Go Neela Mafoko a a Molemo—Ka Malatsi a Boikhutso
1 Lemororo mekete e le mentsi eo eleng malebana le Keresemose le Ngwaga o Mosha e simolotse mo boheitaneng, batho bao ba fetang bilione bao ba ipolelang gore ke Bakeresete ba keteka malatsi ano a boikhutso ngwaga mongwe le mongwe. Batho ba le bantsi ba dumela ka bopeloephepa gore mekete eno Modimo o a e amogela. Re ka fitlhelela jang dipelo tsa batho ba ba ntseng jalo ka mafoko a a molemo ka dinako tsa malatsi a boikhutso?
NNA MOTHO YO O AKANYETSANG LE YO O TLOTLANG
2 Bagolwane ba dira dithulaganyo tse di kgethegileng tsa gore go neelwe bosupi ka malatsi a boikhutso, ereka ba le bantsi ba rona ba sa bereke mo ditirong tsa boitshediso. Nako ya go simolola tiro ya ntlo le ntlo e tshwanetse ya bewa go akanyediwa beng ba matlo bao ba ka nnang ba bo ba robetse morago ga nako e e tlwaelegileng ya go robala mo malatsing ao.
3 Jaaka fa re ntse re tswelelapele ka bodihedi jwa rona, go tlile go direga thata gore re kopane le batho ba le bantsi bao ba tshwaregileng thata ka baeng ebile ba apeile. Ereka re lemoga gore eno ke nako e e kgethegileng mo go bone, re ka nna ra dira dikakgelo tsa rona gore e nne tse dikhutshwanyane fela ebile e le tse di opang kgomo lonaka. Fa re bontsha maitseo a Bokeresete seno se ka nna sa bula tsela ya gore re neele bosupi gape mo isagweng.
4 Ga re nne le seabe mo meketeng ya lefatshe, ebile fa batho ba re dumedisa ka tsela e ba tlwaetseng go dumedisa ka yone ka malatsi a boikhutso ga re ba arabe ka tsela yone eo. Ka gone go tlhokafala gore re nne botlhale malebana le tsela eo re arabelang ka yone fa batho ba re dumedisa ka tsela e e ntseng jalo. Ga go tlhokafale gore o tseye kgang ka tsela eo ya go dumedisa, mme mo mabakeng a le mantsi seo re ka se dirang fela ke go leboga mong wa ntlo ka dikeleletso tsa gagwe tse di molemo. Fa batho ba re botsa kaga seo re se dumelang, re ka ba tlhomamisetsa gore re tlotla Keresete Jesu, ereka bao ba tlotlang Modimo ba tshwanetse ba dira jalo. (Yoh. 5:23) Lefa go ntse jalo, meetlo e le mentsi ya malatsi a boikhutso ga e tlotle Keresete kana Modimo. Fa batho ba eletsa go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka nako eo kana moragonyana, re ka nna ra tlotla le bone ka tshedimosetso eo eleng mo bukeng ya Go Fetolana ditsebe 254-6 le 259.
DIKETAPELE
5 Ereka malatsi a boikhutso a Keresemose e le a bodumedi, re ka nna ra fitlhela batho ba le bantsi bao ba ratang thata go bua ka Modimo ka nako eno go na le ka nako epe e nngwe ya ngwaga. Re ka nna ra dirisa seno ka tsela e e molemo mo diketapeleng tsa rona. Ka sekai, re ka nna ra re: “Batho ba le dimilionemilione go ralala lefatshe ba keteka Keresemose le Letsatsi la Ngwaga o Mosha. A o akanya gore mekete eno e atametsa batho gaufi le Modimo?” Go sa kgathalesege gore a mong wa ntlo o akanya gore mekete eno e siame kana ga e a siama, morago ga gore re bontshe gore re anaanela dikakgelo tsa gagwe, re ka nna ra bolela jaana: “Batho ba le bantsi ba eletsa ekete ba ka bo ba na le kamano e e molemo le Modimo, gongwe ba ikutlwa gore ekete Modimo o kgakalanyana le bone. A o akanya gore tota Modimo o a amega ka rona le ka polanete eno eleng lefatshe?” Morago ga moo tswelela ka Setlhogo sa Motlotlo.
6 Fa re simolola ka tsela e e farologaneng, re ne re ka nna ra bolela jaana: “Ka setlha seno sa Keresemose, gantsi re utlwa ka batho ba bolela gore ba na le tsholofelo ya gore go tlile go nna le kagiso mo lefatsheng le gore go tla nna molemo mo bathong. A o akanya gore Modimo o tla lere kagiso mo lefatsheng mo motlheng wa rona?” Morago ga moo re ka nna ra tswelela ka go bontsha gore Jesu Keresete ke “Kgōsana ea Kagishō” eo e boleletsweng pele. (Isa. 9:6, 7) Jaaka Mmusi yo o tlhomilweng mo pusong ya Modimo, go ise go ye kae Keresete o tla tsaya kgato go tlisa kagiso eo e tla nnelang ruri mo lefatsheng.—Dan. 2:44; Tshen. 21:3-5.
7 Lemororo batho ba le bantsi ba sa kgatlhegele molaetsa wa Bogosi mme ba itumelela malatsi a bone a boikhutso ao eleng a bodumedi jwa maaka, eleruri Jehofa o tla segofatsa maiteko ao re a dirang a go bona batho bao ba batlang boammaaruri, ka gonne ene ka boene “o batla ba ba nntseñ yalo go nna baobamedi ba gagwè,” mme o tla ba kaela kwa phuthegong ya gagwe.—Yoh. 4:23, 24.