaneng fa re rerela batho? (b) Re ka etsa sekao sa ga Paulo jang jaaka go tlhalosiwa mo go Baroma 1:14-16?

11 Batho ga ba tshwane, ka jalo, re tshwanetse go dirisa ditsela tse di farologaneng fa re ba rerela. Selo se se dirang gore mongwe a re reetse se ka nna sa dira gore yo mongwe ene a gane go re reetsa. Ka sekai, batho bangwe ga ba na bothata go tlotla ka Modimo le ka Baebele mme ba bangwe bone ba batla gore re tlotle ka sengwe se se rileng pele. Mme gone, sa botlhokwa ke gore re tshwanetse go bua le bone. (Bala Baroma 1:14-16.) Gape ga re a tshwanela go lebala gore Jehofa ke ene a thusang batho ba ba siameng gore ba rate boammaaruri.—1 Bakor. 3:6, 7.

GO RERELA BATHO BA BA SA DUMELENG MO MODIMONG

Mosupi wa ga Jehofa o rerela mosadi mongwe yo e seng Mokeresete

Basupi ba rerela batho ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe e bile ba ba thusa gore ba lemoge gore Baebele e ka ba thusa (Bona serapa 12-13)

12. Re ka rerela jang batho ba ba tswang kwa dinageng tsa kwa Asia?

12 Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba tlhola ba kopana le batho ba ba sa dumeleng mo Modimong le ba ba tswang kwa dinageng tse puso e thibelang batho go dira dilo dingwe tsa bodumedi. Kwa dinageng dingwe kwa Asia, batho ba le bantsi ga nke ba akanya sepe ka gore a go ka tswa go na le Mmopi. Bangwe ba bone ga ba na bothata le go ithuta Baebele mme ba bangwe bone ga ba batle go utlwa sepe. Re ka ba thusa jang gore ba ithute ka Jehofa? Bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba re fa ba kopana le batho ba ba ntseng jalo, ga ba simolole pele ka go bua ka Baebele. Ba tlotla le bone ka dilo tse batho bano ba di ratang mme moragonyana e bo e nna gone ba ba tlotlelang gore Baebele e ba thusitse jang.

13. Ke eng se se ka dirang gore batho ba kgatlhegele go tlotla le rona ka Baebele? (Bona setshwantsho sa khabara.)

13 Batho ba le bantsi ba kgatlhegela Baebele ka gonne ba lemoga gore e a re thusa mo botshelong. (Mor. 7:12) Kgaitsadi mongwe wa kwa New York yo o tlholang a etela batho ba ba buang Se-Mandarin a re: “Ke rata go bontsha batho gore ke a ba rata e bile ke a ba reetsa fa ba bua le nna. Fa ke lemoga gore ga se kgale ba fudugetse mo nageng ya rona, ke na le go ba botsa ke re: ‘A o setse o tlwaela botshelo jwa kwano? A o setse o bone tiro? A batho ba mono ba go tshwere sentle?’” Ka dinako dingwe, seno se mo thusa gore a kgone go tlotla le bone ka Baebele. Ka dinako tse dingwe, o ba botsa jaana: “O akanya gore ke eng se se ka re thusang go dirisana sentle le batho ba bangwe? Ke kopa go go bontsha seane sengwe mo Baebeleng. Sa re: ‘Tshimologo ya manganga e tshwana le yo o bulelang metsi; ka jalo pele ga komano e tsoga, tswa o tsamaye.’ A o akanya gore seno se ka re thusa go dirisana sentle le batho ba bangwe?” (Dia. 17:14) Go tlotla le batho ka tsela eno go tla re thusa go lemoga batho ba ba batlang go ithuta Baebele.

14. Mokaulengwe mongwe yo o nnang kwa Botlhaba jo bo Kgakala o rerela jang batho ba ba reng ga ba dumele mo Modimong?

14 Re ka rerela jang batho ba ba reng ga ba dumele mo Modimong? Mokaulengwe mongwe yo o nnang kwa Botlhaba jo bo Kgakala a re: “Kwano fa motho a re ga a dumele mo Modimong, o a bo a raya gore ga a dumele mo medingwaneng. Fa a nthaya jalo, ke dumalana le ene ke bo ke mo raya ke re medingwana e itiretswe ke batho. Go tswa foo ke bo ke bala Jeremia 16:20 e e reng: ‘A motho wa mo lefatsheng o ka itirela medimo mme e se medimo?’ Go tswa foo ke bo ke re: ‘Re ka itse jang gore Modimo wa boammaaruri ke mang? Fa a sena go araba, ke mmalela Isaia 41:23 e e reng: ‘Bolelang dilo tse di tla latelang morago ga moo, gore re tle re itse gore lo medimo.’ Go tswa foo ke bo ke mmalela sengwe mo Baebeleng se Jehofa a ileng a se bua se bo se direga.”

15. Re ka ithuta eng mo go se mokaulengwe mongwe wa kwa Asia a se dirang?

15 Mokaulengwe mongwe wa kwa Asia a re: “Fa ke boela kwa bathong ba nkileng ka ba etela, ke ba balela ditemana tse di bontshang gore Baebele e a re thusa mo botshelong. Gape ke ba balela tse di bontshang gore boporofeti bongwe jwa Baebele bo setse bo diragaditswe le tse di bontshang gore Baebele e dumalana le saense. Go tswa foo ke ba tlhalosetsa gore seno se bontsha gore go na le Mmopi. Fa ke bona gore ba dumalana le se ke se buang, ke ba bontsha gore Baebele ya reng ka Jehofa.”

16. Go ya ka Bahebera 11:6 ke eng fa batho re ithutang le bone ba tshwanetse go nna le tumelo mo Modimong, mme re ka ba thusa jang?

16 Fa re ithuta Baebele le batho ba ba sa tseneng kereke kgotsa ba ba sa dumeleng mo Modimong, re tshwanetse go nna re ba thusa go lemoga gore Modimo o teng. (Bala Bahebera 11:6.) Gape re tshwanetse go ba thusa gore ba dumele se Baebele e se rutang. Seno se raya gore re ka nna ra tshwanelwa ke go boaboeletsa dintlha dingwe. Fa re ithuta le bone, re tshwanetse go ba bontsha bosupi jwa gore Baebele e kwadilwe ke Modimo. Re ka nna ra tlotla le bone ka dilo tse Baebele e ileng ya bua ka tsone di bo di direga. Gape re ka ba thusa go lemoga gore Baebele e dumalana le saense le gore kgakololo e e mo Baebeleng e sa ntse e re thusa le gompieno.

17. Go ka diregang fa re bontsha batho gore re a ba rata?

17 Fa re rata batho, go akaretsa le ba ba sa dumeleng mo Modimong, re tla ba thusa go nna barutwa ba ga Jesu. (1 Bakor. 13:1) Re tshwanetse go ba thusa go lemoga gore Modimo o a re rata e bile o batla gore le rona re mo rate. Ngwaga le ngwaga batho ba le bantsi ba ba neng ba sa dumele mo Modimong ba ithuta ka ene ba bo ba kolobediwa. Ka jalo, o se ka wa tlhoboga batho, go na le moo, ithute go rata batho botlhe. Ba reetse mme o leke go tlhaloganya gore ke eng fa ba dumela se ba se dumelang. Ba thuse go nna barutwa ba ga Jesu.

O NE O KA ARABA JANG?

  • Ke eng se se ka re thusang gore re se ka ra tlhoboga batho ba re kopanang le bone mo bodireding?

  • Re ka thusa jang batho ba ba sa dumeleng mo Modimong gore ba mo rate?

  • Ke eng fa re tshwanetse go rerela batho botlhe?

PINA 76 A ga O Itumelele go Rera?

a Go na le batho ba le bantsi ba ba sa tseneng kereke le ba ba sa dumeleng mo Modimong. Re ka nna ra kopana le bone mo bodireding. Setlhogo seno se tla re thusa go bona gore re ka ba rerela jang. Gape re tla bona gore re ka ba thusa jang gore ba dumele mo Modimong le go dumela se Baebele e se rutang.

b Go ya ka dipatlisiso, dingwe tsa dinaga tseo ke: Albania, Australia, Austria, Azerbaijan, Canada, China, Czech Republic, Denmark, Fora, Jeremane, Hong Kong, Ireland, Israel, Japane, Netherlands, Norway, South Korea, Spain, Sweden, Switzerland, United Kingdom, le Vietnam.

c SETSHWANTSHO: Mokaulengwe o rerela modirimmogo mme moragonyana monna yoo o tsena mo website ya jw.org®.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela