Letlole la Dipotso
● Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore go ithutiwe dibuka di le pedi ka botlalo le barutwa ba basha le eleng fa ba kolobediwa pele ga go fediwa buka ya bobedi?
Jehofa o segofatsa phuthego ya gagwe ka go tsena ga batho ba basha bao ba ologelang mo diphuthegong. Re itumelela go bona go phuthega go gogolo jaana. Lefa go ntse jalo, re lemoga gore batho bano ba seka dinku ba tlhoka go thusiwa go tswela pele le go kaelwa mo go ithuteng go direla Jehofa.
Batho bao ba saleng basha ba tlhoka go thusiwa gore ba tle mo kitsong e e tlhomameng ya boammaaruri. (Bakol. 1:9, 10) Re na le tshiamelo ya go ba thusa gore ba tlhaloganye dithuto tsa konokono tsa Bibela le gore re lemoge seo Bibela e re rutang sone malebana le ditekanyetso tsa boitsholo, go tshela ga Bokeresete, le dilo tse dingwe tse di leng malebana le seo. Seno se tla ba thusa gore ba tlhomame mo boammaaruring e le gore ba tle ba fenye diteko le fa e le dife fela tse di tlang.
Diithuti gape di tlhoka go nna batho ba ba godileng sentle mo dikgonong tsa bone tsa go tlhaloganya. (1 Bakor. 14:20) Boitemogelo bo bontshitse gore e le gore motho a tle a fitlhelele boemo joo jwa go nna yo o godileng sentle semoyeng, go molemo gore a tle a ithute Bibela ka namana le yoo a mo rutang. Ka gone le eleng lefa motho a ka kolobediwa pele ga a fetsa go ithuta dibuka di le pedi, se se botlhale ke gore thuto ya gagwe ya Bibela e tshwanetse ya tswelela go fitlhela a wetsa go ithuta dibuka tseno tsoopedi.
MORAGO GA KOLOBETSO
Jesu o ne a bolela gore re tshwanetse ra dira barutwa—re ba kolobetse mme re ba rute. (Math. 28:19, 20) Tiro e ntsi thata ya go ruta morutwa e dirwa morago ga kolobetso. Kitso eo motho a ka e bonang go tswa mo bukeng e le nngwe fela gantsi ga e a lekana go digela thapiso ya gagwe ya semoya. O santse a tlhoka go rutiwa mo go oketsegileng gore a tshwanelegele tiro ya bodihedi le go mo dira gore a nne a etleetsegetse go ka emelana le dikgatelelo tseo di tlelang bao ba direlang Jehofa mo malatsing ano a bofelo. Fa re palelwa ke go neela seithuti katiso eo e lekaneng seno se ka nna sa mo tlogela a sa ipaakanyetsa semoyeng go ka kgona go ikemela a le nosi. Morago ga gore motho yo mosha a kolobediwe, re tswelela re ntse re mo thusa gore a dire botswelelopele go sa kgathalesege gore a o feditse go ithuta dibuka di le pedi kana nnya. Buka ya ntlha eo a ithutang yone e mo tlhalogantsha dithuto tsa konokono. Buka ya bobedi e tlotla ka dinonofo tsa Bokeresete. Dibuka tseno e ka nna ya bo e le Tshelela Ruri le buka ya Go Utlwana mo Kobamelong kana Kagiso ya Boammaaruri. Fa dibuka tseno di se gone, tse dingwe tseo di nang le tshedimosetso eo e tshwanang le eo di ka nna tsa dirisiwa. Fa o tsweletsa thuto eno ya Bibela go fitlhelela buka ya bobedi e fediwa seno se neela thuto eo e utlwalang malebana le maikaelelo a ga Jehofa le ditekanyetso tsa gagwe tse di kwa godimo tsa Bokeresete le dipatlafalo tsa gagwe. Seno se thusa motho yo mosha yono gore a tlhaloganye seo se bolelwang ke melaometheo ya Bokeresete mme a nne a tsepame mo tumelong. (Bakol. 2:7) Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le go bega dithuto tsa go nna jalo, bona Letlole la Dipotso le le mo go Tirelo ya Rona ya Bogosi ya November 1987.
Gone ke boammaaruri gore morago ga kolobetso batho ba basha ba tshwanetse ba lebelelwa gore ba dire tswelopele semoyeng. (Baheb. 6:1-3) Gantsi ga go ko go tsaya sebaka se seleele go fetsa buka ya bobedi. Ka gone motho yo mosha yono o newa motheo o o tiileng.