LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 6/90 ts. 7-8
  • Go Kgotsofatsa Seo Re Se Tlhokang Semoyeng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Kgotsofatsa Seo Re Se Tlhokang Semoyeng
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • DIPOKANO Dl THUSA GO KGOTSOFATSA TSEO RE Dl TLHOKANG
  • SWELA LOBAKA MOLEMO
  • Dipokano di Solegela Basha Molemo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
  • Ke Eng fa re Tshwanetse go Nna Gone Kwa Dipokanong?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • O ka Kgotsofatsa Keletso ya Gago ya Semoya
    Tsogang!—2009
  • Kafa Jehofa a re Gogang ka Teng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
km 6/90 ts. 7-8

Go Kgotsofatsa Seo Re Se Tlhokang Semoyeng

1 Jesu o boletse jaana: “Go itumetse bao ba amegileng ka seo ba se tlhokang semoyeng.” (Math. 5:3, NW) Ke ka ntlhayang fa go le botlhokwa jaana gore re amege ka seo re se tlhokang semoyeng? Re ka bontsha jang gore re amegile ka sone? Ke dirai dife tse re tshwanetseng ra di tila, mme ke masego afe ao a tla nnang teng ka ntlha ya go bo re amegile ka tlhokafalo ya rona ya semoya?

2 Kwantle ga pelaelo rotlhe re amegile ka kamano eo e leng teng magareng ga pholo ya rona ya mo mmeleng le go ja dijo tse di tshwanetseng. Motho ga a ka ke a tswelela a itlhokomolosa dilo tseo a di tlhokang mo mmeleng mme a bo a lebelela go ka dira tiro e e duleng diatla letsatsi le letsatsi. Go ntse jalo le fa re tlhokomologa go iphepa semoyeng.—Math. 4:4; Yoh. 17:3.

DIPOKANO Dl THUSA GO KGOTSOFATSA TSEO RE Dl TLHOKANG

3 Go na le kamano e e tlhamaletseng magareng ga pholo ya rona e e molemo ya semoya le thulaganyo ya semoya eo re iphepang ka yone. Kwa dipokanong tsa rona, “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” o re tlamela ka dijo tse di rokolosang mathe tsa semoya go ka kgotsofatsa seo re se tlhokang. (Math. 24:45-47) Pokano nngwe le nngwe e diragatsa boikaelelo jo bo rileng, mme ga go na epe ya tsone eo e tshwanetseng ya itlhokomolosiwa. A o baakanyetsa dipokano tsotlhe le go nna teng kwa go tsone ka metlha?

4 A re ke re tlotleng ka di le tharo fela tsa dipokano tsa rona tsa beke le beke. Pokano ya konokono eo e diretsweng go re boloka re tsamaisana le boammaaruri jo bo ntseng bo tswela pele ke Thuto ya Tora ya Tebelo. Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo se ka re thusa gore re fetoge badihedi ba ba nang le bokgoni. Thuto ya Buka ya Phuthego e re thusa gore re ithute ditlhogo tse di farologaneng tsa Bibela ka kelotlhoko.

5 A o baakanyetsa dipokano tsa phuthego? Bangwe ba ka nna ba okola dintlha tseo di tlileng go ithutiwa ba di okola fela fa godimo, ba thalela dikarabo tsa dipotso ka bonako, mme ba sa lebe dikwalo tseo di tlhagang mo go tsone. Ba ka nna ba bo ba ipaakanyeditse go akgela ka tsela e e rileng, mme le fa go ntse jalo a ba iphepa ka dijo tsotlhe tsa semoya tse di leng teng? A go na le moo lo ka tokafatsang teng mo tseleng eo wena le lelapa la gago lo baakanyetsang dipokano ka yone?

SWELA LOBAKA MOLEMO

6 Fa o beetse nako kwa thoko ya gore o baakanyetse dipokano ka yone, o se ka wa letla thelebishine kana tiro epe e nngwe eo e seng botlhokwa go le kalo gore e kgoreletse dithulaganyo tsa gago. Ditlhogo tsa malapa, segolobogolo, di tshwanetse tsa thusa malapa a tsone gore a ngaparele thulaganyo ya ka metlha ya go ithuta Bibela, go baakanyetsa dipokano, le go nna le seabe mo tirelong ya tshimo. Botlhe ba tshwanetse ba tsaya kgakololo ya ga Paulo ka masisi ya gore re ‘swele lobaka molemo’ re direng gore bomoya jwa rona e nne jone bo tlang pele.—Baef. 5:15-17.

7 Fa re amegile ka seo re se tlhokang semoyeng, re tla tila dirai tsa go sa kgathale, kana go nna go se letsapa le re fisang pelo. Mongwe le mongwe wa rona mmogo le jaaka malapa, re na le dilo tsa mmatota tseo re di tlhokang semoyeng. Gore re bone boitumelo go ikaegile ka maiteko ao re a dirang go ka kgotsofatsa tlhokafalo ya rona ya semoya.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela