Letlole la Dipotso
Ke thulaganyo efe eo e tshwanetseng go latelwa mo pokanong e e kgethegileng eo e akaretsang le Thuto ya Buka ya Phuthego ya ka nako ya beke ya loeto lwa molebedi wa potologo?
Ka nako ya loeto lwa molebedi wa potologo, go dirwa dithulaganyo tsa gore phuthego yotlhe e kopanele kwa Holong ya Bogosi mo pokanong eno e e kgethegileng e e akaretsang le Thuto ya Buka ya Phuthego, go sekasekiwa ga tshedimosetso ya Dikwalo le ya phuthego e e nang le setlhogo se se reng “Tswela Pele mo Dilong Tseo O Di Ithutileng,” mmogo le puo ya tirelo di neelwa ke molebedi wa potologo. Go molemo fa pokano eno e tshwarwa ka Labone kana ka Labotlhano mantsiboa.
Pokano e simolola ka pina le thapelo, mme e bo e re morago ga moo mongwe wa bagolwane a bo a tshwara Thuto ya Buka ya Phuthego ka metsotso e le 45. Go tshwanetse ga dirwa boiteko jwa gore go konelwe karolo yotlhe eo go abetsweng gore e ithutiwe mo bekeng eo, dirapa tsotlhe di tshwanetse go balwa, fela jaaka fa go tlhola go dirwa ka metlha mo thutong e e tlwaelegileng ya beke le beke. Morago ga Thuto ya Buka ya Phuthego go opelwa pina e nngwe ya Bogosi. Morago ga moo molebedi wa potologo o dirisetsa metsotso e le 30 go tshwara karolo e e reng “Tswela Pele mo Dilong Tseo O Di Ithutileng.” Morago ga moo, o neela puo ya tirelo ka metsotso e le 30 eo e baakanyeditsweng gore e tshwanele segolo thata ditlhokafalo tsa phuthego eo a e etetseng. Mo puong ya tirelo, o akgola bakaulengwe mo go tshwanetseng teng mmogo le go ba gakolola mo go tshwanetseng teng ka maikaelelo a go ba aga le go ba kgothatsa gore ba tswele pele ba tlhomame mo tirelong ya Bogosi.
Pokano e konelwa ka pina le thapelo. Dipina tsotlhe tseo di dirisiwang di tlhophiwa ke molebedi wa potologo. Thulaganyo eno yotlhe go akaretsa le dipina le dithapelo, ga e a tshwanela go feta dioura di le pedi ka botelele.
Thulaganyo eno e e simolotsweng ka 1977 e ile ya thusa thata go dira gore loeto lwa molebedi wa potologo e nne sengwe se se kgethegileng seo phuthego yotlhe mmogo le baboledi ka bongwe bao ba nnang gone le go nna le seabe mo paakanyetsong eno e e molemo e e dirilweng ke phuthego ya ga Jehofa, e ka se ipelelang le go bona molemo mo go sone.