Kgothaletsa Bao o Ithutang Bibela Nabo Gore ba Dire Kgatelopele
1 fatshe le akanya ka kgatelopele segolobogolo fa go buiwa ka tsa botegeniki le ka dilo tse di bonalang fela. Mme lefa go ntse jalo batho ba ga Jehofa bone ga ba a nna jalo. Go na le moo, re iteka ka thata gore re dire kgatelopele ya semoya. Re itumelela go bo re amogetse kgothatso eo e ileng ya baka gore re fetoge barutwa ba ga Keresete ba ba tlhagafetseng le ba ba tlhagisang matswela.—Yoh. 15:8; 2 Pet. 1:5-8.
2 Mo Dikwalong tsa Efangedi lefoko “morutwa” le dirisiwa segolobogolo eseng fela mo go bao ba dumelang dithuto tsa ga Keresete mme gape ba di latela ka tlhoafalo. (Math. 28:19, 20) A bao o ithutang nabo Bibela ba lemoga ntlha eo? Re ka ba kgothaletsa jang gore ba dire kgatelopele gore ba ke ba fetoge barutwa?
LEBISA KGATLHEGO KWA PHUTHEGONG
3 Kwantle ga pelaelo kgatelopele ya seithuti e amana le tsela eo a anaanelang phuthego ya ga Jehofa ka yone. Ka gone, bontlhanngwe jwa boikarabelo jwa rona jaaka barutisi ke gore re kaele kgatlhego ya yoo re ithutang le ene kwa phuthegong ya Modimo. Re na le dingwaga di le dintsi re ntse re kgothalediwa gore re dirise metsotso e le metlhano go ya go e le lesome kwa thulaganyong nngwe le nngwe ya Bibela go tlhalosa sengwe malebana le phuthego. Boroutšhara ya Basupi ba ga Jehofa Ba Dira Thato ya Modimo ka Kutlwano mo Lefatsheng Lotlhe e neela thulaganyo e e molemo thata ya kafa seno se ka dirwang ka gone. A yo o ithutang nae Bibela o na le sekaelo sa yone? Fa go sa nna jalo, tlhomamisa gore a nne le sone gone fela jaaka fa re bua jaana. Mo kgothaletse gore a e bale, mme o mo tlhalosetse gore lo tlile go sekaseka karolo e khutshwane fela ya yone mo thutong nngwe le nngwe.
4 Tshedimosetso e e mo ditsebeng 14 le 15 tsa boroutšhara ya Ba Dira Thato ya Modimo e diretswe go aga kanaanelo mo go nngwe le nngwe ya dipokano tsa phuthego. Ke ka ntlhayang fa lo sa tlotle ka serapa se le sengwe fela kana di le pedi mo bekeng nngwe le nngwe? Bontsha kafa pokano nngwe le nngwe e thapisang le go ruta ka gone go thusa mo tlhokafalong e e rileng. Thusa yo o ithutang nae gore a bone gore go gola semoyeng go nna teng ka ntlha ya “go phuthèga ga rona.” (Baheb. 10:24, 25) Mo kgothaletse ka bothitho gore a kopanele le rona kwa Holong ya Bogosi. Koo o tla bona kutlwano le lorato tseo re di ipelelang jaaka batho ba ga Jehofa fa re phuthegile mmogo.—Pes. 133:1; Yoh. 13:35.
MO TLHOTLHELETSE GORE A DIRE KGATELOPELE YA SEMOYA
5 Bao ba sa tswang go kopanela ba tshwanelwa ke gore ba fetoge diithuti tsa mmatota tsa Lefoko la Modimo, gore ba gatele pele mo kitsong, mo tlhaloganyong, le mo go diriseng melaometheo ya lone. Ka ntlha ya seno re tswelela re ithuta buka ya Tshelela Ruri le buka ya Go Utlwana mo Kobamelong kana Kagiso ya Boammaaruri esita lefa motho yoo re ithutang le ene a kolobediwa pele ga a fetsa dibuka tseno. Yo o ithutang nae a ka nna a amogela dikaelo tsa dibuka tseno esita le fa e le gore go tla feta dikgwedi di le mmalwa pele ga a simolola go ithuta buka ya bobedi. Seno se ka nna sa godisa keletso ya gagwe ya semoya, se mo tlhotlheletsa gore a bale go ya pele eleng seo se tla dirang gore a dire kgatelopele ka bonako. Gape, re tshwanetse ra mo tlhalosetsa kafa go tlhokafalang ka gone gore re nne le dipeeletso tsa Tora ya Tebelo mmogo le Tsogang! le go nna le dikgatiso tse dingwe tsa Mokgatlho e le gore a ke a lepalepane le “diyō mo lobakeñ lo e leñ lōna.” (Luke 12:42) Bao ba dirang jalo ba tla tlhomama, ba gola, mmogo le go itshetlela mo tumelong.—Bakol. 2:7.
6 Jaaka Basupi ka rona ba ka moso ba ga Jehofa, bao re ithutang Bibela nabo ba tlhoka gore re ba thuse gore ba ke ba fitlhelele kgolo e e feletseng. (Baheb. 5:14) Re tshwanetse ra ba akgola mo go tshwanelang teng gore re ke re ba rotloetse go dira kgatelopele. (Bafil. 3:16) A o bolelela lelapa mmogo le batho bao a ba itseng ka dilo tseo a di ithutang? Fa e le gore o a tshwanelega a o setse a tsene mo Sekolong sa Bodihedi sa Bolegodimo? A o eletsa go fetoga mmoledi wa mafoko a a molemo?
7 Fa rona jaaka barutisi re dira seabe sa rona, re ka lebelela go bona tshegofatso e kgolo ya ga Jehofa. (2 Bakor. 9:6) Le ka motlha ga re a tshwanela go lebala maatla ao thapelo e nang le one fa re rapelela bao re ithutang Bibela nabo. Kopa Jehofa gore a ba kaele gore ba ke ba reetse seo ba se ithutang. (1 Bakor. 3:6, 7) Ekete ba ka dira tshwetso ya gore ba tseye kgato ya go fetoga bao ba kopanelang ka tlhoafalo le phuthego mme ka gone ba oketse kgalalelo le pako tseo di yang kwa leineng la ga Jehofa.