LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 8/90 ts. 8
  • Nnang Boitshepo mo go Tsheleng Gotlhe ga Lona

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nnang Boitshepo mo go Tsheleng Gotlhe ga Lona
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “O Boitshepo, O Boitshepo, O Boitshepo Jehofa”
    Atamalana le Jehofa
  • “Nna Jehofa Modimo wa Lona ke Boitshepo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • “Lo Nne Boitshepo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
  • “Lo Nne Boitshepo mo go Tsheleng Gongwe le Gongwe Gotlhe ga Lona”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
km 8/90 ts. 8

Nnang Boitshepo mo go Tsheleng Gotlhe ga Lona

1 Fela jaaka fa go ne go ntse mo nakong e e fetileng, go nna boitshepo ke selo sa bomodimo seo se batlegang mo batlhankeng ba Modimo gompieno. Ka jalo go na le tlhokafalo e e potlakileng ya gore mongwe le mongwe wa rona a tlhaloganye ka botlalo eseng fela seo go nna boitshepo go se bolelang mme gape le gore ke tsela efe eo go tshwanetseng ga tlhaola kobamelo ya rona go Jehofa ka yone le gore ke ka ntlhayang fa go tshwanetse ga e tlhaola. Ka jalo, “Nnang Boitshepo mo go Tsheleng Gotlhe ga Lona” ke setlhogo seo go tlotliwang ka sone mo thulaganyong ya letsatsi la kopano e e kgethegileng ya ngwaga wa tirelo wa 1991.—1 Pet. 1:15.

2 Ereka ditekanyetso tse di tshiamo tsa ga Jehofa le melao ya gagwe di tswa kwa go ena jaaka Modimo o o Boitshepo, boemo jwa tshiamo jo re bo ipelelang bo teng ka ntlha ya kamano e e atamalaneng eo re nang nayo nae ka namana. Ka jalo, thulaganyo eno e tla tlhalosa ditsela di le mmalwa go bontsha ka moo re ka tokafatsang kamano ya rona le Modimo ka gone. Tseno di akaretsa gore re ikobele ditekanyetso tsa gagwe tse di boitshepo, le eleng mo go seo se ka nnang sa lebiwa jaaka dilo tse dipotlana. (Luke 16:10) Re tla thusiwa gore re tlhagolele kanaanelo e e boteng mo dilong tse di boitshepo tseo Jehofa a di batlang mo go rona mme ebile re tla gakololwa gore ke eng fa tseno di tshwanetse go tlhotlheletsa tsela yotlhe eo re akanyang ka yone, boitshwaro jwa rona, le ditsela tsa rona.

3 Dipuo tse pedi tsa konokono tse di tlileng go neelwa e tla nna “Go Ineela Gore Re Phepafadiwe go Tswela Pele” le “Ditiro Tse Di Golang tsa Batho Ba Ba Boitshepo ba ga Jehofa.” Jaaka fa ditiragalo tse di kgatlhisang thata jaana di gatelela mo megopolong ya rona letsatsi le letsatsi kafa metlha eno ya rona e potlakileng ka gone, thulaganyo ya letsatsi la kopano e e kgethegileng ya ngwaga o mosha wa tirelo e tla re rotloetsa gore re tswelele pele re batla kaelo ya ga Jehofa le go batla go mo kgatlha ka go nna boitshepo mo go tsheleng gotlhe ga rona.—1 Pet. 1:14, 16.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela