LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 6/90 ts. 7
  • Thuso ya ka Nako Eo E Tlhokwang ka Yone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thuso ya ka Nako Eo E Tlhokwang ka Yone
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • DIKETELO TSA MOLEBEDI WA TIRELO
  • Karolo 5—Loeto Lwa Molebedi wa Tirelo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Go Dirisanammogo le Motshwari wa Thuto ya Buka ya Phuthego wa Rona
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Kafa Balebedi ba Thuto ya Buka ya Phuthego ba Bontshang go Kgatlhegela ba Bangwe
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • Kafa o ka Solegelwang Molemo ka Gone ke Setlhopha sa Tirelo ya Tshimo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
km 6/90 ts. 7

Thuso ya ka Nako Eo E Tlhokwang ka Yone

1 Ka ntlha ya tsela eo Jesu a amegileng ka mmatota ka phuthego ka gone, ka metlha o tla re ‘thusa mo motlheng o go tlhokwang ka ona.’ (Baheb. 4:16) Thuso e e tlhokafalang bontsi jwa yone e neelwa ka “dineo tse di leng mo bathong,” jaaka fa go solofeditswe mo go Baefesia 4:8, 11, 12 (NW). Nngwe ya dineo tse di ntseng jalo ke molebedi wa tirelo mo phuthegong nngwe le nngwe.

2 Molebedi wa tirelo a ka re thusa ka ditsela dife? Go na le di le mmalwa: (1) O leka ka natla go dira gore rotlhe re lemoge kafa tiro ya go rera le go dira barutwa e leng botlhokwa ka gone. (2) O amegile ka go dira gore go nne le thulaganyo e e molemo le gore go etelelwe pele ka tsela e e molemo mo tshimong ka ditlhopha tsa Thuto ya Buka ya Phuthego. (3) O kgatlhegela go tlhomamisa gore mongwe le mongwe wa rona o thusiwa ka namana mo go tlhokafalang teng gore re tokafatse tsela eo re nang le katlego ka yone jaaka badihedi.

DIKETELO TSA MOLEBEDI WA TIRELO

3Mo godimo ga thuso ya ka metlha e e molemo eo e neelwang ka thulaganyo ya Thuto ya Buka ya Phuthego, go dirilwe dipaakanyetso tse di kgethegileng tsa gore re amogele thuso ka namana. Molebedi wa tirelo gantsi o abelwa go tshwara Thuto ya Buka ya Phuthego, mme le fa go ntse jalo, gangwe ka kgwedi nngwe le nngwe o tlogela setlhopha sa gagwe ka namana go ya go bereka le nngwe ya dithuto tsa buka beke e le nngwe. Mothusi wa gagwe o sala a tshwere ka nako eo a seong ka yone. O itsise motshwari wa thuto nako e sa ntse e le gone a mo itsise ka loeto lwa gagwe gore setlhopha se ke se dire dithulaganyo tsa gore se bone molemo ka botlalo mo go seo se tla bong se dirwa mo bekeng eo.

4 Ka nako ya beke eno e e kgethegileng, thuto ya buka e tshwarwa ka tsela e e tlwaelegileng ka metsotso e le 45. Seno se dira gore go nne le metsotso e le 15 eo molebedi wa tirelo a ka neelang puo ka yone eo e rulaganyeditsweng go re thusa gore re tokafatse tiro ya rona ya go rera mafoko a a molemo. Go botlhokwa gore baboledi botlhe, mmogo le batho bao ba sa tswang go kgatlhega bosheng, ba nne teng.

5 Baboledi botlhe bao ba leng mo setlhopheng seo se se etetsweng ba tshwanetse ba rulaganyetsa gore ba nne le seabe ka botlalo mo tirelong ka nako ya loeto lono lo lo kgethegileng, segolobogolo ka mafelobeke. Koo go tshwanelang teng, go ka nna ga rulaganyediwa bosupi jwa mantsiboa mo bekeng eo. Mongwe wa mekgele ya molebedi wa tirelo ke gore a bereke le baboledi ba le bantsi ka mo go ka kgonagalang ka gone mo tirelong. Gongwe a ka nna a tsamaya le bangwe ba rona go ya maetong a go boela le go ya kwa dithutong tsa Bibela. Bape fela bao ba ikutlwang ba tshwanelwa ke go thusiwa kana go kgothadiwa mo bodiheding ba ka nna ba buisana le ene ba kopa thuso. Gape, re ka amogela melemo ka go nna gone kwa dipokanong tsa tirelo ya tshimo tse e nnang ene a di tshwarelang setlhopha mo bekeng eo.

6 Molebedi wa tirelo o ipha nako ya go tlotla le motshwari wa thuto malebana le tiro ya setlhopha seo. Go tlhatlhobiwa dithulaganyo tsa ka metlha tsa tirelo go tlhomamisa gore dilo di rulagantswe ka tsela eo e leng mosola go ka dirisiwa eo botlhe ba ka kgonang go nna teng mo go yone. Fa bangwe ba tlhoka go ka thusiwa kana go ka kgothadiwa gore ba nne le seabe ka metlha mo bodiheding, a ka nna a buisana le bone ba le kwa thoko mme a ba neele dikakantsho ka bopelonomi tseo di tla ba thusang gore ba tokafatse. Molebedi wa tirelo a ka nna a dira dithulaganyo tsa go etela baboledi bao ba sa tsweng ka metlha le motshwari wa thuto. Gape, a ka nna a tlhatlhoba faele ya dipego tsa dithuto tsa Bibela tsa setlhopha seo le motshwari wa thuto ya buka. Gongwe ba ka nna ba tsamaya le bangwe ba baboledi go ya kwa dithutong tsa magae tsa Bibela mme ba ba neele kgothatso ya semoya.

7 Mo diphuthegong tseo di nang le dithuto ga a kitla a di etela makgetlo a le mantsi go le kalo. Ka gone, botlhe ba tshwanetse ba dira boiteko jo bogolwane jwa gore ba solegelwe molemo ka botlalo ka nako eo a etileng ka yone. Ka nako eo a lo etetseng ka yone, tlhokomela dikakantsho tseo di neelwang tseo o ka tokafatsang bodihedi jwa gago ka tsone mme o bo o dire boiteko jo bogolo jwa gore o di dirise pele ga a boa a lo etela gape. Legale, o tla bo a ntse a le teng mo phuthegong go ka neela thuso ka nako le fa e ka nna epe fela fa re e tlhoka. Mo diphuthegong tseo di nang le Dithuto tsa Buka ya Phuthego tsa palo e e kwa tlase, molebedi wa tirelo o tla leka thata gore a etele setlhopha sengwe Ie sengwe bobotlana mo dikgweding dingwe le dingwe tse thataro.

8 Boikemisetso jwa rona jwa gore re tshwarisane le molebedi wa tirelo le go mo ema nokeng ka pelo yotlhe ka nako ya fa a etetse Thuto ya rona ya Buka ya Phuthego bo tla re thusa gore re oketse tsela eo re nang le katlego ka yone mo tirong ya go dira barutwa le gore re bone boipelo jo bo oketsegileng mo bodiheding.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela