LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb23 September ts. 13
  • Thusa Ba ba Sa Dumeleng mo Modimong go mo Itse

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thusa Ba ba Sa Dumeleng mo Modimong go mo Itse
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Rerela Batho Ba ba Sa Dumeleng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • Dirisa Dithulusu Tse di mo Lebokosong la Rona go Ruta
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2018
  • Dipokano Tsa Tirelo ya Tshimo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Go Ruta Boammaaruri
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2018
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
mwb23 September ts. 13
Kgaitsadi o rerela mosadi wa kwa Asia.

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Thusa Ba ba Sa Dumeleng mo Modimong go mo Itse

A o a tle o tshabe go rerela batho ba ba sa dumeleng mo Modimong ka gonne o akanya gore ba ka se go reetse? Fa e le gore go ntse jalo, gopola gore batho ba le bantsi ba ba neng ba sa dumele gore go na le Modimo le ba ba neng ba sa tlhole ba dumela gore Modimo o gone​—gone jaanong ke Basupi ba ga Jehofa. Gantsi, ba ne ba tlhoka bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa gore Modimo o gone.​—Bar 1:20; 10:14.

LEBANG BIDIO YA BATHO BA BA SE NANG TUMELO BA KA NNA LE YONE!​—BATHO BA BA SA DUMELENG MO MODIMONG, LO BO LO ARABA POTSO E E LATELANG:

Maitemogelo a ga Tommaso a ka go thusa jang gore o rerele batho ba ba sa dumeleng mo Modimong?

O ka dira seo jang?

Fa mongwe a go tlhalosetsa gore ga a dumele mo Modimong, nna bonolo, bua le ene ka botlhale o bo o mmontsha gore o kgatlhegela tsela e a ikutlwang ka yone ka kgang eo. (2Ti 2:24) Tlotla le ene ka ditlhogo tse di ka mo kgatlhang. A o iketleeleditse go tlotla ka dikgang tse di thusitseng batho ba le bantsi go dumela gore go na le Mmopi? Fa go ntse jalo, dirisa dikgatiso le dibidio tse di buang ka kgang eno. Boroutšhara jwa Botshelo​—A ke Tiro ya Mmopi? bo tlile go tsenngwa mo Lebokosong la go Ruta gore bo bonwe motlhofo.

Kwa tshimologong, go ka tshosa go rerela motho yo o sa dumeleng mo Modimong. Goreng o sa kope mmoledi yo o nang le maitemogelo gore a go thuse? Gopola gore Jehofa a ka go thusa gore o fitlhelele dipelo tsa batho ba ba amogelang boammaaruri, tota le fa ba ne ba sa dumele gore o gone.​—Dit 13:48.

Boroutšhara jwa “Botshelo​—A ke Tiro ya Mmopi?”
    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela