Video e Ntšha! Kafa e Dirisiwang ka Gone
1 Malapa a Bethele a kwa United States le a kwa Canada a ne a e bona mo maitseboeng a Mantaga wa October 8, 1990, mme a ne a itumetse thata go itse gore a ne a tlile go e dirisa mo isagweng. Banyalani bangwe ba mo Bethele ba ne ba e bitsa gore ke “sengwe se se kgothatsang le se se itumedisang go di gaisa tsotlhe sa dilo tseo ba kileng ba tsamaya ba di bona.” Morago ga go lebelela video e ntšha eno e e tsayang metsotso e le 55 e e nang le setlhogo se se reng Jehovah’s Witnesses—The Organization Behind the Name, re ikutlwa gore le wena o tla ipedisiwa thata ke puo eno e e sedimosetsang le e e monate.
2 Video eno e bontsha phuthego ya batho ba ga Jehofa ba ba ineetseng bao ba diragatsang taolo ya ga Jesu ya go rera mafoko a a molemo a Bogosi mo lefatsheng lotlhe. (Math. 24: 14) Jaaka fa o tla bo o ntse o bogetse ditiro tseo di dirwang kwa Bethele ya Brooklyn le tseo di dirwang kwa Dipolaseng tsa Watchtower, o tla bona thulaganyo e e molemo ya tiro ya lefatshe ka bophara eo e dirwang ke Basupi ba ga Jehofa. O tla ela tlhoko gore video eno ke tetlokhopi e bile ga go a tshwanelwa ga itirelwa dikaelo tsa yone.
3 Lo tla itumelela go itse gore video eno e gone mono Afrika Borwa ka puo ya Seesemane fela. Ka gone, lo ka nna lwa simolola go tsenya diotoro tsa lona ka phuthego ya lona. Tlhwatlhwa ya baboledi ke R45 mme ya babulatsela yone R40. Babulatsela ga ba kitla ba amogela sekaelo sa mahala.
4 Morago ga go lebelela thulaganyo eno, ga go na pelaelo epe gore o tla simolola go akanya ka batho ba bangwe bao o tla batlang go e bona le bone Mme le fa go ntse jalo, e tla nna bo mang segolobogolo? E diretswe gore segolobogolo e bontshiwe mo dithutong tsa magae tsa Bibela koo go dirilweng kgatelopele e e molemo gone. Re go kgothaletsa gore o e lebelele le motho yo o ithutang nae, e re ka e tla neelana ka motheo wa dilo tseo o tla di tlotlang le ene mo isagweng. Fa o eletsa jalo, video eno e ka nna ya adimiwa motho yo go ithutiwang le ene gore a e bontshe ba bangwe, kana a ka nna a iponela sekaelo sa gagwe ka namana.
5 A o na le balosika bao ba sa dumelang? Ke ka ntlha yang fa o sa dire thulaganyo ya gore ba e bone? Seno se ka nna sa itshupa e le sone fela se se tlhokegang gore go tsosiwe motlotlo kaga phuthego ya rona le ka dilo tseo re di dumelang. Thulaganyo eno e tshwanetse gore segolobogolo e solegele basha molemo. Ka ntlha ya go bona basha ba bangwe ba le bantsi thata jaana ba ineela mo go tsweledisetseng pele dilo tse di amanang le Bogosi, ba ka nna ba tlhotlheletsega gore le bone ba gagamalele bodihedi jwa nako e e tletseng.
6 Re solofela gore video e ntšha eno e tla godisa kanaanelo eo batho ba le bantsi ba ba oketsegileng ba nang nayo mo phuthegong ya ga Jehofa le mo go seo e se fitlhelelang lefatshe ka bophara.