Rulaganya Gone Jaanong Gore o nne Gone kwa Kopanong ya Kgaolo ya 1991 ya “Batho Ba Ba Ratang Kgololesego”
1 Ka ntlha ya maemo a lefatshe gompieno, ga go gakgamatse go bo batho mo dinageng di le dintsi ba eletsa kgololesego e kgolwane go na le eo ba nang le yone. Mme kgololesego ya mmatota e ka bonwa kae? Jesu Keresete o ne a re: “Ha lo nna mo lehokuñ ya me, hoñ lo bo lo le barutwa ba me rure; Me lo tla itse boamarure, me boamarure bo tla lo golola.” (Yoh. 8:31, 32) Kgololesego eno ga se mofuta wa kgololesego e potlana eo batho ba solofelang go nna le yone fa ba gana mmusi mongwe wa sepolotiki kana mofuta mongwe wa puso ba batla o sele. Go na le moo, e tsenelela kwa go one modi wa mathata a setho. Seo Jesu a neng a bua ka ga sone e ne e le kgololesego go tswa mo botshwarweng jwa bokgoba jwa sebe. (Bona Yohane 8:24, 34-36.) Ka jalo, fa motho a fetoga morutwa wa boammaaruri wa ga Jesu Keresete, seno se felela ka gore go nne le phetogo e e bonalang mo botshelong jwa gagwe, eo e leng kgololesego.
2 KOPANO YA MALATSI A LE MARARO: Motseletsele wa Dikopano tsa Kgaolo tsa 1991 tsa “Batho Ba Ba Ratang Kgololesego” o tla simolola ka 10:20 a.m. ka Labotlhano, mme kopano e tla konela ka mo e ka nnang ka ura ya bonè ka Sontaga thapama. Mo thulaganyong nngwe le nngwe go tla neelwa tshedimosetso e e tlhophilweng sentle e e leng botlhokwa mo boitekanelong jwa semoya sa rona. Dikgang tse di farologaneng di tla gatelela kafa re ka bonang kgololesego eo go buiwang ka yone mo go Baroma 8:21 ka gone. Tshedimosetso e e tshikinyang maikutlo e tla bo e baakantswe le go neelwa ka dipolelo, dipontsho, dipotsolotso, le terama.
3 Ipolelele gore ga o kitla o bo o fosa tota lefa e le thulaganyo e le nngwe fela. Seno se ka nna sa tlhoka gore o itime dilo dingwe o bo o fetole thulaganyo ya gago. Go ka nna ga tlhokega gore o dire dithulaganyo tse di kgethegileng le mothapi wa gago. Ba bangwe e bile ba letla melemo mengwe ya madi gore e ba fete e le gore ba tle ba kgone go nna gone mo dithulaganyong tsotlhe. Eleruri Jehofa o tla segofatsa batho bao ba tla rapelelang kgang eno ka tlhoafalo mme ba dira boiteko jo bo tswang pelong jwa gore ba nne gone.—Luke 13:24.
4 TLA GO SA LE GALE: Basupi ba ga Jehofa ba itsege ka maiteko a bone a go leka go nna batho ba ba ikanyegang le ba ba bolokang nako. (Luke 16:10) Seno gape se botlhokwa fa o ya kwa kopanong ya kgaolo. Tla go sa le gale letsatsi lengwe le lengwe, mme o nne fa fatshe pele ga fa thulaganyo e simolola. Seno se tla tlhoka gore o nne le nako e e lekaneng gore o tlhokomele mabaka ao a tlhokang go tlhokomelwa, a a jaaka go emisa sepalangwa sa gago sentle le go bonela ba lelapa la gago manno.
5 Go nna gone kwa kopanong ya kgaolo go re fa tshono e e molemo ya gore re ipelele bokopano jo bo itumedisang. Mme go etela ditsala go fitlhela gare ga bosigo go ka kgoreletsa maiteko a rona a gore re fitlhe ka nako letsatsi le le latelang. Fa re simolola go ipaakanya nako e setse e ile re bo re tshwanelwa ke go itlhaganela mo mosong, seno se ka felela ka go tlhobaela le go khidiega mo gogolo. Go thibela seno, go molemo go baya nako e e siameng ya go robala. Ka go nna le thulaganyo eo lo e ngaparelang thata, go ka nna motlhofo gore botlhe ba kgone go bona boroko jo bo lekaneng bosigo mme ba bo ba iketleeditse go simolola go sa le gale letsatsi le le latelang. Seno se dira gore o tile go goroga fa thulaganyo e ntse e tsweletse, e leng selo se se itayang tsebe e bile se ka dira gore o tshwenye ba ba setseng ba ntse fa fatshe. Go goroga go sa le gale letsatsi lengwe le lengwe go tla dira gore o kgone go dumedisana le go tlotla le bakaulengwe ba gago le bokgaitsadi. Lorato lwa Bokeresete le go akanyetsa, mmogo le go tlotla Jehofa le dilo tsa semoya tseo a di neelang, go tshwanetse ga re tlhotlheletsa gore re dire ka moo re ka kgonang ka teng gore re goroge ka nako.
6 REETSA KA KELOTLHOKO: Go reetsa go raya go ela tlhoko tota ka mogopolo wa rona le ka pelo ya rona, ka ditsebe tsa rona le ka kgono ya rona ya go tlhaloganya. Re tlhoka gore re reetse mme re ‘utlwe lefoko la ga Jehofa.’ (Yer. 2:4) Mo go Isaia 55:2 Jehofa o ne a laela Iseraele a re: “Ntheetsañ ka [kelotlhoko, NW].” Lefoko “kelotlhoko” le tlhalosiwa e le “go dira o tlhomile mogopolo ka tlhoafalo.” Fa re nna re reeditse kwa kopanong, re tla nna tlhaga go “reetsa mme re utlwe kaelo e e oketsegileng.” (Dia. 1:5, NW) Go reetsa le go ithuta kwa kopanong ya kgaolo gantsi go tlhoka boiteko le go tlhoma mogopolo ka mo go oketsegileng go feta kwa Holong ya Bogosi. Ka ntlha yang? Re dula fa fatshe lobaka lo loleele, mme go na le dilo tse di oketsegileng tseo di ka re itayang tsebe ka ntlha ya palo e kgolo ya batho bao ba leng gone. Fa re sa ele tlhoko, re tla ithontsha melemo mme re palelwe ke go solegelwa molemo ka botlalo ke tlamelo ya semoya eo e neelwang. (1 Pet. 2:2) Go ka dirwa eng? Go kgatlhisa tota go lemoga gore batho ba le bantsi ba ba tlang kopanong ba ntse ba tlhagolela mokgwa o o mosola wa go kwala dintlha fa thulaganyo e ntse e tsweletse. Le mororo e tla re morago ga nako dingwe tsa dipolelo tse di tla neelwang kwa kopanong ya kgaolo di tlhage mo dikgatisong, tse dingwe ga di ne di tlhaga. Botlhe ba kgothalediwa gore ba itlhomele mokgele wa go kwala dintlha tse dikhutshwane kwa kopanong ya kgaolo ka gonne eno ke tsela e e molemo ya go boloka mogopolo wa gago o tsepame mo go seo go buiwang ka sone.
7 Ga go tlhokege gore dintlha di nne dintsi thata kana di tlhalose sengwe le sengwe. Gantsi polelwana e le nngwe fela kana di le pedi di lekane go tlhalosa ntlha nngwe ya konokono. Le eleng bana ba babotlana ba tla bona go le gontsi go tswa mo dipolelong mme ba thusege gore ba tlhome megopolo fa ba ka fiwa pampiri ya go kwalela le pene kana pensele gore ba tle ba kwale dintlha tsa sebui tsa konokono le ditemana tsa konokono kana megopolo e mesha eo e ka tswang e neelwa. Bagolwane ba fitlhela go le molemo go nna le dintlha tse di rulagantsweng sentle fa ba dira poeletso e e kgatlhang tota ya thulaganyo ya kopano mo Pokanong ya Tirelo eo e tla nnang gone morago ga kopano ya kgaolo. Gape, ba ka nna ba rata go dirisa bontsi jwa dintlha tse di neetsweng kwa kopanong fa ba ruta le fa ba dira tiro ya bodisa.
8 KOPANELANG MMOGO MO PINENG LE MO THAPELONG: Kobamelo ya rona e akaretsa go tlotla Jehofa ka go mo opelela dipako, fela jaaka Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba dira. (Mar. 14:26) Mafoko a ga Paulo a a mo go 1 Bakorintha 14:15 a a malebana le go opela a lebega a bontsha gore e ne e le karolo ya ka metlha ya kobamelo ya Bokeresete. (Bona gape le Tirelo ya Rona ya Bogosi ya February 1990, tsebe 4, le ya March 1991, tsebe 3.) Dikopano tsa kgaolo di re neela tshono e eleng ya mofuta wa yone fela ya gore re kopanele le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba le diketekete mo go bakeng Jehofa ka pina le thapelo. Le fa go ntse jalo, bangwe ba ile ba bontsha go tlhoka tlotlo mo dikarolong tse di botlhokwa tseno tsa kobamelo ya rona. Ba ne ba bontsha seno jang? Ka go fitlha kwa kopanong ka nako ya fa go opelwa pina e e simololang le thapelo kana morago ga tsone go sa tlhokege. Fa thulaganyo e konelwa, bangwe ba tswa mo ditilong tsa bone ka nako ya fa go opelwa kana pele ga fa go rapelwa. Ke ka sewelo fela go a bong go na le lebaka le le utlwalang la go dira jalo. Le fa go ntse jalo, a ke go bontsha tlotlo e e tshwanetseng tafole ya ga Jehofa le go e anaanela fa ba bangwe ba tlogela tshiamelo ya go opela le go rapela fela gore ba fitlhe ka bonako kwa dikoloing tsa bone kana ba ye go ja?—Math. 6:33.
9 Re tshwanetse go nna kelotlhoko gore fa re batla dilo tse di leng molemo mo go rona ka namana, re se ka ra letla boikutlo jwa lefatshe jwa go rata bokwapele kana mekgwa eo e seng ya bomodimo e e jaaka bogagapa le bopelotshetlha gore di kgoreletse kgatelopele ya rona ya semoya. Mo dingwageng tsa bosheng jaana, bontsi jwa bakaulengwe ba rona le bokgaitsadi ba kwa dinageng tsa Yuropa Botlhaba e ne ya re kgabagare ba kgona go ipelela kgololesego ya go opela le go rapela. Fela jaaka ba ile ba kgatlhiwa thata ke go kgona go opela le go rapela ba le bantsi, fela jalo e kete re ka bontsha moya wa go anaanela dilo tse di boitshepo gone jaanong mme re se ka ra tsaya ditshono tsa rona tsa go ka opela le go rapela mmogo motlhofo.
10 MAITSEO A RONA A BOKERESETE: Maitseo a rona a Bokeresete le tebego ya rona kwa dikopanong tsa kgaolo di ile tsa tswelela pele di re direla leina le lentle jaaka Basupi ba ga Jehofa. Seno se direga ka gonne re tlhoafetse mo kobamelong ya rona go Jehofa le ka gonne re sa lebe go nna gone kwa dikopanong jaaka go itlhabisa phefo fela. Fa re phuthega mmogo mo ditiragalong tse di ntseng jaana tse di kgethegileng, re tshwanetse ra boloka seriti sa rona sa Bokeresete le mogopolo wa rona o akantse ka dilo tsa semoya ka go itshwara jaaka badihedi ka metlha yotlhe.—1 Bakor. 10:31-33.
11 Fa re sa dire seno, re dira gore batho ba bangwe ba se ka ba itumela, le eleng go kgopisa ba basha. A re bontsha kanaanelo le go bua mafoko a kanaanelo le e leng fa re diretswe ditiro tse dipotlana tsa bopelonomi? Re tlhoka go lemoga gore go na le batho ba bangwe go re dikologa mme re bontshe tlotlo le go akanyetsa. Botlhe ba tshwanetse go lemoga gore fa thulaganyo e ntse e tsweletse, ke nako ya gore go reediwe, e seng go tsamayatsamaya kana go tlotla.—Dute. 31:12.
12 Karolo e nngwe eo mo go yone maitseo a rona a Bokeresete a ka galaletsang Jehofa Modimo ke kafa re dirisanang ka gone le bao ba re fileng boroko. Bophepa le go akanyetsa di tshwanetse tsa bontshiwa e seng fela mo kaparing ya rona le kafa re itsholang ka gone mme gape le mo tseleng eo re tshwarang dilwana tsa ba bangwe ka yone. A go na le lebaka lengwe la gore ntlo e e hirilweng e tlogelwe e tlhakatlhakane mme e se phepa? Go itshwara ka tsela e e bontshang go sa akanyetse go senya leina la rona le lentle. Mo dikopanong tse di tlang tsa kgaolo, rotlhe re tshwanetse ra ititaya sehuba gore re tla itshwara ka mokgwa o o tla dirang gore re “kgabisè thutō ea Modimo Moreboloki mo diloñ cotlhe.”—Tito 2:10.
13 GO BATSADI: Bana ba bannye le basha ba dingwaga tsa bolesome ba a lalediwa e bile go solofelwa gore ba nne gone mo Kopanong ya Kgaolo ya “Batho Ba Ba Ratang Kgololesego.” Kgololesego e e neelwang ke lefatshe e ka dira gore ba swe semoyeng, jaaka Adame a ile a latlhegelwa ke kgololesego eo e neng e neetswe setho kwa tshimologong. Phuthego e e lorato ya ga Jehofa e re file tsela e e tshwanetseng ya go akanya kaga kgang eno. Go a re kgothatsa go bona bana bao ba ithutileng go reetsa ka tlhoafalo kwa dipokanong tsotlhe tsa Bokeresete mme ba kgatlhegela thulaganyo ya kopano thata. (Pes. 148: 12, 13) Mme le fa go ntse jalo go ikaegile thata ka sekao le tlhokomelo eo e neelwang ke batsadi. Basha ba le bantsi ba ile ba thapisiwa sentle gore ba kwale dintlha. Fa e le gore ga o ise o rute bana ba gago gore ba ka tsaya dintlha jang, ke ka ntlha yang fa o sa dirise nako e e setseng pele ga kopano ya lona gore o dire jalo? Tota le e leng ba babotlana thata ba ka nna ba kgothalediwa gore ba kwale ditemana tse di tsopotsweng le mafoko a konokono a a amanang le tsone ao ba a utlwang a buiwa ke dibui. Batsadi ba bangwe ba rulaganyetsa gore ba boeletse dintlha tsa konokono go tswa mo thulaganyong ya letsatsi leo fa ba sena go boela kwa lefelong leo ba gorogetseng kwa go lone kana fa ba le mo tseleng ya bone ba ya kwa gae.
14 Gone ke boammaaruri, batsadi ba le bantsi ba lemoga gore bana ka tlholego fela ba rata go tshameka. Ga ba na boitemogelo mo botshelong, e bile ga ba ise ba gole. Ka jalo, ba tshwanetse go rutiwa gore ke leng ba tshwanetseng go reetsa ka tlhoafalo le gore ba tshwanetse go itshola jang kwa dipokanong. Seno se tla tlhoka gore batsadi ba bone ba ba tlhokomele sentle. Batsadi bangwe ba ile ba repisa letsogo mo ntlheng eno. Ka dinako tse dingwe, le mororo batsadi ba ka nna ba bo ba bontsha go tlotla Jehofa ka tshwanelo ka nako ya fa go rapelwa, bana ba bone ba a bo ba tshameka e bile ba itaya ba bangwe tsebe. Batsadi ba tshwanetse gore ba bo ba itse seo bana ba bone ba se dirang tota le e leng le fa go rapelwa. Gape, ke eng seo ba yang go se dira fa ba tlogela manno a bone fa thulaganyo e ntse e tsweletse? A bana ba lesiwa fela ba sa tlhokomelwa fa thulaganyo e ntse e tsweletse kana morago ga yone? (Dia. 29:15) Bana bangwe ba ile ba itshwara ka tsela e e bontshang go sa laiwa le boganana mme ba ile ba bo ba tlhokela bakaulengwe le bokgaitsadi ba bagolwane maitseo bao ba neng ba leka go ba gakolola ka tsela e e bonolo. Boganana le boitshwaro jo bo ntseng jalo jo bo sa tshwanelang Bakeresete gantsi bo a bo bo bakilwe ke go tlogelwa fela le go sa laiwa kwa gae. Kwantle ga pelaelo boemo jono bo tshwanetse go baakanngwa. Batsadi botlhe ba Bakeresete ba tshwanetse ba tlhokomela bana ba bone ka dinako tsotlhe jaaka fa ba ntse ba ba godisetsa “mo kotlhaoñ le mo taoñ ya Morèna.”—Baef. 6:4.
15 TIRISANOMMOGO YA GAGO E E FELETSENG E A ANAANELWA: Go ile ga dirwa dithulaganyo tse dintsi ga bo ga berekwa ka natla go tlhomamisa gore botlhe bao ba tlileng kopanong ba nne le manno, dibuka, dijo, le dipaakanyetso tse dingwe tse di lekanyeng. Go tlhomamisa gore dithulaganyo tseno di tla dira sentle, phuthego nngwe le nngwe e ile ya abelwa ka mo go kgethegileng gore e ye kwa kopanong e e rileng. Tirisanommogo ya gago e e feletseng e botlhokwa gore go se ka ga nna le batho ba le bantsintsi mo lefelong le le lengwe. Gone ke boammaaruri, go ka nna ga nna le maemo ao a dirang gore bangwe ba tshwanelwe ke gore ba ye kopanong kwa lefelong le lengwe. Le fa go ntse jalo, ba le bantsi ba tshwanetse go dira gore ba kgone go nna gone kwa kopanong e e kwa lefelong leo ba le abetsweng.—1 Bakor. 13:5; Bafil. 2:4.
16 Go kopiwa tirisanommogo ya gago e e feletseng mo kgannyeng ya go boloka manno. Tsweetswee gakologelwang gore MANNO A KA BOLOKELWA FELA BAO E LENG MALOKO A A GAUFI THATA A LELAPA LA GAGO LE BAPE FELA BAO BA KA NNANG BA BO BA TSAMAYA LE WENA KA KOLOI YA GAGO. Tsweetswee o se ka wa bolokela ba sele manno. Ka dinako tse dingwe, go bolokiwa ditilo tse di oketsegileng mme di sa bolokelwe ope tota. Seno ga se bontshe lorato e bile se tsietsa batlhokomedi le ba bangwe bao ba batlang manno a a se nang batho. Tumalanong le kgakololo eo Bibela e e neelang, re tshwanetse ra leka thata go bontsha go amega ka bakaulengwe mme re dirisane mmogo ka botlalo le thulaganyo e e dumeletsweng ya go boloka manno. Ga go ope yo o letliwang go nna le manno a a fetang ao a tlhokwang ke lelapa la gagwe le le gaufi kana bao a tsamayang le bone ka koloi.—2 Pet. 1:7.
17 Go boloka manno o a bolokela letsatsi le le latelang ga go letliwe. Le ka motlha ga go ne go direga gore lefapha lengwe la kopano le bulwe pele ga 7:00 a.m. le bulelwa ope fela kwantle ga badiri ba ba ithaopileng bao ba tla bong ba bereka pele ga nako eo. Ga go ope wa badiri bano yo o tla letliwang go boloka manno go fitlha morago ga 7:00 a.m., fa ba bangwe ba setse ba letliwa go tsena mo dikagong. Batlhokomedi ba tla bo ba le mo mafelong ao ba a abetsweng pele ga nako eo go tlhokomela gore ke eng se se dirwang, e le gore go tle go tilwe go robiwa ga dikaelo tse di neetsweng ke Mokgatlho tsa go boloka manno. Tsweetswee dirisanang mmogo ka botlalo le batlhokomedi jaaka ba diragatsa kabelo ya bone e le seo se tla solegelang botlhe bao ba leng gone molemo.
18 Go akantshiwa gore go sekasekwe mabaka sentle fa go tliwa ka dilwana tseo e leng tsa motho ka namana kwa lefelong la kopano. Mo nakong e e fetileng, bangwe ba ile ba tla ka mabotlolo a magolo thata a a tsholang metsi a le tsididi kana dilo tse dingwe tse dikgolo tseo di neng di ka se ka tsa bewa kafa tlase ga ditilo tsa bone. Di ne tsa bewa mo ditselaneng tse di fa gare ga ditilo kana mo godimo ga ditilo. Seno se ne sa dira gore ba bangwe ba se ka ba nna le manno, mme ka dinako tse dingwe seno se ne se thulana le melawana ya molelo le ya tshireletsego. Go tlhokega gore re bontshe go akanyetsa mo dikgannyeng tse di tshwanang le tseo.
19 Fela jaaka go ile ga dirwa ngogola, Mokgatlho o tla dira gore bao ba leng kwa kopanong ba kgone go bona dijo ka tlhwatlhwa e e kwa tlase. Abo tseno e le dipaakanyetso tse di molemo jang ne, e le tseo di dirang gore go nne motlhofo gore re kgone go solegelwa molemo ke thulaganyo le go e ipelela. Kwantle ga pelaelo thuso e e ntseng jalo eo re e neelwang ke phuthego ya Modimo e tla re tlhotlheletsa gore re supe tebogo ka go bontsha kanaanelo ka ditiro. (Dia. 11:25) Tsweetswee nna kelotlhoko gore o se ka wa dirisa dijo kana dipaakanyetso tse dingwe tsa kopano botlhaswa.
20 Eleruri, batho ba ga Jehofa ba anaanela go kgona go kopana mmogo mo mafelong a a siameng gore ba tle ba kgone go solegelwa molemo ke thulaganyo ya semoya eo e baakantsweng. Gape re anaanela ditirelo tse dintsi le dilo tseo di re solegelang molemo tseo di neelwang kwa dikokoanong tse di ntseng jalo. Mokgatlho o dira ka kelotlhoko e kgolo le go senya madi a mantsi, go dira dithulaganyo tsa gore go nne le manno a a lekaneng, go tsenya dibuelagodimo tse di tlhwatlhwakgolo, go nna le Lefapha la Tirelo ya Dijo le le molemo, mme go tshwarwa dithulaganyo tse dingwe di le mmalwa le ditirelo tse dingwe tse di dirang gore go nna gone kwa kopanong go ipedise go bo go lapolose semoyeng.
21 Ditshenyegelo tsa dilo tseno di duelelwa ke meneelo ya lona ya boithaopo le go ema nokeng tiro ya Mokgatlho ya lefatshe ka bophara. Ka ntlha ya madi a mantsi a a lopiwang ke mafelo a a farologaneng le dilo tse dingwe tse di tlhokegang, o ka nna wa rata go romela moneelo pele ga nako kwa motseng wa kopano eo phuthego ya lona e tla bong e ya kwa go yone. Fa o batla go kwala tšheke, o ka e kwala gore e duele “Watch Tower Convention.” E le go go thusa, mabokoso a meneelo a a tshwailweng sentle a tla bo a tlhomilwe go dikologa lefelo la kopano. Meneelo yotlhe e anaanelwa thata, e bile Mokgatlho o batla go lo leboga go sa le gale o lo lebogela go bo lo tshegetsa dilo tse di direlwang Bogosi ka bopelonamagadi le ka kutlwano ka tsela e e ntseng jaana. Motho mongwe o ne a bontsha gore o anaanela go bo go sa tlhomiwa selekanyo sa moneelo o motho a ka o ntshang: ‘Go a kgatlhisa tota go bona gore gotlhe go beilwe mo go rona—go beilwe mo botennyeng jwa kanaanelo ya rona. Ka jalo ka ntlha ya go leboga re ikutlwa re tlhotlheletsega go neela go feta kafa re tlholang re neela ka gone.’ Re tshepa gore botlhe ba tla lemoga maikarabelo a bone motho ka bongwe malebana le ditshenyegelo tseno mme ba tla dirisana mmogo ka botlalo mo go abeng go ya kafa maemo a bone a ba letlang ka gone.—Luke 6:38.
22 NNANG GONE KWA KOPANONG YA KGAOLO YA “BATHO BA BA RATANG KGOLOLESEGO”! Ka go nna gone kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Batho Ba Ba Ratang Kgololesego” le go tlhwaya tsebe ka kelotlhoko mo thulaganyong, re tla godisa tsela eo re anaanelang kgololesego eo re e bonang ka Keresete ka yone le tsela e e siameng eo kgololesego ya Bakeresete e tshwanetseng ya ipelelwa ka yone. Dira dithulaganyo gone jaanong gore o nne gone fa go opelwa pina e e simololang mme o nne gone mo dithulaganyong tsotlhe go fitlhelela thapelo e e konelang ka Sontaga thapama.
[Box on page 6]
Dikgakololo tsa Kopano ya Kgaolo
MAROBALO: Bontsi jwa baboledi ba tlile go itirela dithulaganyo tsa marobalo ka bobone. Le fa go ntse jalo, fa o batla gore barulaganyi ba kopano ba go batlele marobalo o ka kopa foromo ya Kopo ya Marobalo kwa go mokwaledi wa phuthego ka bonako. Bakwaledi ba diphuthego ba tshwanetse ba tlhomamisa gore ba romela diforomo tsa Kopo ya Marobalo kwa atereseng e e tshwanetseng ya kopano ka bonako.
DIKOLOTSANA TSA BANA: Mo mafelong a le mantsi, dikolotsana tsa bana di ka se ka tsa dirisiwa mo mafelong ao go tsenetsweng kopano ya batho ba bantsi gone. Melawana ya molelo e kganela gore di se ka tsa bewa mo mekgotheng, mo go fetwang gone, kana fa gare ga mela ya ditilo. E re ka bontsi jo bogolo jwa batho bo ka nna jwa dira gore go nniwe go kgotlhaganwe, dikolotsana tsa bana di ka nna kotsi e seng fela mo ngwaneng mme gape le mo go ope fela yo o ka di kgopang. Ka jalo tsweetswee lo se ka lwa tla le tsone kwa lefelong la kopano. Le fa go ntse jalo, ditulo tsa masea kana tseo di bofelelwang mo dikareng di a letlelelwa, e re ka tsone di ka kgona go gokelelwa mo ditulong go bapa le batsadi. Go ka anaanelwa thata fa lo ka dirisana mmogo mo kgannyeng eno.
KOLOBETSO: Ba ba yang go kolobediwa ba tshwanetse ba leka gore ba bo ba le mo mannong a bone mo dikarolong tseo di baakanyeditsweng seno pele ga fa thulaganyo e simolola ka Matlhatso mo mosong. Mongwe le mongwe yo o rulaganyetsang go kolobediwa o tshwanetse a tla le diaparo tse di tshwanetseng tsa go sapa le taulo. Fa sebui se sena go wetsa puo ya kolobetso le go rapela, modulasetulo wa karolo eo o tla neela ditaelo di se kae a di neela ba ba yang go kolobediwa mme a bo a bitsa pina. Fa go simololwa temana ya bofelo, batlhokomedi ba tla kaela ba ba yang go kolobediwa kwa lefelong la kolobetso, fa bareetsi ba bangwe botlhe ba feleletsa go opela pina. E re ka kolobetso eo e dirwang go nna letshwao la motho la go ineela e le kamano e e gaufi e bile e le ya motho ka namana fa gare ga motho yoo le Jehofa, ga go na paakanyetso epe ya se se fa se se bidiwang go pataganela go kolobediwa e leng moo bakolobediwa ba le babedi kana go feta moo ba tshwaraganang kana ba tshwaranang ka diatla fa ba kolobediwa. Ga go tlhokege gore ba ba yang go kolobediwa ba supe lekwalo le le tswang kwa bagolwaneng le le bolelang gore ba tshwanelegela go kolobediwa. Le gone bagolwane ba phuthego ga ba ne ba ntsha lenane la maina a bao ba tla kolobediwang.
TIRELO YA BOITHAOPO: Go tlhokega thuso ya baithaopi e le gore kopano ya kgaolo e tle e tsamaye ka thelelo. Tota le e leng le fa o ka se ka wa kgona go bereka lobaka lotlhe lwa kopano, tirelo ya gago e tla anaanelwa thata. Fa e le gore o ka kgona go thusa, tsweetswee ipege kwa Lefapheng la Tirelo ya Boithaopo fa o fitlha kwa kopanong. Bana bao ba leng kafa tlase ga dingwaga di le 16 le bone ba ka nna ba tsenya letsogo gore kopano e tle e atlege, mme go tlhokega gore ba bereke le motsadi kana le mogolo mongwe yo o nang le maikarabelo. Re kgothaletsa baithaopi botlhe gore ba tle ka nako kwa ditirong tse ba di abetsweng. Malebana le balebedi ba mafapha kana balebedi ba dikarolo dingwe tsa lefapha go botlhokwa thata gore ba ye kwa kabelong ya bone pele ga nako. Fa e ka re ka ntlha ya mabaka a a rileng ba diega, tsweetswee a ba itsise molebedi wa kopano.
DIPINA: E re ka go opela e le karolo ya kobamelo ya rona, re kgothaletsa botlhe gore ba ithute dipina tse di latelang tseo di tlileng go opelwa mo thulaganyong: 19, 34,172, 85,136, 117, 121, 13,155, 113,105, 215, 174, 10, 53, 191, 212. Re akantsha gore fa lo ithuta dipina tseno lo dirise dikhasete tsa Mokgatlho.
DINAKO TSA THULAGANYO: Ke tsela ya go bontsha botlhale e bile go bontsha kanaanelo fa re le mo ditulong tsa rona ka nako ya fa thulaganyo e simolola. E tla simolola ka 10:20 a.m. ka letsatsi la ntlha. Dira dithulaganyo tsa gore o dule go fitlhela dithulaganyo di konelwa. Pina e e tswalang le thapelo di tla nna ka 4:00 p.m. mo letsatsing la bofelo.
DIBETŠHE: Tsweetswee tsenya betšhe eno e segolobogolo e rulaganyeditsweng seno kwa kopanong le fa o ya kwa lefelong la kopano le fa o tswa kwa go lona. Gantsi e dira gore re kgone go neela bosupi jo bo molemo fa re ntse re le mo loetong. O tshwanetse wa bona dibetšhe tseno mo phuthegong ya lona e re ka di se kitla di nna gone kwa dikopanong.
POKANO YA BETHELE: Go tlile go nna le pokano ka letsatsi la bobedi ya baboledi bape ba ba ineetseng bao ba leng bogolo jwa dingwaga tse di fa gare ga 19 le 35 bao ba ka ratang go tsenela tirelo ya Bethele. Go tla dirwa dikitsiso kwa kopanong malebana le gore pokano eno e tla tshwarwa ka nako mang le gore e tla tshwarelwa kae.
ITSHUPO YA BABULATSELA: Babulatsela botlhe ba ka metlha le ba ba kgethegileng, balebedi ba ba etang, barongwa le bao ba leng mo tirelong ya Bethele ba tla tshwanelwa ke gore ba tle le karata ya bone ya “Pioneer Service Identification” (S-202) kwa kopanong. Bao ba nang le dikgwedi di le thataro ba le mo lenaneng ka nako ya kopano eno ya kgaolo e ba yang kwa go yone ba ka amogela dithekete tsa kopano tsa madi a a kana ka R20 fa ba tlhagisa karata ya bone. Tshwara karata eno ka kelotlhoko fela jaaka madi. Ga o ka ke wa newa e nngwe kwa kopanong. Babulatsela ba tla bona dibuka dipe mahala tse di golotsweng kana dibuka tse dingwe ka tlhwatlhwa ya babulatsela kwa phaphosing ya dibuka fela.
TLHAGISO: Go sa kgathalesege gore o emisa koloi ya gago kae, o tshwanetse wa e lotlela ka dinako tsotlhe mme o se ka wa tlogela sepe se bonala mo teng ga yone. Fa go kgonega, boloka dilo tsotlhe tsa gago di lotleletswe mo teng ga butu. Gape, itise mo magodung le mo go, bao ba tsenyang diatla mo dipateng, bao ba gogelwang ke go bona dikokoano tsa batho ba bantsi. Seno se akaretsa gore o se ka wa tlogela sepe sa botlhokwa se sa lebelelwa ke ope mo ditulong kwa kopanong. Tsweetswee itlhokomeleng.